Fetela kwa tshedimosetsong

Fa go Nna le Dikotsi Tsa Masetlapelo, Lorato lo re Tlhotlheletsa go Tsaya Kgato

Fa go Nna le Dikotsi Tsa Masetlapelo, Lorato lo re Tlhotlheletsa go Tsaya Kgato

Ka nako ya mathata, Basupi ba ga Jehofa ba thusa badumedi ka bone le batho ba bangwe. Ba dira jalo go bontsha lorato, e leng letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri.​—Johane 13:35.

Fa tlase fano go na le lenaane le lekhutshwane le le bontshang kafa batho ba ileng ba thusiwa ka gone mo dikgweding di le 12 tse di neng tsa wela mo bogareng jwa 2012. Lenaane leno ga le akaretse thuso ya semoya le kgothatso tse ka metlha re di nayang batho fa re dira tiro ya namolo. Bontsi jwa tiro ya namolo e rulaganngwa ke Dikomiti Tsa Namolo Tsa Dikotsi Tsa Masetlapelo tse di tlhomilweng ke diofisi tsa rona tsa makala. Mo godimo ga moo, ka metlha diphuthego tsa lefelo leo di ne di nna le seabe mo tirong eo.

Japane

Japane: Ka March 11, 2011, thoromo ya lefatshe e e neng ya baka tsunami e e amileng batho ba le diketekete e ne ya itaya bokone jwa Japane. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba aba madi a bone ka bopelotshweu, ba dirisa bokgoni jwa bone le dilwana tsa bone gore ba thuse mo tirong ya namolo. Leba bidio ya rona ya tiro ya namolo ya thoromo ya lefatshe kwa Japane.

Brazil: Merwalela, go gosomana ga mmu le go elela ga seretse se sentsi go ne ga bolaya batho ba le makgolokgolo. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba romela ditone di le 42 tsa dijo tse di sa senyegeng ka bonako, mabotlolo a le 20 000 a metsi, ditone di le 10 tsa diaparo le ditone di le 5 tsa dilwana tsa go phepafatsa mmogo le melemo le dilwana tse dingwe.

Congo (Brazzaville): Bomo e e neng ya runya e ne ya gosomanya matlo a le 4 a Basupi ba ga Jehofa mme ya senya matlo a le 28 a Basupi ba bangwe. Batho ba ba neng ba amilwe ke kotsi eno ya masetlapelo ba ne ba newa dijo le diaparo, mme Basupi ba lefelo leo ba ne ba naya malapa a a neng a amegile boroko.

Congo (Kinshasa): Batho ba ba neng ba tshwerwe ke bolwetse jwa kholera ba ne ba newa melemo. Batho ba ba neng ba amilwe ke merwalela e e bakilweng ke dipula tsa matlakadibe ba ne ba newa diaparo. Batho ba ba isitsweng kwa mafelong a a sireletsegileng ba ne ba newa melemo, peo gore ba jale le diaparo tse dintsi.

Venezuela: Dipula tse dikgolo di ne tsa baka merwalela le go elela ga seretse se sentsi. Dikomiti tsa namolo di thusitse Basupi ba ka nna 288 ba ba amilweng ke merwalela eo. Go ne ga agiwa matlo a masha a a fetang 50. Gape dikomiti tsa namolo di thusitse batho ba matlo a bone a neng a tloga a gogolwa ke metsi a a neng a oketsega a Lake Valencia.

Philippines

Philippines: Setsokotsane se ne sa baka merwalela mo karolong nngwe ya naga. Lekala le ne la romelela batho ba ba amegileng dijo le diaparo, mme fa metsi a sena go fokotsega, Basupi ba lefelo leo ba ne ba thusa ka go phepafatsa.

Canada: Morago ga gore dikgwa tsa kwa Alberta di lailwe ke molelo, Phuthego ya Slave Lake e ne ya amogela meneelo e mentsi go tswa mo Basuping ba lefelo leno e e neng e tla thusa mo tirong ya go phepafatsa. E re ka go sa dirisiwa madi otlhe, phuthego e ne ya ntsha halofo ya madi a e neng e a neilwe gore a thuse batho ba ba amilweng ke dikotsi tsa masetlapelo kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.

Côte d’Ivoire: Pele ga ntwa, ka nako ya ntwa le morago ga yone, batho ba ba neng ba tlhoka thuso ba ne ba newa dilwana, bonno le melemo.

Fiji: Merwalela e e neng e bakilwe ke dipula tse dikgolo e ne ya dira gore bontsi jwa malapa a Basupi a le 192 a senyegelwe ke masimo a a ba thusang go bona dijo le lotseno. Ba ne ba newa dijo.

Ghana: Batho ba ba nnang kwa kgaolong e e kwa botlhaba jwa naga eno ba ba amilweng ke morwalela ba ne ba newa dijo, peo ba bo ba agelwa matlo a mangwe.

United States: Kgwanyape e ne ya senya matlo a le 66 a Basupi ba ba nnang mo dikgaolong tse tharo tsa naga eno ya bo ya gosomanya matlo a le 12 a Basupi. Le fa bontsi jwa batho bano ba ne ba na le diinshorense, go ne ga ntshiwa meneelo ya go thusa mo tirong eno ya namolo.

Argentina: Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa thusa batho ba ba kwa borwa jwa naga ba matlo a bone a sentsweng ke seretse sa lekgwamolelo.

Mozambique: Batho ba ba fetang 1 000 ba ba neng ba amilwe ke leuba ba ne ba newa dijo.

Nigeria: Basupi ba le 24 ba ba neng ba gobala mo kotsi e kgolo ya bese ba ne ba thusiwa ka madi. Batho ba bangwe ba bantsi ba ba nnang kwa bokone jwa naga ba ba latlhegetsweng ke magae ka ntlha ya dikgotlhang tse di bakilweng ke setso le bodumedi le bone ba ne ba thusiwa.

Benin: Batho ba ba neng ba amilwe ke merwalela ba ne ba newa melemo, diaparo, dinnete tsa menang le metsi a a phepa.

Dominican Republic

Dominican Republic: Morago ga Kgwanyape e e bidiwang Irene, diphuthego tsa lefelo leno di ne tsa thusa ka madi le go baakanya matlo.

Ethiopia: Go ne ga ntshiwa madi go thusa batho ba ba nnang kwa mafelong a mabedi a a neng a amilwe ke leuba le kwa lefelong le le lengwe le le neng le amilwe ke morwalela.

Kenya: Batho ba ba neng ba amilwe ke leuba ba ne ba thusiwa ka madi.

Malawi: Batho ba ba nnang kwa kampeng ya batshabi ya Dzaleka ba ne ba thusiwa ka se ba se tlhokang.

Nepal: Go gosomana ga mmu go ne ga senya ntlo ya mosadi mongwe wa Mosupi. O ne a agelwa legae la nakwana e bile phuthego ya lefelo leo e ne ya mo thusa.

Papua New Guinea: Batho bangwe ba ne ba ja matlo a Basupi ba le robedi ka molelo. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore ba agelwe matlo gape.

Romania: Basupi bangwe ba ne ba senyegelwa ke matlo a bone ka ntlha ya morwalela. Ba ne ba thusiwa go aga matlo ao gape.

Mali: Bangwe ba batho ba ba neng ba tlhoka dijo ka ntlha ya leuba ba ne ba thusiwa ka madi a a tswang kwa nageng e e gaufi ya Senegal.

Sierra Leone: Dingaka tsa Basupi tse di tswang kwa Fora di ne tsa thusa Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang kwa lefelong le le kgautlantsweng ke ntwa.

Thailand: Merwalela e bakile tshenyo e e seng kana ka sepe mo dikgaolong di le mmalwa. Ditlhopha tsa namolo di baakantse le go phepafatsa matlo a le 100 le Diholo Tsa Bogosi di le 6.

Czech Republic: Fa merwalela e sena go senya matlo a le mmalwa kwa Czech Republic, Basupi ba naga e e gaufi ya Slovakia ba ne ba thusa mo tirong ya namolo.

Sri Lanka: Bontsi jwa tiro ya namolo e e dirwang ka ntlha ya tshenyo e e bakilweng ke tsunami e setse e weditswe.

Sudan: Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba dule mo nageng eno ka ntlha ya dintwa ba ne ba romelelwa dijo, diaparo, ditlhako le dipolasetiki tse dikgolo.

Tanzania: Malapa a le 14 a ne a senyegelwa ke dilwana tsa one ka nako ya morwalela. Diphuthego tsa mo lefelong leo di ile tsa neela ka diaparo le dilwana tsa mo ntlong. Ntlo e le nngwe e ne ya agiwa gape.

Zimbabwe: Leuba le ne la tlhasela lefelo lengwe mo nageng eno. Batho ba ba amilweng ke leuba ba ne ba newa dijo le madi.

Burundi: Batshabi ba ile ba thusiwa ka dilwana tsa namolo go akaretsa le melemo.