A Jesu ke Ene a Diragaditseng Boporofeti jo bo Buang ka Mesia?
Karabo ya Baebele
Ee. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a diragatsa boporofeti bo le bontsi jo bo neng bo bua ka “Mesia, Moeteledipele” yo o neng a tlile go nna “Mmoloki wa lefatshe.” (Daniele 9:25; 1 Johane 4:14) Tota le fa a sena go swa, o ile a tswelela a diragatsa boporofeti jo bo neng bo bua ka Mesia.—Pesalema 110:1; Ditiro 2:34-36.
Lefoko “Mesia” le kayang?
Lefoko la Sehebera Ma·shiʹach (Mesia) le la Segerika Khri·stos (Keresete) le kaya “Yo o Tloditsweng.” Ka jalo, lefoko “Jesu Keresete” le kaya “Jesu Yo o Tloditsweng” kgotsa “Jesu Mesia.”
Mo Baebeleng, gantsi fa motho a tlodiwa, o ne a tshelwa oli mo tlhogong go bontsha gore o tlhophilwe go dira maikarabelo a a kgethegileng. (Lefitiko 8:12; 1 Samuele 16:13) Modimo ke ene a neileng Jesu maikarabelo a magolo a go nna Mesia. (Ditiro 2:36) Mme Modimo ga a ka a mo tlotsa ka oli, o ile a mo tlotsa ka moya o o boitshepo.—Mathaio 3:16.
A go ka direga gore go na le batho ba le mmalwa ba ba ileng ba diragatsa boporofeti jo bo buang ka Mesia?
Nnyaa. Fela jaaka di-fingerprint tsa batho di sa tshwane, boporofeti jo bo buang ka Mesia bo ne bo bua ka motho a le mongwe fela. Ke ka moo Baebele e re tlhagisang gore “go tla tsoga bo Keresete ba maaka le baporofeti ba maaka mme ba tla dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso gore ba tsietse, fa go kgonega, le eleng ba ba tlhophilweng.”—Mathaio 24:24.
A go ka direga gore Mesia a tlhage mo nakong e e tlang?
Nnyaa. Baebele e ile ya porofeta gore Mesia o ne a tla tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide wa Iseraele. (Pesalema 89:3, 4) Mme go bonala direkoto tsa losika lwa ga Dafide di ile tsa latlhega ka nako ya fa Baroma ba ne ba fenya Jerusalema ka ngwaga wa 70. a Ka jalo, ga go na ope yo o ka reng o na le bosupi jwa gore ene ke wa losika lwa ga Dafide. Mme direkoto tseo di ne di le gone ka nako ya ga Jesu, ke ka moo baba ba gagwe ba neng ba se na bothata fa a ne a ba bolelela gore ke wa losika lwa ga Dafide.—Mathaio 22:41-46.
Boporofeti jo bo buang ka Mesia bo tlhaga makgetlo a makae mo Baebeleng?
Ga re itse gore boporofeti jo bo buang ka Mesia bo tlhaga makgetlo a makae mo Baebeleng ka gonne ga re bo bale ka go tshwana. Ka sekai, fa o tsaya Isaia 53:2-7, batho bangwe ba ka re boporofeti jo bo buang ka Mesia bo tlhaga makgetlo a le marataro mme ba bangwe ba ka tsaya ditemana tseno tsotlhe ba bo ba re boporofeti jo bo buang ka Mesia bo tlhaga gangwe fela le fa ditemana di le mmalwa.
Boporofeti jo bo buang ka Mesia jo Jesu a ileng a bo diragatsa
Boporofeti |
Bo tlhaga mo |
Bo diragaditswe mo |
---|---|---|
O tswa mo losikeng lwa ga Aborahame |
||
O tswa mo losikeng lwa morwa Aborahame e bong Isake |
||
O tsholetswe mo lotsong lwa Iseraele lwa Juda |
||
O tswa mo losikeng lwa segosi lwa ga Kgosi Dafide |
||
O tshotswe ke lekgarebane |
||
O tsholetswe kwa Bethelehema |
||
O ne a bidiwa Imanuele b |
||
O tsholetswe mo lehumeng |
||
Masea a ile a bolawa fa Mesia a sena go tsholwa |
||
O bidiwa go tswa kwa Egepeto |
||
O bidiwa Monasaretha c |
||
Go tlile morongwa pele ga gagwe |
||
O ile a tlhophiwa go nna Mesia ka ngwaga wa 29 d |
||
Modimo o mmitsa Morwawe |
||
O ne a rata ntlo ya Modimo |
||
O ne a rera dikgang tse di molemo |
||
Bodiredi jwa gagwe bo bonesa lesedi kwa Galalea |
||
O ne a dira dikgakgamatso jaaka Moshe |
||
Jaaka Moshe, o ne a bua se Modimo a mo laetseng sone |
||
O ne a fodisa batho ba bantsi |
||
Ga a ka a ikgalaletsa |
||
O ne a utlwela batho ba maemo a a kwa tlase botlhoko |
||
O ne a bontsha gore Modimo o rata tshiamiso |
||
E ne e le mogakolodi yo o molemo |
||
O ne a itsise batho leina la ga Jehofa |
||
O ne a ruta ka ditshwantsho |
||
E ne e le moeteledipele |
||
Ba bantsi ba ne ba sa mo dumele |
||
E ne e le leje le le kgopisang |
||
Batho ba ne ba sa mo amogele |
||
O ile a tlhoiwa ntle le lebaka |
||
O tsene mo Jerusalema a palame esele |
||
O ile a galalediwa ke bana |
||
O ne a tla ka leina la ga Jehofa |
||
O okilwe ke motho yo a neng a mo tshepa |
||
O okilwe ka dipapetlana tsa selefera di le 30 e |
||
Ditsala tsa gagwe di a mo tlogela |
||
Batho ba ntsha bosupi jwa maaka ka ene |
||
Ga a arabe balatofatsi ba gagwe |
||
O kgwelwa mathe |
||
O itewa mo tlhogong |
||
O a kgwathisiwa |
||
Ga a ka a thiba fa a itewa |
||
Baeteledipele ba puso ba mo latofatsa ka maaka |
||
Diatla le maoto a gagwe a kokotelwa mo koteng |
||
Ba tshela bola go bona gore ke mang yo o tla tsayang seaparo sa gagwe |
||
O bolawa le baleofi |
||
O ile a tlhapadiwa |
||
O ile a bogisetswa baleofi |
||
Go ne go bonala e kete Modimo o mo tlogetse |
||
O ile a newa santlhokwe gore a e nwe |
||
O ile a tshwarwa ke lenyora pele a tlhokafala |
||
O ile a neela Modimo moya wa gagwe |
||
O ile a swela batho |
||
O ile a intsha setlhabelo go tlosa boleo |
||
Marapo a gagwe ga a ka a robiwa |
||
O ile a tlhabiwa ka lerumo |
||
O fitlhilwe le bahumi |
||
O ile a tsosiwa mo baswing |
||
Go ile ga tlhophiwa moaposetoloi yo mongwe |
||
O ntse mo seatleng sa moja sa Modimod |
a Buka ya ga McClintock le Strong ya re: “Ga go na ope yo o ka belaelang gore direkoto tsa masika a Bajuda di ile tsa latlhega ka nako ya fa Jerusalema e ne e senngwa e seng pele ga moo.”
b Leina leno ka Sehebera le kaya “Modimo O na Le Rona,” mme le tlhalosa seabe sa ga Jesu sentle. Go tla ga gagwe mo lefatsheng le dilo tse a neng a di dira di ne di bontsha gore Modimo o ne a na le baobamedi ba Gagwe.—Luke 2:27-32; 7:12-16.
c Go bonala lefoko “Monasaretha” le tswa mo lefokong la Sehebera neʹtser le le kayang “letlhogela.”
d Go bona tshedimosetso e e tlhalosang gore Mesia o ile a tlhaga ka ngwaga wa 29, bala setlhogo se se reng “Kafa Boporofeti Jwa ga Daniele bo Bolelelang Pele ka Gone go Goroga ga ga Mesia.”
e Boporofeti jono bo tlhaga mo bukeng ya Sekarea mme Mathaio ene a re bo builwe ke “Jeremia moporofeti.” (Mathaio 27:9) Go bonala ka dinako tse dingwe buka ya Jeremia e ne e beilwe gore e tlhage ya ntlha mo dibukeng tse di neng di bidiwa dibuka tsa ‘Baporofeti.’ (Luke 24:44) Ka jalo, Mathaio a ka tswa a ne a umaka “Jeremia” mme gone a bua ka dibuka tsotlhe tse di mo lenaaneng leo go akaretsa le buka ya Sekarea.