Fetela kwa tshedimosetsong

“Dilotlolo Tsa Bogosi” ke Eng?

“Dilotlolo Tsa Bogosi” ke Eng?

Karabo ya Baebele

 “Dilotlolo tsa bogosi” di emela tetla ya go naya batho tshiamelo ya go “tsena mo Bogosing jwa Modimo.” (Mathaio 16:19; Ditiro 14:22) a Jesu o ile a naya Petere “dilotlolo tsa Bogosi jwa magodimo.” Seno se raya gore Petere o ne a neilwe taolo ya go senola tshedimosetso ya kafa batho ba ba ikanyegang ba ka newang moya o o boitshepo ka gone gore ba nne le tshiamelo ya go tsena mo Bogosing jwa magodimo.

Dilotlolo tseo di ile tsa dirisiwa mo go bomang?

 Petere o ile a dirisa taolo e Modimo a mo neileng yone go naya batho ba ditlhopha tse tharo tshiamelo ya go tsena mo Bogosing jwa magodimo:

  1.   Bajuda le batho ba ba sokologetseng mo Sejudeng. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, Petere o ne a rotloetsa Bakeresete ba Bajuda gore ba amogele Jesu ka e le ene yo Modimo a mo tlhophileng go busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Petere o ne a ba bolelela se ba tshwanetseng go se dira gore ba bolokwe. Fa a ne a dira jalo, o ne a ba bulela tsela ya go tsena mo Bogosing, mme bontsi jwa bone ba ile ba “amogela lefoko la gagwe.”—Ditiro 2:38-41.

  2.   Basamarea. Morago ga moo, Petere o ne a romelwa kwa Basamareeng. b O ne a dirisa selotlolo sa Bogosi fa ene le moaposetoloi Johane ba ne ba ‘rapelela Basamarea gore ba amogele moya o o boitshepo.’ (Ditiro 8:14-17) Seno se ne sa bulela Basamarea kgoro ya gore ba tsene mo Bogosing.

  3.   Batho ba ditšhaba tse dingwe. Dingwaga di le tharo le halofo fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, Modimo o ne a bolelela Petere gore batho ba ditšhaba le bone ba ne ba na le tshono ya go tsena mo Bogosing. Petere o ne a dirisa selotlolo se sengwe go rerela batho bao, ka go dira jalo, a ba bulela tsela ya go amogela moya o o boitshepo, ya go nna Bakeresete le ya gore ba kgone go tsena mo Bogosing.—Ditiro 10:30-35, 44, 45.

Go “tsena mo Bogosing” go kaya eng?

 Batho ba ba ‘tsenang mo Bogosing’ ba tlile go busa le Jesu kwa legodimong. Baebele ya re ba tla ‘nna mo ditulong tsa bogosi’ le go “busa lefatshe e le dikgosi.”—Luke 22:29, 30; Tshenolo 5:9, 10.

Dikgopolo tse di seng boammaaruri ka dilotlolo tsa Bogosi

 Kgopolo e e phoso: Petere ke ene a dirang tshwetso ya gore ke mang a yang kwa legodimong.

 Boammaaruri: Baebele ya re Keresete Jesu ke ene a ‘atlholang batshedi le baswi’ e seng Petere. (2 Timotheo 4:1, 8; Johane 5:22) Tota e bile Petere o ne a re Jesu “ke Ene yo Modimo a neng a mo naya taelo ya go nna moatlhodi wa batshedi le baswi.”—Ditiro 10:34, 42.

 Kgopolo e e phoso: Magodimo a ile a leta gore Petere e nne ene a dirang tshwetso ya gore o tla dirisa leng dilotlolo tsa Bogosi.

 Boammaaruri: Fa Jesu a ne a bua ka dilotlolo tsa Bogosi, o ne a raya Petere a re: “Le fa e le eng se o ka se bofang mo lefatsheng e tla nna selo se se bofilweng kwa magodimong, mme le fa e le eng se o ka se bofololang mo lefatsheng e tla nna selo se se bofolotsweng kwa magodimong.” (Mathaio 16:19) Le fa batho bangwe ba akanya gore mafoko ano a bontsha gore magodimo a letela Petere gore a dire ditshwetso, go ya ka Segerika sa bogologolo, Petere ke ene a letelang ditshwetso tse di tswang kwa magodimong. c

 Baebele e tlhalosa gore Petere o ne a tsaya ditaelo go tswa kwa legodimong fa a ne a dirisa dilotlolo tsa Bogosi. Ka sekai, o ne a latela ditaelo tsa Modimo fa a ne a dirisa selotlolo sa boraro.—Ditiro 10:19, 20.

a Ka dinako tse dingwe Baebele e dirisa lefoko “selotlolo” fa e bua ka taolo le maikarabelo.—Isaia 22:20-22; Tshenolo 3:7, 8.

b Bodumedi jwa Basamarea bo ne bo farologane le jwa Bajuda mme ba ne ba ruta e bile ba dira dilo dingwe tse di neng di tsamaisana le Molao o Modimo a neng a o neile Moshe.

c Bona dintlha tsa Mathaio 16:19 tse di mo Study Edition ya Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Seesemane.