Efangele ya ga Mathaio 1:1-25

  • Tatelano ya losika lwa ga Jesu (1-17)

  • Se se diragetseng pele Jesu a tsholwa (18-25)

1  Buka e e buang ka botshelo jwa* ga Jesu Keresete,* morwa Dafide,+ morwa Aborahame:+   Aborahame o ne a nna rraagwe Isake;+Isake o ne a nna rraagwe Jakobe;+Jakobe o ne a nna rraagwe Juda+ le bomorwarraagwe;   Juda o ne a nna rraagwe Perese le Sera+ ka Tamare;Perese o ne a nna rraagwe Heserone;+Heserone o ne a nna rraagwe Rame;+   Rame o ne a nna rraagwe Aminadabe;Aminadabe o ne a nna rraagwe Nashone;+Nashone o ne a nna rraagwe Salamone;   Salamone o ne a nna rraagwe Boase ka Rahabe;+Boase o ne a nna rraagwe Obede ka Ruthe;+Obede o ne a nna rraagwe Jese;+   Jese o ne a nna rraagwe Kgosi Dafide.+ Dafide o ne a nna rraagwe Solomone+ ka mosadi wa ga Uria;   Solomone o ne a nna rraagwe Rehoboame;+Rehoboame o ne a nna rraagwe Abija;Abija o ne a nna rraagwe Asa;+   Asa o ne a nna rraagwe Jehoshafate;+Jehoshafate o ne a nna rraagwe Jehorame;+Jehorame o ne a nna rraagwe Usia;   Usia o ne a nna rraagwe Jothame;+Jothame o ne a nna rraagwe Ahase;+Ahase o ne a nna rraagwe Hesekia;+ 10  Hesekia o ne a nna rraagwe Manase;+Manase o ne a nna rraagwe Amone;+Amone o ne a nna rraagwe Josia;+ 11  Josia+ o ne a nna rraagwe Jekonia+ le bomorwarraagwe ka nako ya fa Bajuda ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona.+ 12  Fa ba le kwa Babelona, Jekonia o ne a nna rraagwe Shealatiele;Shealatiele o ne a nna rraagwe Serubabele;+ 13  Serubabele o ne a nna rraagwe Abiude;Abiude o ne a nna rraagwe Eliakime;Eliakime o ne a nna rraagwe Asore; 14  Asore o ne a nna rraagwe Sadoke;Sadoke o ne a nna rraagwe Akime;Akime o ne a nna rraagwe Eliude; 15  Eliude o ne a nna rraagwe Eliasare;Eliasare o ne a nna rraagwe Mathane;Mathane o ne a nna rraagwe Jakobe; 16  Jakobe o ne a nna rraagwe Josefa monna wa ga Marea, yo o neng a tshola Jesu,+ yo o bidiwang Keresete.+ 17  Ka jalo, dikokomana tsotlhe go simologa ka Aborahame go fitlha ka Dafide e ne e le dikokomana di le 14; go simologa ka Dafide go fitlha ka nako ya fa Bajuda ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona e ne e le dikokomana di le 14; go simologa ka nako ya fa ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona go fitlha ka nako ya ga Keresete e ne e le dikokomana di le 14. 18  Seno ke se se diragetseng pele Jesu Keresete a tsholwa: Mo nakong ya fa mmaagwe e bong Marea a ne a solofeditswe lenyalo ke Josefa, moya o o boitshepo*+ o ne wa dira gore a ime pele ga ba nyalana. 19  Le fa go ntse jalo, e re ka monna wa gagwe e bong Josefa a ne a siame e bile a sa batle go mo tlhabisa ditlhong, o ne a ikaelela go mo tlhala mo sephiring.+ 20  Mme gone, fa a sena go akanya thata ka dilo tseno, moengele wa ga Jehofa* o ne a iponatsa kwa go ene mo torong a re: “Josefa, morwa Dafide, o se ka wa tshaba go isa mosadi wa gago e bong Marea kwa gae, ka gonne moya o o boitshepo ke one o dirileng gore a ime.+ 21  Mosadi yono o tla tshola ngwana wa mosimane, mme wena o mmitse Jesu,*+ ka gonne o tla golola batho ba gagabo mo maleong a bone.”+ 22  Tota dilo tseno tsotlhe di ne tsa diragala e le go diragatsa se Jehofa* a neng a se buile ka moporofeti wa gagwe, a re: 23  “Kgarebane e tla ima mme e tla tshola ngwana wa mosimane, mme ba tla mmitsa Imanuele.”+ Leina leno fa le ranolwa le kaya, “Modimo O na Le Rona.”+ 24  Foo Josefa o ne a tsoga mo borokong mme a dira jaaka moengele wa ga Jehofa* a mo laetse, mme o ne a isa mosadi wa gagwe kwa gae. 25  Le fa go ntse jalo, ga a ka a tlhakanela dikobo le ene go fitlha a tshola ngwana yoo wa mosimane,+ mme o ne a mmitsa Jesu.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Mesia; Motlodiwa.”
Kgotsa “ka tatelano ya losika lwa.”
Kgotsa “maatla a Modimo.”
Leno ke lekgetlo la ntlha mo go a le 237 mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika mo leina la Modimo, e bong Jehofa, le tlhagelelang gone mo thanolong eno. Bona Dintlha A5.
Leina leno le tsamaisana le leina la Sehebera e bong Jeshua (kgotsa Jehoshua fa le feletse), le le kayang “Jehofa ke Poloko.”