A ke Lekgoba la Metswedi ya Tshedimosetso ya Eleketeroniki?
Kgaolo 36
A ke Lekgoba la Metswedi ya Tshedimosetso ya Eleketeroniki?
“Ga go na selo se ke se ratang jaaka go kwala melaetsa ka founo! Ke akanya gore ke selo se se molemo go gaisa. Tota o ka nna wa re ga nka ke ka kgona go tshela ke sa go dire.”—Alan.
FA BATSADI ba gago ba ne ba le mo dingwageng tsa bone tsa bolesome, thelebishene le radio e ne e le tsone fela metswedi ya tshedimosetso ya eleketeroniki e e neng e le teng. Ka nako eo, difouno e ne e le didirisiwa tse di sa raraanang—di ne di fetisa mantswe fela mme di ne di tshwanetse go gokelelwa mo loboteng. A seno se utlwala se siilwe ke nako? Mosetsana mongwe yo o bidiwang Anna, a ka nna a bolela jalo. A re: “Batsadi ba me ba godile ka dinako tse go neng go se na didirisiwa tsa segompieno tsa eleketeroniki, tse di jaaka difouno tsa
selula. Ke gone ba lekang go ithuta go dirisa dilo dingwe tse di mo difounong tsa bone tsa selula!”Gompieno o kgona go araba founo, go reetsa mmino, go lebelela thulaganyo nngwe, go tshameka motshameko mongwe, go romelela ditsala tsa gago melaetsa ka e-mail, go tsaya setshwantsho le go dirisa Internet—tseno tsotlhe mo sedirisiweng se le sengwe se o ka kgonang go se tsenya mo pateng. E re ka o golela mo dikhomputareng, difouno tsa selula, thelebishene le Internet, o ka nna wa akanya gore ga go na sepe se se phoso fa o di dirisa ka dinako tsotlhe. Le fa go ntse jalo, batsadi ba gago ba ka nna ba akanya gore o lekgoba la dilo tseno. Fa ba tshwenyega ka seo, o se ka wa ba itlhokomolosa o akanya gore ba dirwa ke gore ga ba tlhaloganye. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene.”—Diane 18:13.
A o kile wa ipotsa gore ke eng se se ka tswang se dira gore batsadi ba gago ba tshwenyege? Dirisa dintlha tse di latelang go itlhatlhoba, o bone gore a o na le matshwao a a bontshang gore o lekgoba la metswedi ya tshedimosetso ya eleketeroniki.
Itlhatlhobe—‘A ke Lekgoba?’
Buka nngwe ya tshedimosetso e tlhalosa lekgoba e le “mokgwa o o feteletseng wa go boaboeletsa boitshwaro bongwe, o motho a sa kgoneng kgotsa a sa batleng go o tlogela, go sa kgathalesege ditlamorago tsa one tse di kotsi.” Fa tlase fano, ela tlhoko dikarolo tse di farologaneng tsa tlhaloso eno. Bala mafoko a a nopotsweng mme o itlhatlhobe gore a o kile wa bua kgotsa wa dira sengwe se se tshwanang. Go tswa foo, o kwale dikarabo tsa gago.
Boitshwaro jo bo sa laolesegeng. “Ke ne ke kgona go fetsa diura tse dintsintsi ke tshameka metshameko ya eleketeroniki. Ke ne ke sa kgone le go robala e bile e ne e le yone kgangkgolo fa ke tlotla le ba bangwe. Ke ne ke itlhaotse mo go ba lelapa la gaetsho, mme ke ipona ke
le mo lefatsheng la ditoro le le bontshiwang mo metshamekong eno.”—Andrew.Go ya ka wena, o tshwanetse go dirisa nako e e kana kang ka letsatsi mo metsweding ya tshedimosetso ya eleketeroniki? ․․․․․
Batsadi ba gago bone ba akanya gore o tshwanetse go dirisa nako e e kana kang? ․․․․․
O dirisa nako e kana kang ka letsatsi o romela melaetsa ka founo, o lebeletse thelebishene, o tsaya ditshwantsho le go kwala dikakgelo dingwe mo Internet, o tshameka metshameko ya eleketeroniki jalo le jalo? ․․․․․
Fa o sena go lebelela dikarabo tse o di kwadileng fa godimo, a o ka re o dirisa metswedi ya tshedimosetso ya eleketeroniki ka tsela e e feteletseng?
□ Ee □ Nnyaa
Go sa kgone kgotsa go sa batle go tlogela. “Batsadi ba me ba bona ka metlha ke nnetse go kwala melaetsa ka founo mme ba re ke dira seno ka tsela e e feteletseng. Mme fa ke ipapisa le bana ba bangwe ba ke lekanang le bone, se ke se dirang ga se sepe gotlhelele. Gone fa ke ipapisa le batsadi ba me, ke kwala melaetsa go ba feta. Mme gone seo se tshwana le go bapisa diapole le dinamune—ba na le dingwaga tse 40, nna ke na le tse 15.”—Alan.
A batsadi ba gago kgotsa ditsala tsa gago di kile tsa re o dirisa nako e ntsi thata mo motsweding mongwe wa tshedimosetso wa eleketeroniki?
□ Ee □ Nnyaa
A o ntse o sa kgone kgotsa o sa batle go fokotsa tsela e o dirisang ka yone mofuta ono wa tshedimosetso?
□ Ee □ Nnyaa
Ditlamorago tse di kotsi. “Ditsala tsa me di nna fela di romela melaetsa—tota le fa ba kgweetsa. A bo seo se le kotsi jang ne!”—Julie.
“Fa ke ne ke nna le founo ya selula lekgetlo la ntlha, ke ne ke nna ke founela kgotsa ke romelela mongwe melaetsa. E ne e le jone botshelo jwa me. Seo se ile sa senya kamano ya me le ba lelapa la gaetsho le ditsala dingwe tsa me. Jaanong ke etse tlhoko gore fa ke dule le ditsala tsa me, fa re ntse re tlotla, gantsi ba na le go emisa motlotlo ba re: ‘Iketle pele. Mma ke arabe molaetsa ono.’ Ke lengwe la mabaka a a dirang gore ke se ka ka atamalana le ditsala tseo.”—Shirley.
A o a tle o bale melaetsa ya founo kgotsa o e romela o ntse o kgweetsa, o le mo tlelaseng, kgotsa ka nako ya dipokano tsa Bokeresete?
□ Ee □ Nnyaa
Fa o tlotla le ba lelapa la gaeno kgotsa ditsala, a ka metlha o kgoreletsa motlotlo o araba di-e-mail, founo kgotsa o romela melaetsa?
□ Ee □ Nnyaa
A tsela e o dirisang ka yone metswedi ya tshedimosetso ya eleketeroniki e go jela nako e o e tlhokang ya go robala kgotsa e go itaya tsebe gore o se ka wa ithuta?
□ Ee □ Nnyaa
A o bona go tlhokega gore o dire diphetogo dingwe? Fa e le gore go ntse jalo, ela tlhoko dikakantsho tse di latelang.
Se se Ka go Thusang go Nna Tekatekano
Fa e le gore o dirisa mofuta mongwe wa motswedi wa tshedimosetso wa eleketeroniki—e ka tswa e le khomputara, founo ya selula kgotsa sedirisiwa sepe se sengwe—ipotse dipotso tse nnè tse di latelang. Go dirisa kgakololo ya Baebele le go latela dikaelo di le mmalwa tse di motlhofo tsa se o tshwanetseng le se o sa tshwanelang go se dira, go tla go thusa gore o nne o sireletsegile o bo o kgone go laola tsela e o dirisang didirisiwa tseno ka yone.
● Ke eng se go buiwang ka sone? “Tlatsang megopolo ya lona ka dilo tse di molemo le tse di tshwanelwang ke pako: dilo tse di boammaaruri, Bafilipi 4:8, Today’s English Version.
tse di tlotlegang, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang le tse di tshwanelwang ke tlotlo.”—✔ Dira nako ya go ikgolaganya le ditsala le ba lelapa la gaeno mme lo tlotle ka dikgang le ka dilo tse dingwe tse di agang.—Diane 25:25; Baefeso 4:29.
X O se ka wa anamisa tshebo, wa anamisa melaetsa ya founo le ditshwantsho tsa boitsholo jo bo sa siamang kgotsa wa lebelela dibidio kgotsa dithulaganyo tsa boitsholo jo bo sa siamang.—Bakolosa 3:5; 1 Petere 4:15.
● Ke se dirisa leng? “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.”—Moreri 3:1.
✔ Ipeele melelwane ya nako e o tla e dirisang o letsa, o lelediwa, o romela melaetsa ka founo ya selula, o lebeletse dithulaganyo dingwe tsa thelebishene kgotsa o tshameka metshameko mengwe ya bidio.
Baefeso 5:15-17; Bafilipi 2:4.
X O se ka wa letla tsela e o dirisang ka yone sedirisiwa sa tshedimosetso sa eleketeroniki e kgoreletsa nako e o e beetseng kwa thoko go nna le ditsala le ba lelapa la gaeno, go ithuta kgotsa go dira dilo tse dingwe tsa semoya.—● Ke tsalane le bomang? “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:33.
✔ Dirisa motswedi wa tshedimosetso wa eleketeroniki go nonotsha kamano ya gago le batho ba ba go kgothaletsang go nna le mekgwa e e molemo.—Diane 22:17.
X O se ka wa itsietsa—o tla anya mekgwa, puo le tsela ya go akanya ya batho ba o tlhophang go tsalana le bone ka e-mail, ka go romela melaetsa ka founo, go lebelela thelebishene, dibidio kgotsa Internet.—Diane 13:20.
● Ke dirisa nako e e kana kang? ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’—Bafilipi 1:10.
✔ Dira rekoto ya nako e o e fetsang o dirisa sedirisiwa sa tshedimosetso sa eleketeroniki.
X O se ka wa itlhokomolosa dikakgelo tsa ditsala kgotsa batsadi ba gago fa ba re o fetsa nako e ntsi thata o dirisa sedirisiwa sengwe sa tshedimosetso sa eleketeroniki.—Diane 26:12.
Fa Andrew yo o umakilweng pelenyana a bua ka go dirisa metswedi ya tshedimosetso ya eleketeroniki ka tekatekano, o sobokanya seno sentle a re: “Didirisiwa tsa eleketeroniki di a kgatlha, fa fela o di dirisa ka nako e khutshwane. Ke ithutile gore ke se ka ka letla thekenoloji e nkgaoganya le ba lelapa la gaetsho le ditsala tsa me.”
BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, KGAOLO 30
O ka dira jang gore batsadi ba gago ba go letle gore o ijese monate?
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“O se ka wa ipona o le botlhale. Boifa Jehofa mme o fapoge bosula.”—Diane 3:7.
KAKANTSHO
Gore o kgone go laola tsela e o dirisang founo ka yone, itsise ditsala tsa gago gore go na le dinako tse ka tsone o se kitlang o kgona go araba founo, melaetsa ya founo kgotsa di-email.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Ditshwantsho dipe tsa gago kgotsa tshedimosetso e e bontshang dilo tse o di dirang, e o e tsenyang mo Internet gompieno, e sa ntse e ka bonwa ke batho ba ba ka batlang go go thapa le ba bangwe ba bantsi, mo dingwageng di le dintsi tse di tlang.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke nna le bothata jwa go laola tsela e ke dirisang ․․․․․, ke ikemiseditse go dirisa ․․․․․ fela ka beke ke dirisa sedirisiwa seno sa tshedimosetso.
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke eng fa go ka nna thata go lemoga gore o lekgoba la sedirisiwa sengwe sa tshedimosetso sa eleketeroniki?
● Ke eng se se ka diregang fa o ka palelwa ke go laola tsela e o dirisang ka yone sedirisiwa sa tshedimosetso sa eleketeroniki?
[Mafoko a a mo go tsebe 262]
“Ke thusitswe ke dilo di le mmalwa gore ke fenye go nna lekgoba la thelebishene. Ke ile ka ipolelela gore ke tshwanetse go fokotsa nako e ke e dirisang mo go yone. Ke ne ke bua ka metlha le mama ka bothata jono. E bile ke ne ke rapela thata ka jone.’’—Kathleen
[Setshwantsho mo go tsebe 263]
A o laola didirisiwa tsa gago tsa eleketeroniki kgotsa di a go laola?