Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 9

Baiseraele ba Kopa Kgosi

Baiseraele ba Kopa Kgosi

Kgosi ya ntlha ya Iseraele, Saulo, ga e ikobele Jehofa. O tlhatlhangwa ke Dafide, yo Modimo a dirang kgolagano ya bogosi jo bo nnelang ruri le ene

FA Samesone a sena go swa, Samuele o ne a nna moporofeti le moatlhodi mo Iseraele. Baiseraele ba ne ba mo emelela ba re ba batla go tshwana le ditšhaba tse dingwe mme ba nne le kgosi e e tla ba busang. Le fa kopo eno e ne e sa itumedise Jehofa, o ne a laela Samuele gore a ba direle jaaka ba batla. Modimo o ne a tlhopha monna mongwe yo o boikobo e bong Saulo gore a nne kgosi. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, Kgosi Saulo o ne a nna boikgogomoso a bo a tlhoka kutlo. Jehofa o ne a mo tlosa mo bogosing mme a bolelela Samuele gore a tlhome motho yo mongwe gape—lekawana lengwe le le bidiwang Dafide. Mme gone, go ne go tla feta dingwaga di le dintsi pele Dafide a ka simolola go busa.

Fa Dafide a ne a sa ntse a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a etela bomorwarraagwe ba e neng e le masole a ga Saulo. Masole otlhe a ne a tshaba motlhabani mongwe yo e neng e le mmaba, mokaloba yo o bidiwang Goliathe, yo o neng a ntse a ba sotla le Modimo wa bone. Dafide o ne a gakadiwa ke seo mme a dumela go lwa le mokaloba yono. Lekawana leno le ne la ya go kopana le mmaba yono yo o boleele jwa dimmetara di ka nna tharo, le tshotse motsekedi le maje a le mmalwa fela. Fa Goliathe a mo sotla, Dafide o ne a bolelela mokaloba yono gore ene o tlhometse go mo feta ka gonne Dafide o ne a lwa mo leineng la ga Jehofa Modimo! Dafide o ne a bolaya Goliathe ka leje le le lengwe fela mme morago ga moo, a dirisa tšhaka ya mokaloba yono go mo kgaola tlhogo. Masole a Bafilisitia a ne a tshaba a tletse poifo.

Kwa tshimologong, Saulo o ne a kgatlhilwe thata ke bopelokgale jwa ga Dafide mme a mo dira moeteledipele wa masole a gagwe. Le fa go ntse jalo, diphenyo tsa ga Dafide di ne tsa dira gore Saulo a mo fufegele fela thata. Dafide o ne a tshwanelwa ke go tshaba gore a boloke botshelo jwa gagwe mme a tshele e le motshabi ka dingwagangwaga. Mme gone Dafide o ne a nna a ikanyega mo kgosing e e neng e leka go mmolaya, a tlhalosa gore Kgosi Saulo o ne a tlhomilwe ke Jehofa Modimo. Kgabagare, Saulo o ne a swela kwa ntweng. Moragonyana fela ga foo, Dafide o ne a nna kgosi, fela jaaka Jehofa a ne a solofeditse.

“Ruri ke tla tlhomamisa setulo sa bogosi jwa gagwe ka thata ka bosakhutleng.”—2 Samuele 7:13

E re ka jaanong Dafide e ne e le kgosi, o ne a eletsa thata go agela Jehofa tempele. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mmolelela gore mongwe mo baneng ba gagwe ke ene a tla e agang. Morwa Dafide e bong Solomone ke ene a neng a aga tempele eo. Mme gone, Modimo o ne a duela Dafide ka go dira kgolagano e e kgatlhang le ene: Losika lwa segosi lo lo sa tshwaneng le a mangwe lo ne lo tla tswa mo losikeng lwa gagwe. Mme kgabagare, lo ne lo tla ntsha Mogolodi, kgotsa Losika, lo lo neng lwa solofediwa kwa Edene. Mogolodi yoo o ne a tla nna Mesia, mo go kayang “Motlodiwa,” yo o tlhomilweng ke Modimo. Jehofa o ne a solofetsa gore Mesia o tla nna Mmusi wa puso, kgotsa Bogosi, jo bo neng bo tla nnela ruri.

E le go bontsha tebogo, Dafide o ne a phutha palo e kgolo ya didirisiwa tsa go aga, gauta le selefera tse di neng di tla dirisiwa go aga tempele. Gape o ne a kwala dipesalema di le dintsi tse di tlhotlheleditsweng. Fa Dafide a le gaufi le go swa, o ne a dumela gore: “Moya wa ga Jehofa ke one o neng wa bua ka nna, le lefoko la gagwe le ne le le mo lolemeng lwa me.”—2 Samuele 23:2.

—E tswa mo go 1 Samuele; 2 Samuele; 1 Ditiragalo; Isaia 9:7; Mathaio 21:9; Luke 1:32; Johane 7:42.