Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 12

Botlhale Jwa Bomodimo bo re Kaela mo Botshelong

Botlhale Jwa Bomodimo bo re Kaela mo Botshelong

Buka ya Diane e na le kgakololo e ntsi e e tlhotlheleditsweng e e nayang kaelo mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi mme bontsi jwa yone e kwadilwe ke Solomone

A JEHOFA ke Mmusi yo o botlhale? Tsela nngwe e e ka re thusang go bona karabo ya potso eno ke go sekaseka kgakololo e a e nayang. A e solegela molemo? A go e dirisa go dira gore botshelo bo nne botoka mme bo nne le bokao? Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala diane di le makgolokgolo. Diane tseno di bua ka dikarolo tsotlhe tsa botshelo. Akanya ka dikai dingwe.

Go ikanya Modimo. Boikanyegi ke selo se se tlhokegang gore motho a nne le kamano e e molemo le Jehofa. Solomone o ne a kwala jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Go ikanya Modimo ka go batla kaelo ya gagwe le go mo ikobela go dira gore motho a tshele botshelo jo bo nang le bokao. Tsela eo ya botshelo e dira gore motho a itumedise pelo ya Modimo mme e naya Jehofa karabo ya dikgang tse di neng tsa tsosiwa ke mmaba wa gagwe e bong Satane.—Diane 27:11.

Go dirisana le ba bangwe ka botlhale. Kgakololo e Modimo a e nayang banna, basadi le bana e molemo e bile e mo nakong gompieno go feta le fa e le leng pele. Modimo o gakolola monna jaana: “Ipele le mosadi wa bosha jwa gago,” se se kayang gore monna o tshwanetse go nna a ikanyega mo mosading wa gagwe. (Diane 5:18-20) Mo bukeng ya Diane go na le kgakololo e e molemo e e ka thusang basadi ba ba nyetsweng e e buang ka mosadi yo o nang le bokgoni yo o ratwang ke monna le bana ba gagwe. (Diane, kgaolo 31) Mme bana ba gakololwa gore ba utlwe batsadi ba bone. (Diane 6:20) Gape buka eno e bontsha gore ditsala di botlhokwa, ka gonne go itlhaola go baka bopelotshetlha. (Diane 18:1) Ditsala di ka re tlhotlheletsa ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang, ka jalo re tshwanetse go di tlhopha ka botlhale.—Diane 13:20; 17:17.

Tsela e e botlhale ya go itlhokomela. Buka ya Diane e na le kgakololo e e botlhokwa thata e e malebana le go tila go dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang, go nna le maikutlo a a siameng, go fenya maikutlo a a sa siamang le go nna motho yo o dirang ka natla. (Diane 6:6; 14:30; 20:1) E re tlhagisa gore go ikanya ditshwetso tsa batho go na le tsa Modimo, go felela ka masetlapelo. (Diane 14:12) E re rotloetsa go sireletsa motho yo o kafa teng e leng pelo, kgatlhanong le ditlhotlheletso tse di sa siamang, gape e re gakolola gore “metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.”—Diane 4:23.

Batho ba le dimilionemilione lefatshe ka bophara ba ile ba fitlhela gore go tshela ka dikgakololo tseno go tokafatsa botshelo jwa motho. Ka ntlha ya seo, ba na le mabaka a le mantsi a go amogela Jehofa e le Mmusi wa bone.

—E tswa mo bukeng ya Diane.