Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa Olympia go ya Sydney

Go Tswa Olympia go ya Sydney

Go Tswa Olympia go ya Sydney

BATHO ba le bantsi ba akanya gore Metshameko ya Diolimpiki ke kgaisano ya diatleletiki e e botlhokwa thata mo lefatsheng. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Ga go na metshameko epe e mengwe e e gapang megopolo ya batho thata jaana. Batho ba le dimilione di le mmalwa ba nna gone kwa metshamekong eno, mme dimilione di le makgolokgolo mo lefatsheng lotlhe di e leba mo thelebisheneng.”

Hisitori ya Metshameko Eno ka Bokhutshwane

Metshameko ya Diolimpiki e simologile dingwaga di le dikete di le dintsi tse di fetileng. Ka ntlha ya gore Bagerika ba bogologolo ba ne ba dumela gore diatleletiki di itumedisa meya ya baswi, ba ne ba tshwara meletlo ya setšhaba e e neng e tswakanya bodumedi le motshameko. Meletlo eno e ne e akaretsa metshameko ya Isthmus, ya Diolimpiki, ya Nemea, le ya Pythia. Mo metshamekong eno, Diolimpiki di ne di tlotlwa fela thata, ka gonne di ne di tlotla Zeus, yo Bagerika ba neng ba mo tsaya e le kgosi ya medimo.

Bosupi bo bontsha gore metshameko ya bogologolo ya Diolimpiki e ne e na le mofuta o le mongwe fela wa kgaisano, e leng lobelo lwa maoto. Mme fa nako e ntse e tsamaya, e ne ya akaretsa dikgaisano tse dingwe, tse di jaaka mabelo a dikara le metshameko e mengwe e ka yone go neng go lekwa thata boitshoko jwa batho. Baeng ba ba tswang kwa mafelong otlhe ba ne ba thologela kwa metshamekong eno. Go tlhomamisa gore baeng bano ba babalesegile, go ne ga dirwa tumalano ya gore marumo a bewe fa fatshe pele le morago ga metshameko eno.

E ne ya re fa Roma e simolola go busa, Diolimpiki tsa simolola go fokotsega. Eleruri, Baroma ba le bantsi ba ne ba nyatsa diatleletiki. Mmusimogolo Nero ene ga a ka a dira jalo. O ne a tsenela metshameko eno ka 67 C.E. mme a fenya kgaisano nngwe le nngwe e a neng a nna le seabe mo go yone. Go lebega batsayakarolo ba bangwe ba ne ba dira ka boomo gore a fenye! Le fa go ntse jalo, ka 394 C.E., Diolimpiki di ne di setse di emisitswe.

Go Tsosolosiwa ga Diolimpiki

Dingwaga di ka nna makgolo a le 15 moragonyana, dilo tse baithutamarope ba neng ba di epolola kwa lebaleng la Olympia wa bogologolo di ne tsa dira gore metshameko eno e kgatlhegelwe gape. Morago ga moo, monna mongwe wa Mofora wa dingwaga tse 29 e bong Baron Pierre de Coubertin o ne a akantsha gore metshameko eno e tsosolosiwe. Ka jalo, ka 1896 Metshameko ya ntlha ya segompieno ya Diolimpiki e ne ya tshwarelwa kwa Athena. Fa e sa le ka ngwaga oo, Diolimpiki di ile tsa tshwarwa mo ngwageng mongwe le mongwe wa bonè, e le ka sewelo fela go diregang gore di se ka tsa tshwarwa ka nako eo.

Gompieno batho ba le bantsi ba letetse metshameko eno ka tlhoafalo. Monongwaga e tla tshwarelwa kwa Sydney, Australia, go simolola ka September 15 go ya go October 1. Go tla bo go na le mefuta e le 28 e e farologaneng ya metshameko, dikgaisano di le 292, le dithulaganyo tsa metshameko eno di le 635, le baatlelete ba feta 10 300 ba ba tsayang karolo.

Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, Diolimpiki di ile tsa tsosa dikgang. E bile batho ba le bantsi ba bolela gore mekgele ya Diolimpiki e mo mathateng. Go leba dilo tse di bofitlha tse di diregang mo metshamekong eno go tla re senolela go le gontsi e bile go tla re tshwenya.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Scala/Art Resource, NY