Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlwaelana le Rremogolo le Mmèmogolo?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlwaelana le Rremogolo le Mmèmogolo?
“Fa nna le mmè re ne re go fitlhela go le thata go buisana, mmèmogolo o ne a re thusa go rarabolola mathata a rona.”—Damaris.
“GO RALALA hisitori, borremogolo le bommèmogolo ba nnile le seabe se segolo mo kutlwanong ya lelapa le mo go direng gore ditlwaelo tsa lelapa di tswelele pele di ntse di le teng.” Go kwala jalo Dr. Arthur Kornhaber mo bukeng ya gagwe ya Grandparent Power! O oketsa jaana: “Jaaka barutisi, batho ba ba emang batsadi nokeng, ba ba bolokang hisitori ya lelapa, ba ba tlamelang, ba ba nayang kgakololo e bile e le ba ba tlosang bodutu, dilo tse ba di dirang mo tlhaloganyong ya motho, mo loagong le mo semoyeng di ne di le botlhokwa thata. Ke ne ka ipotsa gore go tlile jang gore setšhaba sa rona se itlhokomolose seabe se segolo le se se dikarolo dintsi jaana sa borremogolo le bommèmogolo.”
Bogologolo, borremogolo le bommèmogolo e ne e le motheo wa botshelo jwa lelapa, segolobogolo mo go ba ba obamelang Jehofa Modimo. Baebele e ne ya laela Baiseraele go tlotla le go tseela bagodi kwa godimo. (Lefitiko 19:32) Borremogolo le bommèmogolo ba ne ba tsewa ba tshwanelwa thata ke go tlotlwa segolobogolo.—1 Timotheo 5:4.
Ka maswabi, dinako di fetogile. Gantsi malapa a nna dikgala tse di katoganeng thata, mme basha ba le bantsi ba bona borremogolo le bommèmogolo ba bone ka sewelo fela. Mekgwa ya batho le yone e fetogile. Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, batho ba ba godileng—go akaretsa le ba masika—ga ba tlhole ba newa tlotlo e e ba tshwanetseng. (2 Timotheo 3:1-3) Go bonala se pele se neng se bidiwa go sa atamalanang ga bana le batsadi jaanong e le go kgaogana ga bone gotlhelele. Basha ba le bantsi ba tsaya borremogolo le bommèmogoloabone e le batho ba ba tsofetseng e bile ba ka se ka ba ba thusa gompieno. Ga ba kgone go dumela gore batho bano ba ba godileng ba ka kgona go tlhaloganya dikgatelelo le mathata a basha ba lebaneng le one gompieno.
Fa e le gore o ikutlwa ka tsela eno, akanya gape ka gone! Ka gonne o tla solegelwa molemo thata fa o itse rremogoloago le mmèmogoloago—bogolo jang fa ba boifa Modimo. Mme fa e le gore ga o ba itse, o ka tswa o latlhegelwa thata. Ka tsela e e ntseng jang?
Motswedi wa Botlhale le Kgakololo
Basha ba le bantsi ba lemogile gore borremogolo le bommèmogolo ba ka nna botshabelo jwa bone mo dingwageng tse di thata tsa fa ba le basha. Makasine wa Seventeen o lemogile jaana: “E re ka ba na le maitemogelo a dingwagangwaga ka botshelo, gantsi ba kgona go go thusa go lebana le mathata a gago go na le balekane ba gago, bao le bone ba kgaratlhang ka mathata a a tshwanang le a gago. Wena le balekane ba gago lo sa ntse lo utlwa manokonoko a diphetogo tsa ntlha mo matshelong a lona; borremogolo le bommèmogolo bone ba setse ba ile ba lebana le diphetogo tseo gantsintsi. Gantsi Diane 16:31.
ba botlhale e bile ba tlhaloganya dilo. Kgakololo eno e bolela fela se Baebele e sa bolong go se bua makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, e leng gore: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.”—Ee gone, rremogolo le mmèmogoloago ba ka tswa ba goletse mo boemong jo bo farologaneng gotlhelele le jo wena o tshelang mo go jone gone jaanong. Mme o ka tlhomamisega gore nako nngwe le bone ba ne ba na le maikutlo a a tshwanang le a o kgaratlhang le one gone jaanong. Fa wena o sa ntse o se na maitemogelo a go lepalepana le maikutlo a a ntseng jalo, borremogolo le bommèmogoloago ba feditse botshelo jwa bone ba ithuta go lepalepana le one. (Diane 1:4) Monna yo o siameng Jobe o ne a botsa jaana: “A ga go na botlhale mo go ba ba tsofetseng le tlhaloganyo mo boleeleng jwa malatsi?” (Jobe 12:12) Ee, ke ka lebaka leo gantsi borremogolo le bommèmogolo ba ka nnang botlhokwa tota fa mosha a tlhoka kgakololo e e lekalekaneng, kgothatso kana go engwa nokeng.
Ka sekai, mmèmogoloagwe Damaris yo mosha o ne a nna le Damaris le mmaagwe mo foleteng e le nngwe. Damaris o gakologelwa jaana: “Fa nna le mmé re ne re go fitlhela go le thata go buisana, mmèmogolo o ne a re thusa go rarabolola mathata a rona. O ne a tle a mpontshe tsela e nngwe e nka lebang dilo ka yone.”
Go ne go tshwana le ka Alexandria fa lelapa la gagabo le ne le fuduga mme a tshwanetse gore a tsene sekolo se sengwe. Alexandria a re: “Morutabana wa me yo mosha o ne a le thata go dirisana le ene, e bile ka dinako dingwe o ne a felafela pelo fela.” Ka jalo go ne go le boima gore Alexandria a tlwaele sekolo sa gagwe se sesha. Le fa go ntse jalo, mmèmogoloagwe o ne a mo ema nokeng. O ne a thusa Alexandria ka go mo kgothatsa gore a lebe dilo ka tsela e e siameng. Alexandria a re: “Jaanong ke rata sekolo sa me le morutabana wa me.”
Monna mongwe yo mosha wa kwa Brazil yo o bidiwang Rafael, o gakologelwa thuso e rremogolo le mmèmogoloagwe ba neng ba mo e naya fa a tsweletsa dithuto tsa gagwe morago ga sekolo se segolwane: “Ba ne ba nnaya kgakololo e ntsi ka ga ditsala le ka fa nka tilang mathata a a amanang le diokobatsi ka gone.” Gone jaanong Rafael o direla jaaka moreri wa nako e e tletseng.
Mo bukeng ya gagwe ya Grandparenting in a Changing World, Eda LeShan o bolela ka maitemogelo a gagwe jaaka mmèmogolo. O kwala jaana: “Setlogolo sa me se ne sa nteletsa mogala ka letsatsi lengwe mme sa re, ‘Mmèmogolo, ke tlhoka thuso malebana le kgatelelo ya balekane.’ Bana bangwe ba a neng a tsena sekolo le bone ba ne ba leka go dira gore a intshe le basimane, ba bangwe ba bone ba neng ba rata go mo founela.” Ka ntlha ya kopo ya setlogolo sa gagwe, mmèmogolo yono o ne a kgona go mo fa kgakololo e e neng ya mo naya thuso e a neng a e tlhoka. Le wena o ka fitlhela gore motlotlo o mokhutshwane fela le rremogolo kana mmèmogoloago yo o go ratang o ka go thusa fela thata.
Borremogolo le bommèmogolo ba ka thusa thata segolobogolo fa lelapa le le mo mathateng, a a jaaka bolwetse kana loso. Fa Lacey yo mmotlana a sena go swelwa ke rraagwe yo o neng a lwala thata, mmèmogoloagwe o ne a mo thusa go itshokela seno. “Re atamalane go feta le eleng pele,” Lacey o rialo.
Sebofo se se Kgethegileng sa Lorato
Go ka direga gore kamano ya gago le rremogolo kana mmèmogoloago e bo e se na mathata a ka dinako tse dingwe basha ba nang le one le batsadi ba bone. Ke ka ntlha yang go ka nna jalo? Lebaka le le lengwe ke ka go bo gantsi borremogolo le bommèmogolo ba na le sebofo se se kgethegileng le Diane 17:6, Today’s English Version.
ditlogolo tsa bone. Baebele ya re: “Bannabagolo ba motlotlo ka bana ba bana ba bone.”—Gape gakologelwa gore, ke batsadi ba gago—e seng rremogolo kana mmèmogoloago—ba ba tshwanetseng go sikara maikarabelo a a masisi a go go godisa mo “taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) E re ka seabe sa bone se le sennye, rremogolo kana mmèmogoloago ba ka nna ba se go tshwaye diphoso thata jaaka batsadi ba gago. Gape, gantsi borremogolo le bommèmogolo ga ba gatelelwe ke maikarabelo le dikgatelelo tsa letsatsi le letsatsi tsa lelapa. E re ka ba batla ba se na ditlhobaelo tseno, go ka nna motlhofo mo go bone go tsibogela dilo tse o di tlhokang kana go go naya tlhokomelo e ntsinyana. Tom wa dingwaga tse 17, o gakologelwa tsela e rremogolo le mmèmogoloagwe ba neng ba mo naya tlhokomelo e ntsi ka teng. Ba ne ba tle ba mo romelele “dimphonyana tsa go bo a bone maduo a mantle”; ba ile ba bo ba duelela dithuto tsa gagwe tsa go ithuta go tshameka piano.
Le gale, ga se borremogolo le bommèmogolo botlhe ba ba kgonang go naya bana dimpho tse di ntseng jalo, mme gone ba sa ntse ba ka bontsha gore ba a go kgatlhegela, gongwe ka go go baka kana ka go go kgothatsa kana ka go go reetsa gangwe le gape. Seno se ka dira gore lo nne le kamano e e kitlaneng thata mo gare ga lona. Damaris o bua jaana ka ga mmèmogoloagwe: “O dira gore ke ikutlwe ke gololesegile e bile nka ya go bua le ene nako nngwe le nngwe ka gonne o dula a ntse a iketleeleditse go ntheetsa—le fa se ke se buang ka dinako tse dingwe se sa dire tlhaloganyo. Mosha mongwe yo o bidiwang Jônatas le ene o kgona go bua ka kgololesego le ka sengwe le sengwe le rremogolo le mmèmogoloagwe.
Go Refosana
Fa gone borremogolo le bommèmogolo ba ka go naya botlhale le lorato, le bone ba ka solegelwa molemo ke matlhagatlhaga a gago a bosha le botsala jwa gago. Jang? Ebu, go ka tswa go na le ditsela di le dintsi tse o ka thusang le go ema rremogolo le mmèmogoloago nokeng ka tsone. Gantsi ga ba na maatla a a kalo. Kana ba ka nna ba bo ba lwala thata. Ga go na pelaelo gore ba ka kgothala thata fa o ka ba thusa ka go ba ela mabenkeleng le go ba thusa ka ditiro tsa mo gae.
Borremogolo le bommèmogolo ba le bantsi ke baswagadi le batlholagadi. Ka go ba kgatlhegela tota, o ka dira go le gontsi go ba thusa go lwantshana le maikutlo a go jewa ke bodutu le go dira gore ba nne ba ntse ba kgatlhegela botshelo. Go dira jalo ke tsela e nngwe ya go latela kgakololo ya Baebele ya gore o ‘duele batsadi ba batsadi ba gago tuelo e e tshwanetseng, gonne seno se a amogelesega mo ponong ya Modimo.’—1 Timotheo 5:4.
Ga go na pelaelo gore go atamalana le rremogolo le mmèmogoloago go ka itumedisa botshelo jwa gago—le jwa bone! Gongwe o ntse o sa atamalana thata jalo le bone. Gongwe o batla go fetola seo mme ga o itse gore o simolole kae. Go ka direga gore rremogolo le mmèmogoloago ba nna kgakala kana gore batsadi ba gago ga ba tlhole ba nna mmogo mme seno se dirile gore o tlwaologe rremogolo le mmèmogoloago. Setlhogo se se tlang se tla ntsha dikakantsho tse di tla go thusang ka ditsela tse o ka dirisanang le maemo a a ntseng jalo ka gone.
Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Borremogolo le bommèmogolo ba ka nna bareetsi ba ba molemo e bile ba ka go gakolola le go go ema nokeng
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Thusa rremogolo le mmèmogoloago