Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Phoso go le Kalo ka go Bua ka Tlhakanelodikobo mo Founong?

Ke Eng se se Phoso go le Kalo ka go Bua ka Tlhakanelodikobo mo Founong?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng se se Phoso go le Kalo ka go Bua ka Tlhakanelodikobo mo Founong?

GO YA ka makasine o o itsegeng thata wa kwa Amerika, “baratani ba le bantsi ba ba iphitlhelang ba katogane ba bona go le botoka go buisana ka founo, mo boemong jwa go dirisa makwalo, go buiwa fela ka tlhakanelodikobo.”

Fa re bua ka go bua ka tlhakanelodikobo mo founong, ra bo re bua ka eng? Go akaretsa go bua kgotsa go reetsa dikgang tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo mo founong. * Gantsi ba ba nang le mokgwa ono ba itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo gore ba kgotsofatse keletso ya bone ya tlhakanelodikobo. Go bua ka tlhakanelodikobo mo founong go ratiwa thata e ka ne puo eno e e leswe e buiwa ke baratani kgotsa batho ba ba sa itsaneng. Tota e bile, bangwe ba buelela mokgwa ono phatlalatsa.

Mosadi mongwe a re: “Ke tlhakanelodikobo e e seng kotsi.” Go bonala ba le bantsinyana ba dumalana le ene. Ka sekai, ka October 2000, ka ntlha ya go oketsega ga batho ba ba tshwaediwang ke HIV, setlhopha sengwe sa baitseanape ba boitekanelo se ne sa dirisa diphasalatso tsa makwalodikgang go rotloetsa batho go bua ka tlhakanelodikobo mo founong.

Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe bone ba rotloetsa go bua ka tlhakanelodikobo mo founong go batla poelo fela. Ditirelo tsa go bua ka tlhakanelodikobo mo founong—mo batho ba duelang gone gore ba utlwe dilo tse di leswe—e setse e le kgwebo e e dirang dibilione tsa diranta kwa United States fela.

Tota ke ka ntlha yang fa mokgwa ono o ratega thata jaana? Buka ya The Fantasy Factory e tlhalosa jaana: “Tlhakanelodikobo ka boyone e ka nna kotsi. Go na le dikotsi tsa go tsenwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, kotsi ya go senya leina la gago kgotsa maemo a gago mo tirong, go tshaba go kgalwa ke batho le matswela a keletso e e seng ya tlholego ya tlhakanelodikobo. Go bua ka tlhakanelodikobo mo founong go thibela dikotsi tseno.”

Gone ke boammaaruri gore go bua ka tlhakanelodikobo mo founong ga go akaretse go tlhakanela dikobo le motho yo mongwe. A mme seno se raya gore ga go na sepe se se phoso ka gone kgotsa ga go na dikotsi dipe?

A go Bua ka Tlhakanelodikobo mo Founong ke Selo Fela se se Seng Kotsi?

Keletso ya tlhakanelodikobo e nonofile thata ka nako ya bosha. Baebele e bitsa nako eno ya fa dikeletso tsa tlhakanelodikobo di leng kwa godimo ka yone e re ke “nako ya bosha.” (1 Bakorintha 7:36) Ka nako eno e e leng botlhokwa thata mo botshelong, mosha wa Mokeresete o tshwanetse go ithuta “kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega.” (1 Bathesalonika 4:4) Ke gore, o tshwanetse go ithuta kafa o ka fenyang le go laola keletso ya go tlhakanela dikobo ka gone. Seno se botlhokwa thata gore o lebe tlhakanelodikobo ka tsela e e siameng.

Le fa go ntse jalo, go bua ka tlhakanelodikobo mo founong go ruta motho go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya tlhakanelodikobo go na le gore a e laole. Mo godimo ga moo, go dira gore motho a lebe batho ba bong bo sele ka tsela e e sa tshwanelang. Baebele e ruta gore tlhakanelodikobo e tshwanetse gore e itumelelwe fela ke banyalani. (Bahebera 13:4) Mme go bua ka tlhakanelodikobo mo founong go kgothaletsa basha gore ba tlhakanele dikobo pele ga lenyalo. Baebele e ruta gore boitumelo jwa mmatota bo bonwa ka go aba—e seng ka go amogela. (Ditiro 20:35) Mme go bua ka tlhakanelodikobo mo founong go ruta motho go dirisa ba bangwe gore a ikgotsofatse ka bogagapa. Baebele e ruta banyalani go godisa lorato lwa bone ka go tlhagolela lorato lwa mmatota le go tshepana. (Baefeso 5:22, 33) Le fa go ntse jalo, go bua ka tlhakanelodikobo mo founong go rotloetsa go se amege ka motho le go se kgathalele go mo itse.

Mokgwa o o Kotsi

Korintha ya bogologolo e ne e itsege e le motse wa boitsholo jo bo leswe. Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ne a na le lebaka le le utlwalang la go kwalela Bakeresete ba koo jaana: “Ke boifa gore ka tsela nngwe, jaaka noga e ne ya faposa Efa ka boferefere jwa yone, megopolo ya lona e ka nna ya senngwa ya tswa mo bopeloephepeng le mo boitshekong tse di tshwanetseng Keresete.” (2 Bakorintha 11:3) Go bua ka tlhakanelodikobo mo founong ke nngwe ya didirisiwa tse Satane Diabolo a di dirisang go senya basha gompieno.

Mo basheng bangwe, go leletsa dinomoro tse go buiwang ka tlhakanelodikobo e fetogile mokgwa o motho a sa kgoneng go o laola. Lekawana lengwe le re tla le bitsang Jim le ne la bontsha kafa bangwe ba ka “tshwaetsegang” ka gone. Jim o ne a bona dinomore dingwe mo lemating lengwe la phasalatso tse motho a ka di leletsang go bua ka tlhakanelodikobo. O ne a tshwara nomore eo ka tlhogo mme moragonyana a e founela a batla go bona fela gore go tla diregang. O ne a leletsa nomore eo nako le nako. Go ise go ye kae, ke fa a na le sekoloto sa diranta di le 4 300!

Go tsosa dikeletso tsa go tlhakanela dikobo fa o ise o nyale go kgatlhanong le kgakololo ya Lefoko le Modimo. Le re kgothaletsa jaana: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo.”—Bakolosa 3:5.

Dikotsi Tsa Gone fa lo Ratana

Go tweng ka basha ba ba setseng ba godile ba ba ratanang? Ee ruri, ke ga tlholego fela gore batho ba ba ratanang ba batle go bontsha kafa ba ikutlwang ka teng ka yo mongwe. Go tloga ka nako ya go kwalwa ga Baebele, lekgarebe lengwe le ne la bua jaana ka motho yo le neng le ratana le ene: “Nna ke wa moratiwa wa me, mme keletso ya gagwe e mo go nna.” (Sefela sa Difela 7:10) Fa letsatsi la lenyalo le atamela, go siame e bile go tshwanetse gore batho ba ba tla tlogang ba nyalana ba tlotle ka dikgang tse di rileng tse di masisi. Le fa go ntse jalo, a go tlotla ka tlhakanelo dikobo mo founong ke tsela e e siameng ya go bontsha maikutlo a lorato?

Nnyaa. Tota le batho ba ba tla tlogang ba nyalana ba tshwanetse go latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo; le fa e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong kgotsa puo ya boeleele kgotsa nyao e e ferosang sebete, dilo tse di sa tshwanelang, mme go na le moo go ntshiwe ditebogo. Gonne lo itse seno, ka lo se lemoga ka bolona, gore ga go na mogokafadi ope kgotsa motho yo o seng phepa kgotsa motho yo o pelotshetlha—mo go rayang go nna moobamedi wa medingwana—yo o nang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le jwa Modimo.”—Baefeso 5:3-5; Bakolosa 3:8.

Go phepafatse gore puo e e leswe e e dirang gore motho a akanye ka boitsholo jo bo sa siamang kgotsa e e tlhotlheletsang go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ga e phepa mo matlhong a ga Jehofa. Mme e ka dira gore motho a tlole melaometheo ya Modimo ka tsela e e masisi thata. Ka sekai, baratani bangwe ba ne ba ratana mme ba nna mo dinageng tse di farologaneng. Kwa tshimologong, ba ne ba dirisa nako e ba neng ba tlotla ka yone nako le nako mo founong gore ba itsane. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ba ne ba simolola go tlotla ka dikgang tsa boitsholo jo bo sa siamang. Motlotlo wa bone o ne wa tswelela go nna o o tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Ga go gakgamatse gore e ne ya re fa maemo a bone kgabagare a ne a ba letla gore ba kopane, ba ne ba wela mo boitsholong jo bo maswe.

Eleruri, rona ba re batlang go itumedisa Modimo re tla dira bojotlhe jwa rona go tila go wela mo seraing seno sa go tlotla ka tlhakanelodikobo mo founong. Re ka atlega go dira seo jang?

‘Itaya Mmele wa Gago’

Go tlotla ka tlhakanelodikobo mo founong e ka nna tlwaelo e e senyang. Re tshwanetse go ‘itaya mebele ya rona re bo re e tshware jaaka motlhanka’ gore re tle re amogelwe ke Jehofa. (1 Bakorintha 9:27) Fa e le gore gone jaanong o tlotla ka tlhakanelodikobo mo founong, ke eng fa o sa batle thuso? Go ka nna molemo gore o simolole ka go bolelela batsadi ba gago. Ee, ba ka nna ba go galefela. Mme gape ba ka nna ba go thusa go laola boitshwaro jwa gago gore o se ka wa boela mo mokgweng oo gape. Bagolwane ba mo phuthegong ya lona ya Basupi ba ga Jehofa le bone ba tla ikemisetsa go go thusa e bile ba ka kgona go dira jalo.

Fa e le gore o a ratana, ikemisetse gore o nne o itshekile, le fa o bua mo founong. Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o beeleditsweng yo o bidiwang Leticia a re: “Nna le motho yo ke tlileng go nyalana le ene re badile mmogo ditlhogo tse di theilweng mo Baebeleng tsa go nna re itshekile. Re itumelela tsela e di re thusitseng ka yone go nna le segakolodi se se phepa.” Nna pelokgale go fetola motlotlo fa puisano ya lona e simolola e nna e e sa siamang. Tlotlang mmogo ka botlhokwa jwa go boloka puisano ya lona e le phepa.

Mo dinageng dingwe, go phasaladiwa dinomoro tsa go bua ka tlhakanelodikobo mo thelebisheneng bosigo. Gongwe go ka nna molemo gore o se ka wa lebelela thelebishene bosigo thata. E re ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo go ka dira gore o akanye ka boitsholo jo bo sa siamang go na le gore o se ka wa akanya ka jone, go botlhokwa gore o tile mokgwa ono o o leswe. * O ka atlega go tlosa dikakanyo tse di leswe mo mogopolong wa gago ka go akanya ka dilo tse di siameng. (Bafilipi 4:8) Itsalanye le ditsala tse di buang puo e e phepa mme o bale Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa Bokeresete letsatsi le letsatsi gore o nonotshe se o ikemiseditseng go se dira. Ka tsela eno ga o kitla o akanya ka boitsholo jo bo sa siamang le go senya mogopolo wa gago. Se se botlhokwa thata, rapelela thuso ya Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:6, 7.

Mosetsana mongwe yo mosha wa Mokeresete wa kwa Brazil a re: “Kgatelelo e basha ba nang le yone ya gore ba tlhakanele dikobo ka tsela e e sa tshwanelang e kgolo fela thata.” Le fa go ntse jalo, Jehofa o itse mathata a o lebanang le one. Tlhomamisega gore o tla go thusa ka sengwe le sengwe se o se tlhokang gore o nne o le phepa mo matlhong a gagwe.—Baefeso 6:14-18.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Mokgwa mongwe o o ntseng jalo o o leswe o ka dinako tse dingwe o bidiwang tlhakanelodikobo e e laolwang ka khomputara, o akaretsa metlotlo e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo e e tshwarwang ka khomputara.

^ ser. 24 Go bona dikakantsho tsa kafa o ka fenyang ka gone go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, bona buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, tsebe 198-211, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Go bua ka tlhakanelodikobo mo founong le ka go tshwara motlotlo ka khomputara go a ata

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Baratani ba tshwanetse go ela tlhoko gore motlotlo wa bone ga o nne leswe

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Go bala Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa Bokeresete go ka go thusa go nonotsha boikemisetso jwa gago jwa gore o nne phepa