O ka Kgona go Bona Boitumelo Jwa Mmatota!
O ka Kgona go Bona Boitumelo Jwa Mmatota!
GO BONALA batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba dumela gore dilo tse di ba tlisetsang boitumelo ke go nna le koloi ya majabajaba, madi a le mantsi mo bankeng, tiro ya maemo a a kwa godimo, ntlo e tona le didirisiwa tsa bosheng tsa motlakase le go nna le mmele o montle kgotsa mmele o o agegileng sentle. Le fa go ntse jalo, a tota dilo tse di ntseng jalo ke tsone tse di ka tlisetsang motho boitumelo?
Go na le “dipatlisiso tse di seng kana ka sepe tse di dirwang ka kgang ya boitumelo, go nna le tsholofelo, go tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng le go dira dilo tse di thusang motho go nna le botsogo jo bo siameng,” go rialo pego e e kgethegileng ya makasine wa Time. Dipholo tsa dipatlisiso tseo di ile tsa gakgamatsa batho ba le bantsi. Bosupi jo bontsi bo bontsha gore batho ba ba akanyang gore madi, go tuma kgotsa bontle bo ka ba tlisetsa boitumelo, ba ile ba lemoga gore ba a itsietsa. Tota e bile, tsela e ba tshelang ka yone ke e e ka nnang ya ba bakela mathata a tlhaloganyo e bile e ka nna ya dira gore ba feleletse ba na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.
Kwa United States, batho ba le bantsi ba humile go feta pele. Mme ba re “ga re a itumela le e seng,” go bolela jalo makasine wa Time. Ke boammaaruri gore go ka buiwa se se tshwanang le ka batho ba ba nnang kwa dinageng tse dingwe. Ikonomi ya kwa China e a gola mme palo ya batho ba teng ba ba sa itumelang e gola ka lobelo lo logolo. Go ipolaya ke “sengwe sa dilo tse di kwa godimo tse di bakang dintsho mo bathong [ba teng] ba dingwaga tse di fa gare ga 15 le 34,” go bolela jalo lekwalo la Access Asia le le tswang ganè ka ngwaga. Go bonala sengwe sa dilo tse di bakang bothata jono e le go gatelelwa ga basha gore ba atlege mo tirong e e ba batlang go le gontsi.
Ga go pelaelo gore dikhumo ga di ka ke tsa fokotsa go tlhobaela le go tshwenyega thata mo maikutlong; go na le moo, di oketsa mathata ano. “Tsela e re tshelang ka yone ke yone e jaanong e dirang gore re fuduege thata mo maikutlong le mo tlhaloganyong,” go rialo patlisiso nngwe ya kwa yunibesithing nngwe. Go ya ka Van Wishard yo o sekasekang mekgwa ya batho mo setšhabeng, “dikhampani di le dintsi tsa inshorense di na le palo e e golang ka lobelo ya batho ba ba duelelang inshorense ya go nna le mathata a botsogo.”
Tota bana le bone ba amiwa ke diphetogo tse di diregang ka bofefo mo lefatsheng. Go setse go na le dibuka tse di kwaletsweng bana ba dingwaga tse robedi, “tse di ba rutang gore ba ka lemoga jang matshwao a go tshwenyega thata mo maikutlong le gore ba ka lebana jang le one,” go bolela jalo Wishard. Mme go ya ka lenaane lengwe la matshwao a go tshwenyega thata mo maikutlong, kwa dinageng di le mmalwa tsa kwa Bophirima, palo ya bana ba ba nang le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong e gola ka diperesente di le 23 ka ngwaga. Mo godimo ga moo, palo ya “bana ba ba iseng ba tsene sekolo ba ba tlhokang go newa melemo e e okobatsang go tshwenyega thata mo maikutlong le yone e gola ka lobelo.”
Poifo e batho ba nang le yone e a gola le yone, e seng fela ka ntlha ya maemo a a sa iketlang a ikonomi. E re ka go na le dikhuduego tsa sepolotiki le tsa bodumedi, batho ba le bantsi ba a boifa fa ba akanya ka dilo tse di tshosang tse di ka nnang tsa direga mo isagweng. A go na le kwa ba ka bonang thuso gone?
Dingwaga di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng, Jesu Keresete o ne a ruta batho tsela ya go tshela e e se kitlang e bakela motho bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Thuto ya gagwe e ne e le motlhofo mme fela e na le boammaaruri jo bo botlhokwa. O ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Ee, Jesu o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba tlhome mogopolo mo selong se ba se tlhokang thata—e leng boammaaruri jwa dilo tsa semoya tse di buang ka Mmopi wa rona le ka maikaelelo a Gagwe.
Jaaka fa re tla bona mo ditlhogong tse di latelang, boammaaruri joo bo ka re thusa go lemoga dilo tse ruri e leng tsone tsa botlhokwa, mme seo se ka dira gore re tshele botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang. Gape, boammaaruri jo bo ntseng jalo jo bo buang ka dilo tsa semoya bo dira gore re nne le tsholofelo e e itumedisang tota.
[Mafoko a a mo go tsebe 3]
A dikhumo ke tsone di ka tlisetsang motho boitumelo?