Resepe ya go Bona Boitumelo Jwa Mmatota
Resepe ya go Bona Boitumelo Jwa Mmatota
GORE motho a kgone go apaya dijo tse di monate, o tshwanetse go dirisa resepe e e tla ntshang dijo tse di monate e bile a itse go apaya! Go ntse fela jalo le ka go bona boitumelo. Boitumelo ga bo tlisiwe ke selo se le sengwe fela, mme bo tlisiwa ke dilo di le mmalwa. Dilo tseo di akaretsa go bereka, go tshameka, go ipha nako le ba lelapa le ditsala le go nna le seabe mo ditirong tsa semoya. Mme gape, go na le dilo tse dingwe tse di sa lemotshegeng go le kalo tse le tsone di ka tlisetsang motho boitumelo, tse di jaaka maikutlo a motho o a bontshang, dikeletso tse a nang le tsone le mekgele e a ipeetseng yone mo botshelong.
Se se itumedisang ke gore ga re tlhoke go iphataphatela ka borona go bona resepe e e tla re tlisetsang boitumelo jwa mmatota. Ke ka ntlha yang fa re rialo? Ka gonne Mmopi wa rona o re neile buka e e molemolemo e e nang le ditaelo, e leng Baebele e feletse kana e le botlhanngwe fela jwa yone, ka dipuo tse 2 377—buka e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng!
Buka eno e e phasaladiwang go gaisa tse dingwe tsotlhe e bontsha gore Modimo o batla gore batho botlhe ba gagwe ba itumele le gore dilo di ba tsamaele sentle semoyeng. (Ditiro 10:34, 35; 17:26, 27) Modimo a re: “Ke [nna]. . . Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.” O re solofetsa gore fa re ikobela ditaelo tsa gagwe, re tla bona thetebalo le kagiso, “fela jaaka noka.”—Isaia 48:17, 18.
Tsholofetso eo e re gakolola mafoko a ga Jesu a a nopotsweng mo setlhogong se se fetileng, a a reng: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Bomoya jo go buiwang ka jone fano ga se tlhoafalonyana fela e e sa reng sepe. Go na le moo, ke bomoya jo bo laolang botshelo jotlhe jwa rona. Ke bomoya jo bo bontshang gore re iketleeleditse go reetsa Modimo le go rutwa ke ene ka gonne re lemoga gore o re itse botoka fela thata go feta kafa rona re ikitseng ka gone. Errol, yo o feditseng dingwaga tse di fetang 50 a ithuta Baebele o bolela jaana: “Selo se se dirang gore ke dumele gore tota Baebele e tswa kwa Modimong ke gore dithuto tsa yone di go solegela molemo fa o di dirisa mo botshelong!” Ka sekai, akanya ka kgakololo e e molemo e e tswang mo Baebeleng e e buang ka dilo tse di tshwanang le go gagamalela dikhumo le menate.
Kgakololo e e Molemo Malebana le Madi
Jesu o ne a re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Ee, go nna le madi a le mantsi mo bankeng ga se sone selo se se dirang gore Modimo a go tseye o le botlhokwa. Tota e bile, gantsi go gagamalela dikhumo go tlisetsa motho tlhobaelo, e e dirang gore a se ka a itumela mo botshelong le go mo tseela nako e a ka bong a e dirisetsa dilo tse e leng tsone tsa botlhokwa.—Mareko 10:25; 1 Timotheo 6:10.
Go ya ka Richard Ryan, porofesa nngwe ya moithuta tlhaloganyo kwa United States, batho ga ba ke ba bona boitumelo fa ba bo batla mo dikhumong. Mokwadi wa Baebele e bong Solomone o tlhalosa jaana: “Motho yo o ratang madi ga a ke a kgotsofala, mme motho yo o ratang dikhumo bobe ga a boelwe ke sepe mo go tsone.” (Moreri 5:10, The New English Bible) Boemo jono bo ka tshwantshiwa le botlhokonyana jo motho a bo utlwang fa a sena go longwa ke monang—fa a sa kgaotse go ingwaya mo o mo lomileng gone, botlhoko jwa teng bo a gola go fitlha a tswa seso.
Baebele e re kgothaletsa gore re dire ka natla mme re itumelele matswela a tiro ya rona e re e dirileng ka natla. (Moreri 3:12, 13) Fa re dira jalo, re dira gore re nne le seriti—sengwe sa dilo tse di dirang gore re itumele mo botshelong. Gape, re ka kgona go itumelela dilo dingwe tse di monate mo botshelong. Le fa go ntse jalo, go na le pharologanyo fa gare ga go itumelela dilo dingwe tse re di rekang ka madi a re nang le one le go dira gore go gagamalela dikhumo e nne selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa rona.
Menate E na Le Nako ya Yone
Go rata dilo tsa semoya go re thusa gore re itlose bodutu le go ijesa menate e mengwe ya botshelo ka tsela e e tla re solegelang molemo fela thata. Jesu o ne a tle a nne le dinako tsa go ijesa menate tse di neng di akaretsa go ja le go nwa. (Luke 5:29; Johane 2:) Mme go itumela ga gagwe mo botshelong go ne go sa ikaega ka dilo tseno. Go na le moo, o ne a itumedisiwa thata ke go dira dilo tsa semoya, tse di neng di akaretsa go thusa batho ba bangwe go ithuta ka Modimo le maikaelelo a gagwe ka batho.— 1-10Johane 4:34.
Kgosi Solomone o ne a lekeletsa menate yotlhe go bona gore a e ne e ka mo tlisetsa boitumelo. O ne a re: “Ke tla tsena mo teng ga menate ka tlhogo.” Kgosi e e humileng eno ga ya ka ya tsena go le gonnye fela mo teng ga dikhumo. Go na le moo, e ne ya goromela mo teng ga tsone ka tlhogo! Le fa go ntse jalo, o ne a ikutlwa jang morago ga moo? O ne a re: “Seno le sone e ne e le lefela.”—Moreri 2:1, New English Bible.
Eno ke tsela e gantsi batho ba ba gagamalelang menate ba ikutlwang ka yone kwa bofelong—ba sala ba ikutlwa ba le lolea fela ba sa fitlhelela sepe. Tota e bile, fa babatlisisi ba bapisa go gagamalela menate le go dira ditiro dingwe tse di mosola, tse di jaaka go dira ditiro dingwe tsa semoya, go ipha nako le ba lelapa, ba ne ba fitlhela gore go batla menate go ne go tla kwa bofelong jwa dilo tse di tlisetsang batho boitumelo.
Nna Motho yo o Pelotshweu Le yo O Nang le Tebogo
Batho ba ba itumetseng ga ba nne pelotshetlha, go na le moo, ba na le moya wa go aba ka bopelotshweu e bile ba kgatlhegela batho ba bangwe. Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Mo godimo ga go aba ka bopelotshweu, gape re ka naya ba malapa a rona sengwe se ba tla se anaanelang fela thata, e leng nako ya rona. Banyalani ba tshwanetse go ipha nako ya go dira dilo mmogo gore ba nonotshe lenyalo la bone le gore ba nne ba ntse ba itumetse, batsadi le bone ba tshwanetse go ipha nako e ntsi le bana ba bone, go tlotla le bone, go ba bontsha lorato le go ba ruta. Fa ba lelapa ba abelana ka tsela e e ntseng jalo, dilo di ba tsamaela sentle mme le legae la bone e nna lefelo le go nang le boitumelo mo go lone.
Kafa letlhakoreng le lengwe, fa ba bangwe ba go abela dilo dingwe—e ka ne e le nako ya bone kgotsa sengwe fela—a o ‘itshupa o na le tebogo’? (Bakolosa 3:15) Go tshela ka mafoko ano go ka ama kamano ya rona le ba bangwe ka tsela e e molemo tota e bile go ka oketsa boitumelo jo re nang le jone. A ga o itumele fa mongwe a go leboga go tswa pelong?
Go nna le tebogo gape go dira gore re se ka ra itlhokomolosa dilo tse di molemo tse ba bangwe ba re direlang tsone. Moithuta tlhaloganyo mongwe o ne a dira tekeletso nngwe ka kelotlhoko thata kwa Yunibesithing ya California kwa Riverside, U.S.A., e mo go yone a neng a kopa batho ba a neng a bereka ka bone gore ba kwale “lekwalo la ditebogo”—e leng lenaane la dilo tse ba neng ba di lebogela. Ga go gakgamatse go bo mo lobakeng lwa dibeke di le thataro fela, batho bano ba a neng a bereka ka bone, ba ne ba lebega ba itumetse go feta pele mo botshelong.
Seno se re ruta eng? Go sa kgathalasege gore boemo jwa gago ke bofe, akanya ka masego a o nang le one. Tota e bile, Baebele e go kgothaletsa go dira jalo, ya re: “Ipeleng ka metlha. . . . Lebogang ka ga dilo tsotlhe.” (1 Bathesalonika 5:16, 18) Gone ke boammaaruri gore, gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go leka ka natla go ikgopotsa dilo tse di molemo tse re di direlwang. Ke eng fa o sa ipeele mokgele wa go dira jalo?
Lorato le Tsholofelo—Dilo Tse di Botlhokwa Tse di Tlisetsang Motho Boitumelo
Gantsi go a tle go twe, batho ba tlhoka go bontshiwa lorato go tloga fela fa ba tsalwa go fitlha ba swa. Batho ba a tlhonama fa ba sa lo bontshiwe. Mme tota, lorato ke eng? Le fa gompieno lefoko leno le tsewa motlhofo fela, Baebele yone e le tlhalosa ka tsela e ntle tota, ya re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.”—1 Bakorintha 13:4-8.
Lorato lwa mmatota ga lo na bopelotshetlha gotlhelele! Ka gonne “ga lo ipatlele melemo ya lone fela,” lo dira gore boitumelo jwa batho ba bangwe e nne jone bo tlang pele. Se se utlwisang botlhoko ke gore lorato lo lo ntseng jalo lo bonwa sewelo fela. Tota e bile, mo boporofeting jwa ga Jesu jwa botlhokwa jo bo buang ka bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo, o ne a re “lorato lwa ba le bantsi lo ne lo tla tsidifala.”—Mathaio 24:3, 12; 2 Timotheo 3:1-5.
Le fa go ntse jalo, boemo jono ga bo kitla bo nnela ruri, ka gonne Mmopi ga a bo rate—yo ene ka boene e leng lorato! (1 Johane 4:8) Modimo o tla tloga a tlosa batho botlhe ba ba letlhoo kgotsa ba ba pelotshetlha mo lefatsheng. O tla boloka fela ba ba kgaratlhelang go bontsha lorato lo lo tlhalosiwang fa godimo. Fa a sena go dira jalo, go tla nna le kagiso le boitumelo mo lefatsheng lotlhe. Ruri tsholofetso e e latelang eno ya Baebele e tlile go diragadiwa, e e reng: “Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.
Akanya fela letsatsi lengwe le lengwe le tletse ka “boitumelo jo bogolo”! A go a gakgamatsa go bo Baebele e re: “Ipeleng mo tsholofelong”? (Baroma 12:12) A o ka rata go ithuta go le gontsi ka tsholofelo e e molemolemo e Modimo a e solofeditseng batho ba ba mo ikobelang? Fa e le gore o ka rata go dira jalo, tsweetswee bala setlhogo se se latelang.
[Mafoko a a mo go tsebe 7]
“Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Dipego Tsa Batho ba ba Ileng ba Atlega—Di Boammaaruri go le Kae?
Ka dinako tse dingwe, re na le go utlwa go buiwa ka batho bangwe ba ba goletseng mo magaeng a a humanegileng ba ba ileng ba se ka ba ineela, mme ba feleletsa ba humile fela thata. Pego nngwe e e buang ka boitumelo ya San Francisco Chronicle ya re: “Ka dinako tse dingwe, dipego tse di ntseng jalo di bua jaana e le go ntsha bosupi jwa gore batho bano ba ile ba dira sotlhe se ba neng ba ka se kgona go emelana le mathata a bone ka tsela e e molemo, ba bo ba atlega go sa kgathalasege maemo a a sa itumediseng a ba goletseng mo go one. Bothata jo bo leng teng ka dipego tseno ke gore, go ya ka dipatlisiso dingwe, ba ka tswa ba ile ba se ka ba bona boitumelo jo ba neng ba bo batla. Di bega fela ka kgang ya gore ba ile ba feleletsa ba humile.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Boitumelo bo Lere Botsogo jo bo Molemo
Go nna o itumetse go dira gore o nne le botsogo jo bo molemo. Pego ya makasine wa Time ya re: “Boitumelo kgotsa seemo sa mogopolo se se tsamaelanang le jone, se se jaaka go nna le tsholofelo le go kgotsofala, go bonala bo okobatsa kgotsa bo fokotsa kotsi ya go ka tshwarwa ke bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa makgwafo, bolwetse jwa sukiri, haebolate, mofikela le malwetse a a amanang le go hema.” Mo godimo ga moo, patlisiso e e neng ya dirwa kwa Holland mo balwetseng ba ba tsofetseng e ne ya bontsha gore mo lobakeng lo lo fetang dingwaga di le robonngwe fela, go nna ba itumetse le go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo go ne go fokotsa dintsho mo go bone ka diperesente di le 50, e leng selo se se gakgamatsang tota!
Ga go ise go itsiwe sentle gore seemo sa tlhaloganyo se ama mmele wa motho jang. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontshitse gore batho ba ba tlhomang mogopolo mo dilong tse di molemo e bile ba na le tsholofelo ka isagwe ga ba na khemikale e ntsi ya cortisol e e bakang go ngomoga pelo, e go bolelwang gore ke yone e e koafatsang thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse.
[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]
Fela jaaka motho a kgona go apaya dijo tse di monate ka go dirisa resepe e e ntshang dijo tse di monate, go reetsa kgakololo ya Modimo go ka tlisetsa motho boitumelo