Loungo lo lo Dirisiwang Thata ke Badiri ba Dinkgisamonate
Loungo lo lo Dirisiwang Thata ke Badiri ba Dinkgisamonate
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ITALY
DINKGISAMONATE ga di bolo go nna teng. Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, dinkgisamonate di ne di dirisiwa go nkgisa matlo monate, diaparo, malao le mebele ya batho bape fela ba ba neng ba kgona go di reka. Metswako ya dinkgisamonate e akaretsa mekgwapha, oli ya balema, sinamone le ditswaiso tse dingwe.—Diane 7:17; Sefela sa Difela 4:10, 14.
Matute a a nkgang monate ano a a ntshiwang mo dimeleng e sa ntse e le sedirisiwa sa konokono se go dirwang dinkgisamonate ka sone. Re tlile mo Calabria, kgaolo e e kwa borwa jo bo kgakala jwa pheninsula ya Italy, go tla go bona gore sengwe sa diedi tse di dirisiwang go dira dinkgisamonate se tswa kae. O ka tswa o sa itse leina la loungo lwa bergamot, le fa go ntse jalo, ga twe monko wa loungo lono o fitlhelwa mo e ka nnang mo nngwe tharong ya dinkgisamonate tsotlhe tsa basadi tse di rekisiwang le mo halofong ya dinkgisamonate tsa banna. Mma re go bolelele ka loungo lwa bergamot.
Loungo lwa bergamot lo tswa mo setlhareng sa losika loo namune se se nnang se le setala. Dithunya tsa sone di tlhaga ka nako ya dikgakologo mme maungo a sone a a nang le letlape le le borethe le le serolwana—a a lekanang le namune—a butswa kwa bofelong jwa letlhabula kgotsa mo tshimologong ya mariga. Baitse ba le bantsi ba tsaya gore setlhare sa bergamot se tswakantswe le mofuta o mongwe wa setlhare, mme ga go itsiwe gore se simologile kae. Ga go na gope kwa ditlhare tseno di kgonang go ikgolela fela teng e bile ga di jalwe ka peo. Go di jala, balemi ba tshwanetse gore ba tseye matlhogela a setlhare a a leng teng mme ba bo ba a lomelela mo dimeleng tsa mofuta o o tshwanang, tse di jaaka surunamune kgotsa namune e e botlha.
Maungo a bergamot a na le dinonofo tse di tlhomologileng go dira dinkgisamonate. Buka nngwe e e buang ka kgang eno e tlhalosa gore seedi se se ntshiwang mo maungong ano se na le bokgoni jo bo sa tlwaelegang jwa “go tswakanya menko e e farologaneng go dira gore e nne monko o le mongwe o o nkgang monate mme se bo se dira gore go nne monko o o foreshe wa motswako mongwe le mongwe o o tlhakantsweng moo.” *
Go Jalwa ga Sone Kwa Calabria
Dibuka tsa hisitori di bontsha gore setlhare sa bergamot se simolotse go mela kwa Calabria bobotlana mo tshimologong ya lekgolo la bo18 la dingwaga le gore batho ba lefelo leo ba ne ba tle ba rekisetse bajanala matute a a tswang mo maungong a sone. Le fa go ntse jalo, madi a mantsi a a neng a dirwa ka dinkgisamonate tsa sone ke one a a neng a dira gore se jalwe ka boikaelelo jwa go se rekisa. Ka 1704, Gian Paolo wa kwa Italy yo a neng a fudugetse kwa Jeremane, o ne a dira senkgisamonate se a neng a se bitsa Aqua admirabilis kgotsa “metsi a maemo a a kwa godimo.” Sedirisiwa sa konokono mo go sone e ne e le matute a loungo lwa bergamot. Senkgisamonate seno se ile sa felela se bidiwa eau de Cologne “metsi a Cologne” kgotsa cologne fela, se reeletswe ka motse o se dirilweng kwa go one.
Tshimo ya ntlha ya ditlhare tsa bergamot e ile ya lengwa kwa Reggio mo e ka nnang ka 1750, mme madi a mantsi a a neng a bonwa ka go rekisa senkgisamonate sa bergamot a ile a dira gore ditlhare tseno di jalwe go ya pele. Ditlhare tsa teng di tlhoka maemo a bosa a a lekalekaneng mme fa di lengwa
kafa ntlheng ya borwa go di sireletsa mo diphefong tse di tsididi tsa kwa bokone, mme gone ga di gole sentle mo lefelong le le nang le diphefo tse di bogale, le themperetšha ya lone e fetofetogang ka bonako, le le bongola jwa lone bo nnang nako e e telele. Maemo a bosa a a siameng ke a a sa fetofetogeng a a fitlhelwang mo setsheng se sennye se se leng gaufi le karolo e e kafa borwa ya lobopo lwa naga ya Italy, se se bophara jwa dikilometara di le 5 le boleele jwa dikilometara di le 150. Le fa go dirwa maiteko a go jala ditlhare tsa bergamot kwa mafelong a mangwe, bontsi jwa maungo a tsone a tswa kwa porofenseng ya Reggio. Naga e le nosi fela e nngwe e go tlhagisiwang loungo lono ka bontsi kwa go yone ke ya Côte d’Ivoire mo Afrika.Oli e e nkgang monate ya bergamot—e leng matute a a botala jo bo serolwana—e tswa mo letlapeng la loungo lono. Mokgwa wa bogologolo wa go ntsha oli eno e ne e le go sega loungo lono ka bogare, o bo o ntsha boteng jwa lone, mme letlape la lone le bo le tamosiwa ka tsela ya gore matute a tswe mo karolong e e kafa ntle ya matlape e le matute a a serolwana a a tamosediwang mo teng ga dipontšhe. Go ne go tshwanetse ga gamolwa dikilogerama di ka nna 180 tsa maungo a bergamot gore go tswe kilogerama e le nngwe fela ya matute ano. Gompieno, mo e ka nnang matute otlhe a ntshiwa ka metšhine, e e dirisang didisiki kgotsa tshilo go fala letlape la loungo lotlhe.
Ga lo Itsege Thata Mme lo Dirisiwa Thata
Buka nngwe e bolela gore go ka direga gore loungo lono ga lo itsege thata kwa mafelong a a ka kwa ntle ga Calabria mme “baitse ba dijo bone ba tsaya loungo lwa bergamot lo le botlhokwa thata.” Monko wa lone ga o fitlhelwe fela mo dinkgisamonateng mme gape o fitlhelwa le mo dilong tse di jaaka sesepa, sesepa sa meno le dikherimi. Monko wa bergamot o dirisiwa go natetsha aesekerimi, ditee, dimonamone le dino tse dingwe. E re ka e kgona go thusa mo go direng gore letlalo le nne lerokwa, e tsenngwa mo ditlolong tsa go itshireletsa mo letsatsing. Go kgona ya yone go bolaya megare le dibaketeria go dirile gore e dirisiwe thata mo go tsa kalafi go bolaya megare ka nako ya karo, mo kalafing ya matlho le mo kalafing ya malwetse a letlalo. Seedi sengwe se se mo loungong lwa bergamot se se bidiwang pectin, se e leng motswako o o nonofileng thata o o kgonang go gwamisa dilo, se dirisiwa go thusa go emisa go dutla ga madi le go emisa letshoroma.
Batho ba ba sekasekang dilo ba ile ba kgona go lemoga dilo di le 350 mo matuteng a loungo lwa bergamot, tse di dirang gore le nne le monko o o kgethegileng le melemo e mengwe e mentsintsi. Dilo tseno tsotlhe di fitlhelwa mo loungong lo le longwe fela!
Go ka direga gore bakwadi ba Baebele ba ne ba sa itse sepe ka bergamot. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe fela yo o ratang go sekaseka melemo ya loungo lono lwa losika loo namune le botlhale jwa Modiri wa lone, a ka nna le lebaka le le utlwalang la go bua mafoko a a tshwanang le ano a ga mopesalema: “Bakang Jehofa . . . , lona ditlhare tsa maungo.”—Pesalema 148:1, 9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 6 Fela jaaka batho ba bangwe ba lwatswa ke dilo tse di jaaka mmudula wa tlhaga kgotsa dithunya, ba bangwe ba lwatswa ke dinkgisamonate. Tsogang! ga e buelele sedirisiwa sepe se se rileng.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Matute a “bergamot” a ntshiwa ka go fala letlape la loungo lotlhe
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Danilo Donadoni/Marka/age fotostock