Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

A Lenyalo le ka Kgona go Emelana le Difefo? (July 2006) Ke mmadi wa ka metlha wa makasine wa Tsogang! Ke Mokatoliki, mme gone ke fitlhetse makasine wa lona o kgatlha e bile o ruta. Le fa go ntse jalo, ke batla ke sa dumalane le ntlha e e reng: “Ka 1983 kereke e ile ya repisa molao wa yone malebana le kgolagano ya lenyalo mme ya dira gore go nne motlhofo gore Bakatoliki ba khutlise manyalo a bone.”

G.V.M., Zambia

“Tsogang!” e a araba: Re ne re bua ka dithulaganyo tsa diphetogo tse di mo go “Code of Canon Law” ya 1983. Diphelelo tsa diphetogo tseno di nnile le seabe se segolo, bogolo jang kwa United States. Go ya ka Bishopo wa Kereke ya Katoliki ya Roma e bong Mark A. Pivarunas, ka 1968 ditlhalo tse 338 di ne di dirilwe mo United States. Le fa go ntse jalo, ka 1990 palo eo e ne e setse e tlhatlogetse go 62 824. Ke ka ntlha yang fa go ile ga nna le koketsego jaana?

Mmueledi wa melao ya kereke Edward Peters o ne a bolela jaana: “Diphetogo tse dikgolo tse di dirilweng mo molaong wa kereke mo dingwageng tse 30 tse di fetileng, di ile tsa dira gore go nne le dikopo tsa go fedisa manyalo le go oketsa ditshono tsa gore dikopo tseo di amogelwe.” Morago ga go bua ka diphetogo tse mmalwa tse di dirilweng mo molaong, Peters o oketsa jaana: “Nngwe le nngwe ya diphetogo tseno mo molaong wa kereke ya Roma di bakile gore go nne le koketsego ya ditlhalano.” Go sa kgathalasege maitlhomo a bone, go fetolwa ga melao eno go nnile le seabe ka tlhamalalo kwa United States—jaaka “Tsogang!” e tlhalositse: “[Kereke] e dirile gore go nne motlhofo gore Bakatoliki ba tlhale.”

A go Na Le Mmopi? (September 2006) Kgatiso eno e e kgethegileng ya Tsogang! ruri ke letlotlo. Dikgang tse di mo go yone di motlhofo, di nonofile, di a utlwala, e bile di dira tlhaloganyo. Ke itumeletse thata tsela e makasine ono o kwadilweng ka yone, ka gonne makasine otlhe o buelela setlhogo se le sengwe ka ditsela tse di farologaneng.

A. B., Spain

Ke a leboga ka makasine o o itumedisang jaana e bile o kgatlha. Dikgang tse di farologaneng le ditshwantsho tsa one di tlotla Jehofa. Ruri Jehofa o tlhoka go bakwa ka yone tsela eo.

R. B., Switzerland

Ke tlhatswegile pelo ke bosupi jo bo utlwalang sentle ka popo. Kgang ya gore dilo di iphetogetse fela go nna tse dingwe e tlhalositswe sentle go se na boikutlo bope jwa letlhoo mme ke tlhaloso e e tlhamaletseng le e e boammaaruri e e batlegang mo go tsa saense.

L. G., France

Ba-Roma—Dingwaga di le Sekete Tsa Boipelo le Khutsafalo (October 2006) Ga ke bolo go rata Ba-Roma. Se se utlwisang botlhoko ke gore ba sa ntse ba tlhaolwa. Ke solofela gore setlhogo seno sa lona se tla dira gore batho ba le bantsi ba akanyetse kgang eno. A bo go kgothatsa jang ne go itse gore Jehofa ga a tlhaole le gore Ba-Roma ke bangwe ba baobamedi ba gagwe!

B. B., France

Re Ba-Roma. Rre ga a ise a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, e bile ga se motho yo o ratang go bala. Le fa go ntse jalo, o ne a batla makasine ono, jaanong o mo tafoleng ya gagwe!

A. G., Finland