Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Tila Jang Ditshwantsho Tse di Hepisang?

Nka Tila Jang Ditshwantsho Tse di Hepisang?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Tila Jang Ditshwantsho Tse di Hepisang?

“Mosimane mongwe kwa sekolong o ne a kgomareditse setshwantsho sa mosetsana yo o sa aparang mo teng ga mojako wa lokhara ya gagwe. Lokhara ya gagwe e ne e se kgakala le ya me.”—Robert. *

“Ke ne ke dira patlisiso ya tiro ya sekolo ke dirisa Internet fa ka tshoganyetso ke rakana le lefelo lengwe la ditshwantsho tse di hepisang.”—Annette.

FA BATSADI ba gago ba ne ba lekana le wena, batho ba ba neng ba batla go leba ditshwantsho tse di hepisang ba ne ba tshwanelwa ke go di senka. Gompieno, go lebega fa ditshwantsho tse hepisang e le tsone di go senkang. Fela jaaka Robert, yo o nopotsweng fa godimo, o ka iphitlhela fela o setse o lebile setshwantsho se se hepisang sa mongwe yo o tsenang sekolo le ene o sa ikaelela. Kana, jaaka Annette, o ka se bona mo Internet o sa ikaelela. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 19 o ne a re: “Ka dinako dingwe ke abo ke leba fela kana ke ithekela sengwe fela mo Internet kana ke leba diteitemente tsa banka, fa palakata!ditshwantsho tse di hepisang di tlhagelela.” *

Seno ke selo se se tlwaelegileng. Mo patlisisong nngwe, diperesente di le 90 tsa basha ba dingwaga tse di magareng a 8 le 16 ba re ba rakane le ditshwantsho tse di hepisang ba sa ikaelela fa ba ne ba dirisa Internet —gantsi, e le fa ba dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae! Boammaaruri ke gore, e re ka go na le mafelo a mantsintsi a a tlhagisang ditshwantsho tse di hepisang, go ka nna motlhofo go rakana le tsone go feta le fa e le leng pele. O ka kgona go di fitlhelela le e leng ka mogala wa selula. Denise wa dingwaga di le 16 a re: “Ke selo se se ratwang thata kwa sekolong sa rona. Ka Mantaga, motlotlo e nna ‘Ke ditshwantsho dife tse o kgonneng go di tsenya mo founong ya gago mo mafelobekeng ano?’”

E re ka go na le batho ba bantsi jaana ba ba lebelelang ditshwantsho tse di hepisang, o ka ipotsa go re, ‘A di bosula go le kalo?’ Karabo ke ee, ka ntlha ya mabaka a le mmalwa. Akanyetsa a le mararo fela a one:

Ditshwantsho tse di hepisang di nyenyefatsa batho ba ba di tlhagisang mmogo le ba ba di lebang.—1 Bathesalonika 4:3-5.

▪ Go kgatlhegela ditshwantsho tse di hepisang ke go rata tlhakanelodikobo ka tsela e e feteletseng fela jaaka badimona ba motlha wa ga Noa.—Genesise 6:2; Jude 67.

Gantsi go leba ditshwantsho tse di hepisang ke kgato e e ka dirang gore motho a dire maleo a amanang le tlhakanelodikobo.—Jakobe 1:14,15.

Ditshwantsho tse di hepisang di na le matswela a a bosula mo go ba ba tshwerweng ke serai sa tsone. Akanya ka dikai tse pedi fela:

“Ke ne ka simolola go leba ditshwantsho tse di hepisang ke sa le monnye thata, mme e ne e le ntwa tota go kgaogana le tsone. Go setse go fetile dingwaga tse dintsi, mme ditshwantsho tseo ga di tloge mo mogopolong wa me. Dikakanyo tsa tsone ga di tloge mo tlhaloganyong ya gago, mme ga o nne le segakolodi se se phepa. Ditshwantsho tseno di senya seriti sa gago mme di go tlogela o ikutlwa o le leswe e bile o se na mosola. O nna o rwele mokgweleo o o bokete wa go tshwenngwa ke segakolodi se se molato.”—Erica.

“Ke ne ke lemaletse ditshwantsho tse di hepisang ka dingwaga di le 10, mme ke na le di le 14 ke sa tlhole ke di leba. Le gone jaanong e sa ntse e le ntwa ya letsatsi lengwe le lengwe. Le fa keletso ya go di leba e sa tlhole e le maatla go le kalo, e sa ntse e le gone. Ke sa ntse ke tle ke swegeswege pelo go di leba. Di sa ntse di le gone mo mogopolong. Ke eletsa gore nkabo ke sa simolola mokgwa o o maswe ono. O ne o lebega o se kotsi kwa tshimologong. Mme jaanong ke a lemoga gore o kotsi. Ditshwantsho tse di hepisang di a gobatsa, ga di a siama, mme gape di diga seriti sa ba ba di dirang le ba ba di lebang. Go sa kgathalesege se babapatsi ba se buang, ga go sepe—sepe sepe fela—se se siameng ka ditshwantsho tse di hepisang.”—Jeff.

Go Itshekatsheka

O ka tila jang go iphitlhela o wetse ditshwantsho tse di hepisang o sa ikaelela? Sa ntlha, sekaseka boemo.

O kopana le tsone ka phoso makgetlho a makae?

Ga go ke go direga Ka sewelo

Beke le beke Letsatsi le letsatsi

Gantsi o kopana le tsone kae?

Mo Internet Kwa sekolong

Mo Thelebisheneng Go sele

A gantsi o kopana le tsone ka mokgwa o o rileng?

Akanya ka dikai tse di latelang:

A ba o tsenang sekolo le bone ba go romelela tsone ka e-mail kana ka founo ya selula? Go itse seno go tla go tlhotlheletsa go phimola melaetsa eo pele ga o e bula.

Fa o dirisa Internet, a melaetsa kgotsa ditshwantsho tseo di na le go tlhagelela fa o tsenya mafoko mangwe a o senkang lefelo lengwe ka one? Go itse seo go tla go thusa go nna kelotlhoko go tlhopha mafoko a o a dirisang.

Fa tlase fano, kwala maemo otlhe a a dirileng gore o kopane le ditshwantsho tse di hepisang.

․․․․․

Ka ntlha ya maemo a fa godimo, ke eng se o ka se dirang go fokotsa makgetlho a o kopanang le ditshwantsho tse di hepisang ka one o sa ikaelela? (Kwala dikakanyo tsa gago fano.)

․․․․․

O itshwara jang fa o kopana le ditshwantsho tse di hepisang?

Ke di fularela ka yone nako eo.

Ke na le go di leba go le gonnye ka ntlha ya go swegaswega pelo.

Ke tswelela go di leba ke bo ke batlana le tse dingwe.

Fa o tshwaile kakgelo ya bobedi kgotsa ya boraro, o ka ipeela mokgele ofe mo kgannyeng eno?

․․․․․

Go Ikgolola

Batho bangwe ba ba rakanang le ditshwantsho tse di hepisang ba sa ikaelela ba na le go swegaswega pelo go di leba, mme fa go ntse go ya ba lemalela go di leba. Go ikgolola mo tlwaelong eno ga se kgetsi e potlana. Jeff, yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Pele ga ke ithuta Baebele, ke ne ke dirisa mo e ka nnang mefuta yotlhe ya diokobatsi tse di kotsi. Mme mo dilong tsotlhe tse di neng di ntshwakgotse, ditshwantsho tse di hepisang e ne e le tsone tse ke neng ke palelwa ke go di tlogela.”

Fa e le gore o tshwaeditswe ke tlwaelo ya go leba ditshwantsho tse di hepisang, o se ka wa kgobega marapo. O ka bona thuso. Jang?

Tsaya ditshwantsho tse di hepisang ka tsela e di leng ka yone. Ga se sepe fa e se maiteko a ga Satane a go tlontlolola sengwe se Jehofa a se bopileng se tlotlega. Go di leba ka tsela eno go tla go thusa go “tlhoa se se bosula”— Pesalema 97:10.

Akanya ka ditlamorago. Ditshwantsho tse di hepisang di senya manyalo. Di diga banna le basadi seriti. Di nyenyefatsa motho yo o di lebang. Ke sone se Baebele e reng: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Fa tlase fano kwala masetlapelo a a ka go tlhagelang fa o ka nna le tlwaelo ya go leba ditshwantsho tse di hepisang.

․․․․․

Dira maitlamo. Monna yo o ikanyegang Jobe one a re: “Ke dirile maikano a gore ga ke na go leba lekgarebane ka go le eletsa.” (Jobe 31:1 Today’s English Version) Ano ke ‘maikano’ a se kae a o ka itirelang one:

Ga ke na go dirisa Internet fa ke le nosi mo phaposing.

Ke tla tswala ka bonako molaetsa ope kgotsa lefelo lepe le le tlhagisang ditshwantsho tse di maswe.

Ke tla bua le tsala e e godileng sentle fa nka wela gape mo mokgweng oo.

A o ka akanya ka maikano a mangwe a o ka a dirang a a ka go thusang go lwa le tlwaelo eno ya go leba ditshwantsho tse di hepisang? Fa go le jalo, a kwale fa tlase.

․․․․․

Rapelela kgang eno. Mopesalema o ne a rapela Jehofa jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.” (Pesalema 119:37) Gone ke boammaaruri gore, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go tila sengwe se se ka kgatlhang nama e e nang le boleo. Mme gone Jehofa o batla gore o atlege, mme a ka go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore o kgone go dira se se siameng!—2 Bakorintha 4:7.

Bua le mongwe. A o tlhabiwa ke ditlhong? Gongwe go jalo! Le fa go ntse jalo, akanya gore o tla gololesega go le kana kang fa o sena go ithola morwalo oo. Motho yo o mmolelelang bothata joo jwa gago a ka nna jaaka “morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Go batla motho yo o mmulelang mafatlha gantsi ke kgato e e botlhokwa e e ka go thusang go latlhela mokgwa oo ruri!

Fa o na le mokgwa wa go leba ditshwantsho tse di hepisang, kwala fa tlase fano leina la motho yo o godileng sentle yo o ka gololesegang go mo atamela ka kgang eno.

․․․․․

Tlhomamisega gore o ka atlega mo ntweng eno ya go lwa le go leba ditshwantsho tse di hepisang. Boammaaruri ke gore, nako le nako fa o di fularela, o a bo o fentse ntwa e e botlhokwa. Bolelela Jehofa ka phenyo eo, mme o mo lebogele maatla a a go neileng one. Ka metlha o se lebale gore fa o tila bothata jono jwa go leba ditshwantsho tse di hepisang, o ipedisa pelo ya ga Jehofa!—Diane 27:11.

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana. . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

^ ser. 5 Ditshwantsho tse di hepisang di ka akaretsa ditshwantsho le melaetsa e e kwadilweng le e motho a ka e reetsang. Di diretswe go tsosa keletso mo mothong yo o di lebang, yo o di balang kana yo o di reetsang.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ditshwantsho tse di hepisang di tlontlolola jang sengwe se se tlotlegang?

▪ Ke dikgato dife tse di molemo tse di ka go sireletsang mo ditshwantshong tse di hepisang?

▪ O ka thusa jang monnao kana mogoloo yo o nang le bothata jwa go leba ditshwantsho tse di hepisang?

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

A bangwe ba o tsenang le bone sekolo ba go romelela melaetsa ya ditshwantsho tse di hepisang ka founo?