Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlhokomela Botsogo Jwa Me?

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlhokomela Botsogo Jwa Me?

Basha ba Botsa Jaana

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlhokomela Botsogo Jwa Me?

Tsenya letshwao la ✔ go bapa le mokgele mongwe le mongwe o o ka ratang go o fitlhelela.

Go fokotsa boima jwa mmele

Go tokafatsa mmala wa letlalo la sefatlhego

Go nna le maatla a a oketsegileng

Go nna matlhagatlhaga thata

Go fokotsa go tlhobaela

Go laola bogale

Go ikutlwa ke itshepa thata

GO NA le dilo dingwe mo botshelong tse wena jaaka mosha o ka se kang wa di itlhophela—batsadi ba gago, bomonnao le kwa o nnang teng, fa re umaka di se kae fela. Le fa go ntse jalo, botsogo jwa gago ke kgang e sele. Go sa kgathalesege gore a o na le botsogo jo bo siameng kgotsa nnyaa, go ka ikaega ka mabaka a gore o gotsitse mang le gore o tlhopha go tshela jang. *

O ka nna wa re: ‘Gone mme ke monnye thata gore nka tshwenyega ka botsogo jwa me!’ A tota o akanya jalo? Lebelela lenaane le le fa godimo la mekgele. O tshwaile e le kae ya yone? Le fa o ka tswa o sa dumele, botsogo jo bo molemo bo botlhokwa thata gore o fitlhelele nngwe le nngwe ya mekgele eno.

Gone mme, gongwe boikutlo jwa gago bo ka tswa bo tshwana le jwa ga Amber wa dingwaga tse 17, * yo o reng: “Nka se kgone go nna ke ja dijo tsa ditlhaka, tse di se nang mafura le tse di se nang sukiri ka metlha!” Fa e le gore ke ka tsela e o ikutlwang ka yone, se tshwenyege—ga go tlhokege gore o nne mogaka wa boitekanelo, o tlogele go ja dimonamone kgotsa o taboge sekgala se setelele thata beke le beke. Tota, e bile go tlhokega diphetogo di se kae fela gore o simolole go lebega botoka, o ikutlwe sentle le gore mmele wa gago o bereke sentle. A re bone kafa bangwe ba balekane ba gago ba dirileng seno ka teng.

Ja Sentle—O Lebege Botoka!

Baebele e kgothaletsa gore re nne tekatekano mo mekgweng ya rona. Diane 23:20 (Contemporary English Version) ya re: “O se ka . . . wa ja dijo tse dintsi.” Ga se ka metlha go leng motlhofo go latela kgakololo eno.

“Jaaka basha ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome, ke tshwarwa ke tlala ka metlha. Batsadi ba me ba re mpa ya me e tshwana le mosima o o sa tlaleng!”—Andrew, 15.

“Ka gonne tota ke sa lemoge kafa dijo dingwe di leng kotsi ka teng mo go nna gone jaanong, ga di lebege di le maswe jalo.”—Danielle19.

A o tlhoka go ikgapa thata fa go tla mo kgannyeng ya dijo? Fa tlase fano go na le dilo tse bangwe ba balekane ba gago ba reng di a ba thusa.

Reetsa mpa ya gago. Julia wa dingwaga tse 19 o bolela jaana: “Ke ne ke a tle ke bale di-kilojoule, mme gone jaanong ke emisa go ja fela fa ke ikutlwa ke kgotshe.”

Tila dijo tse di se nang dikotla. Peter wa dingwaga tse 21 a re: “Ka gonne ke ile ka tlogela go nwa dinotsididi tse di nang le asiti, boima jwa me jwa mmele bo ne jwa fokotsega ka dikilogerama tse tlhano mo kgweding e le nngwe fela!”

Tokafatsa mekgwa e e sa siamang ya go ja. Erin wa dingwaga tse 19 o bolela jaana: “Ke leka gore ke seka ka ipoeletsa fa ke ja.”

Sephiri sa go Atlega: O se ka wa fetwa ke dijo dipe! Fa o dira jalo, o tla ikutlwa o tshwerwe ke tlala thata mme o bo o patelesega go ja go feta selekanyo.

Ikatise Mmele mo go Oketsegileng—Ikutlwe Botoka!

Baebele ya re: “Go thapisa mmele go tswela mosola.” (1 Timotheo 4:8) Le fa go ntse jalo, go bonala basha ba bantsi ba sa rate go ikatisa mmele.

● “Ga o kake wa dumela gore ke bana ba le kae ba ba neng ba palelwa ke go falola thuto ya go ikatisa mmele fa ke ne ke le kwa sekolong se segolwane. E ne e le thuto e e motlhofo go tshwana le go ja dijo tsa motshegare!”—Richard21.

“Bangwe ba akanya gore, ‘Ke eng fa ke tshwanetse go taboga kwa ntle mo letsatsing le le mogote gore ke bo ke fufule, ke bo ke lape fa nkabo ke ne ke itshamekela motshameko wa bidio o o dirang gore ke ipone e kete ke motho o sele yo o dirang seo?’”—Ruth, 22.

A lefoko “go ikatisa” ka bolone fela le a go lapisa? Fa go ntse jalo, fa tlase fano go na le mesola e meraro e o ka nnang le yone ka go nna le mokgwa o montle wa go ikatisa mmele.

Mosola #1. Go ikatisa go thusa mmele go lwantsha malwetse. Rachel wa dingwaga tse 19 o bolela jaana: “Ka metlha rre o ne a tle a re, ‘Fa o ka se ka wa bona nako ya go ikatisa mmele, o tla tshwanelwa ke go bona nako ya go lwala.’”

Mosola #2. Go ikatisa go ntsha dikhemikhale tsa boboko tse di ritibatsang. Emily wa dingwaga tse 16 a re: “Go taboga go dira gore ke ritibale fa ke akantse ka dilo tse dintsi. Ke ikutlwa ke lapologetswe mo mmeleng mme mo maikutlong gone ke ikutlwa ke imologetswe tota.”

Mosola #3. Go ikatisa go ka oketsa boitumelo jwa gago. Ruth wa dingwaga tse 22 a re, “Ke rata go nna kwa ntle, ka jalo go ikatisa ga me go akaretsa go iphokisa phefo, go thuma, go relela mo kapokong le go palama baesekele.”

Sephiri sa go Atlega: Iphe bobotlana metsotso e le 20 gararo ka beke go dira sengwe sa go ikatisa mmele se se go tlhokang maatla se o se ratang.

Robala Sentle—O Tla Dira Botoka!

Baebele e bolela jaana: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:6) Fa o sa robale sentle, o ka se ka wa bereka sentle!

“Fa ke sa robala ka mo go lekaneng, ga ke kgone go dira sentle. Ke nna le bothata jwa go tlhoma mogopolo mo go sepe fela!”—Rachel, 19.

“Mo e ka nnang ka nako ya 2:00 p.m. ke lapa thata mo e leng gore nka robala ke ntse ke tshwere motlotlo!”—Kristine, 19.

A o tlhoka go robala mo go oketsegileng? Fa tlase fano go na le dilo tse bangwe ba balekane ba gago ba di dirileng.

Tila go robala bosigo thata. Catherine wa dingwaga tse 18 o bolela jaana: “Ke ntse ke dira maiteko a go robala ka nako e e siameng.”

Tlogela go tlotla go fitlhela bosigo thata. Richard wa dingwaga tse 21 a re: “Ka dinako tse dingwe ditsala tsa me di nteletsa kgotsa di nthomelela melaetsa ka founo go fitlha bosigo thata mme bosheng jaana ke ithutile go emisa motlotlo mme ke bo ke robala.”

Ikemisetse go tlhomama. Jennifer wa dingwaga tse 20 o bolela jaana: “Bosheng jaana, ke leka go robala le go tsoga ka nako e e tshwanang letsatsi le letsatsi.”

Sephiri sa go Atlega: Leka go robala diura di le robedi go ya go di le lesome bosigo bongwe le bongwe.

Ke efe ya dikarolo tse tharo tse go tlotlilweng ka tsone mo setlhogong seno e o tlhokang go e ela tlhoko mo botshelong jwa gago?

dijo go ikatisa mmele go robala

Fa tlase fano, kwala mokgele o o ka ipeelang one o o ka go thusang go tokafatsa mo karolong eo.

․․․․․

O ka itumelela go le gontsi fa o ka tsaya dikgato di se kae fela tse di motlhofo go itlhokomela. Gakologelwa, go nna le botsogo jo bo siameng go tla go thusa gore o lebege sentle, o ikutlwe botoka le gore o dire botoka thata. Mme go farologana le dilo dingwe tse di rileng mo botshelong, botsogo jwa gago ke sengwe se o ka kgonang go se laola. Erin wa dingwaga tse 19 o bolela jaana: “Kwa bofelong, botsogo jwa gago bo ikaegile ka motho a le mongwe fela —wena.”

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Re dumela gore batho ba bantsi ba na le bothata jwa botsogo kgotsa bokoa jo ba ka se kang ba kgona go bo laola. Setlhogo seno se tla thusa batho ba ba ntseng jalo go fitlhelela botsogo jo bo botoka go ya ka mo ba ka kgonang ka teng.

^ ser. 13 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

● Go tlhokomela botsogo jwa gago go ama jang go itshepa ga gago?

● O ka bontsha jang go nna tekatekano fa go tla mo botsogong jwa gago?—Bafilipi 4:5.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 13]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Mmele wa motho o tshwana le koloi—go ikaegile ka mong wa one gore a o tlhokomele. Ke ka lebaka leo ke ratang go ikatisa mmele.”

“Go nna le mongwe yo o ka ikatisang mmele le ene go a go kgothatsa ka gore ga o batle go swabisa motho yo mongwe.”

“Ke rata tsela e ke ikutlwang ka yone fa ke ikatisa mmele. Mme fa ke simolola go lebega botoka ka ntlha ya go ikatisa, go dira gore ke itshepe thata!”

[Ditshwantsho]

Ethan

Briana

Emily

[Lebokoso mo go tsebe 14]

“Ke Ne Ka Fetola Tsela E Ke Neng Ke Tshela Ka Yone”

“Ka nako ya fa ke ne ke le dingwaga di le thataro, ke ne ke le mokimanyana go feta dingwaga tsa me. Tota e bile, se se simologileng e le go ja dilonyana fela tse di monate se ne sa felela e le mokgwa wa go ja dijo tse di se nang dikotla ka di nako tsotlhe! Mme ke ne ke se nke ke dira sepe—e bile ke ne ke sa rate go dira jalo. Pele ga ke lemoga seno, ke ne ke setse ke le mosha wa dingwaga tsa bolesome yo mokima, e leng selo se ke neng ke sa se batle. Ke ne ke sa itumelele tsela e ke neng ke lebega le go ikutlwa ka yone! Nako le nako, ke ne ke leka go fokotsa boima jwa mmele wa me ka go ja dijo tse di kgethegileng mme ka metlha bo ne bo boa bo oketsega. Ka jalo, fa ke le dingwaga di le 15, ke ne ka swetsa gore ke tlhoka go dira diphetogo mo botshelong jwa me. Ke ne ke batla go fokotsa boima jwa mmele ka tsela e e tshwanetseng—tsela e ke tla e latelang botshelo jwa me jotlhe. Ke ne ka reka buka e e buang ka dijo tsa konokono le ka melaometheo ya go ikatisa mmele mme ke ne ka dirisa se ke neng ke se bala mo botshelong jwa me. Ke ne ke ikemiseditse gore le fa nka tswa mo thulaganyong ya me ka nakwana kgotsa ke kgobega marapo, ke ne ke se kitla ke ineela. A o itse gore go ne ga diragalang? Thulaganyo eno e ne ya bereka! Mo lobakeng lwa ngwaga ke ne ka fokotsa boima jwa mmele ka dikilogerama di le 25. Boima jwa me jwa mmele ga bo a ka jwa fetoga ka dingwaga di le pedi. Ke ne ke sa dumele gore seno se tla direga! Ke akanya gore lebaka la go bo ke ile ka atlega ke gore ke ne ke sa je dijo tse di kgethegileng fela—ke ne ka fetola tsela e ke neng ke tshela ka yone. Fa ke sena go lemoga le go amogela gore seno se tlile go ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa me, ke ne ke siametse e bile ke ikemiseditse go dira diphetogo tse di tlhokegang.”—Catherine, 18.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Botsogo jwa gago bo tshwana le koloi—fa o sa bo tlhokomele sentle, bo tla senyega