Tsela ya go Tshela Ka go Le Gonnye
Tsela ya go Tshela Ka go Le Gonnye
GO TSHELA ka go le gonnye go tlhoka go rulaganya dilo sentle. Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa seno. O ne a botsa jaana: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28, 29) Fa o dirisa molaomotheo oo, o ka kgona go “bala ditshenyegelo” tsa go tshela ka se o nang le sone fa o dira lenaane la madi a o tla a dirisang. Lenaane leno le bereka jang? Leka seno:
Fa o tla ka madi a o a amogetseng, a kgaoganye go ya ka ditshenyegelo tse o nang le tsone gone jaanong kgotsa tse o tla nnang le tsone mo isagweng. (Bona lebokoso le le mo tsebe 8.) Fa o itse gore ditshenyegelo tsa gago ke eng, o kgona go bona gore madi a gago a ya kae le gore o dirisa a le kana kang mo dilong tse di seng botlhokwa. Mme seo se tla go thusa gore o itse gore o ka fokotsa kae.
Go dira gore lenaane la madi a o tla a dirisang le go thuse, dirisa dikakantsho tse di latelang.
Reka ka Botlhale
Fa Raúl a ne a latlhegelwa ke tiro, mosadi wa gagwe e bong Bertha o ne a fetola tsela e a rekang ka yone. A re: “Ke ne ke lebelela dipampitshana tsa ditlhwatlhwa tse di kwa tlase le mabenkele a a rekisang dilwana ka tlhwatlhwa e e kwa tlase, a a rekisang dilwana di le pedi ka tlhwatlhwa ya se le sengwe.” Fa tlase fano go na le dikakantsho dingwe:
● Dira tshwetso ya gore mo bekeng go tla jewa dijo dife go ikaegile ka gore ke eng se se leng tlhwatlhwatlase.
● Reka dilwana tsa konokono go na le go reka dijo tse di setseng di apeilwe mme o ikapeele tsone.
● Reka dilwana tse di oketsegileng fa di rekisiwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase kgotsa fa di rekisiwa ka paka ya tsone.
● Reka dilo ka bontsi mme nna kelotlhoko gore o se ka wa reka dilo tse dintsi thata tse kgabagare di tla senyegang.
● Somarela madi ka go reka diaparo tsa boleng jo bo kwa godimo tse di setseng di dirisitswe tse di rekisiwang mo mabenkeleng.
● Ya kwa mafelong a go itsegeng gore ditlhwatlhwa tsa one di kwa tlase fa e le gore seno se ka se go tlhoke madi a mantsi.
● Fokotsa makgetlo a o rekang ka one. *
Kwala Lenaane
Fred a re: “Re ne ra tshwanelwa ke gore re dire lenaane la madi a re tla a dirisang, ka jalo ke ne ka boloka rekoto ya se re tlhokang go se duela ka bonako le madi a re neng re tla tlhoka go a dirisa mo kgweding yotlhe.” Mosadi wa gagwe e bong Adele o oketsa jaana: “Ke ne ke itse sentle gore ke tla dirisa madi a kana kang fa ke ya marekisetsong. Ka dinako tse dingwe fa ke ne ke tlhoka go rekela bana sengwe kgotsa go reka sengwe se re tla se dirisang mo ntlong, ke ne ke lebelela lenaane la madi a re tla a dirisang mme ke bo ke akanya gore, ‘Ga ke kgone go se duelela, ka jalo re tla tshwanelwa ke go leta go fitlha kgwedi e e latelang.’ Go nna le lenaane le le kwadilweng la dilo tse re di tlhokang ke gone go re thusitseng!”
Pele ga o Reka, Akanya
Itlwaetse mokgwa wa go ipotsa jaana: ‘A tota ke tlhoka selo seno? A se ke nang le sone se onetse, kgotsa a ke fela gore ke batla se sesha?’ Fa e le gore ga o dirise sengwe thata, a go se hira go ka thusa? Kgotsa fa o akanya gore o tla se dirisa thata, a go reka se se kileng sa dirisiwa mme se le mo maemong a a siameng le gone go ka thusa?
Le fa dingwe tsa ditsela tseno di ka tswa di bonala di se botlhokwa, di ka thusa thata! Kgang ke gore, fa o itlwaetsa go somarela mo ditshenyegelong tse dinnye, o ka kgona go dira se se tshwanang le mo go tse dikgolo.
Somarela
Gore o fokotse madi a o a dirisang mo dilong tse di seng botlhokwa, akanya maano a masha. Ka sekai, Adele o tlhalosa jaana: “Re ne re na le dikoloi di le pedi ra rekisa e nngwe ka bonako mme ra dira thulaganyo ya go tsamaya le ba bangwe ka koloi. Go somarela peterole, re ne ra rulaganya go dira dilo di le dintsi ka mo re ka kgonang ka teng mo loetong lo le longwe. Re ne ra ikemisetsa go dirisa madi mo dilong tse di botlhokwa fela.” Fa tlase fano go na le ditsela tse o ka di dirisang go somarela:
● Lema tshingwana mme o ijalele merogo.
● Latela ditaelo tsa modiri tsa kafa o tshwanetseng go tlhokomela ka teng didirisiwa tse di rileng, e leng selo se se ka dirang gore di nne nako e telele.
● Apola diaparo tsa gago tsa botlhokwa ka bonako fela fa o fitlha kwa gae—sengwe se se tla dirang gore di nne di lebege di le disha ka nako e telele.
O se Ka wa Itlhaola!
Batho ba le bantsi ba ba latlhegelwang ke ditiro tsa bone ba a ikgogona ba bo ba itlhaola. Mme go ne go sa nna jalo ka Fred! Ba lelapa la gagwe go akaretsa le bana ba gagwe ba ba setseng ba godile ba ne ba mo tshegetsa le go mo akanyetsa. A re: “Re ne ra ithuta go thusana mme seno se ne sa dira gore re atamalane. Rotlhe re ne re tlhaloganya gore, ‘Re mmogo mo go seno.’”
Gape Fred o ne a nonotshiwa ke Bakeresete ka ene fa ka metlha a ne a kopana le bone kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. A re: “Gantsi ke ne ke ikutlwa ke kgothatsegile morago ga dipokano tsa rona tsa Bokeresete. Mongwe le mongwe o ne a le pelonomi e bile a nkakanyetsa. Ka ntlha ya thuso le kgomotso ya bone, re ne ra lemoga gore ga re nosi.”—Johane 13:35.
Go Solegelwa Molemo ke Tumelo
Go tlhoka tiro go galefisitse batho ba le dimilione e bile go dirile gore ba ikutlwe ba tsieditswe ke bathapi ba bone. Raúl, yo o umakilweng pelenyana, o ne a utlwisitswe botlhoko thata ke go latlhegelwa ke tiro ka makgetlo a mabedi—lekgetlo la ntlha e le kwa nagagaeng ya gagwe kwa Peru mme morago ga foo kwa New York City. Morago ga gore Raúl a lebogisiwe tiro ka lekgetlo la bobedi, o ne a swetsa jaana: “Mo lefatsheng gompieno, ga go na sepe se se tlhomameng.” O ne a sa kgone go bona tiro dikgwedi di le mmalwa. Ke eng se se neng sa mo thusa go lepalepana le boemo joo? Raúl o ne a re: “Ke ne ka simolola go nna le kamano e e gaufi le Modimo mme ka lemoga gore go bona pabalesego ya mmatota ke tlhoka fela go mo ikanya.”
Raúl ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme go ithuta Baebele ga gagwe go mo thusitse gore a nne le tumelo e e nonofileng mo go Rraagwe wa kwa legodimong yo o amegang ka ene, yo o solofetsang jaana: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” (Bahebera 13:5) Maemo a ne a se motlhofo. A re: “Ka metlha re ne re rapelela dilo tsa botlhokwa tse re di tlhokang mme re ne ra ithuta go itumelela se Modimo a se re nayang.” Mosadi wa ga Raúl e bong Bertha, o oketsa jaana: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke tshoga thata ke ipotsa gore a Raúl o tla bona tiro. Mme re ne ra bona gore Jehofa o araba dithapelo tsa rona ka go re tlamela letsatsi le letsatsi. Ka tsela nngwe, le fa gone re ne re se na go le gontsi jaaka pele, botshelo jwa rona bo ne bo sa raraana.”
E re ka Fred e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, go ithuta Baebele go ile ga ama thata tsela e a neng a lepalepana le seemo sa gagwe ka yone. A re: “Ka dinako tse dingwe, re batla pabalesego mo tirong, mo maemong kgotsa mo go nneng le madi a mantsi. Mme ke ne ka ithuta gore pabalesego e le yosi fela e re ka nnang le yone ke e e tswang kwa go Jehofa Modimo, le gore kamano ya rona le ene e re naya pabalesego ya mmatota.” *
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go laola madi a gago, bona makasine wa rona o o tsamaisanang le ono wa Tora ya Tebelo ya August 1, 2009, tsebe 10-12.
^ ser. 30 Patlisiso nngwe e lemogile gore mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa dilwana tse di rekwang ke batho ke tse ba neng ba sa ikaelela go di reka.
[Mafoko a a mo go tsebe 9]
“Ka metlha re ne re rapelela dilo tsa botlhokwa tse re di tlhokang mme re ne ra ithuta go itumelela se Modimo a se re nayang”
[Lebokoso/Tšhate mo go tsebe 8]
Kafa o ka Dirang Lenaane la go Dirisa Madi ka Gone
(1) Kwala ditshenyegelo tsa gago tse di botlhokwa tsa kgwedi le kgwedi. Boloka rekoto ya kgwedi yotlhe ya madi otlhe a o a dirisang mo dijong, mo ntlong (rente kgotsa kadimo ya madi a ntlo), dikoloto tsa motlakase le metsi, ditshenyegelo tsa koloi le dilo tse dingwe tse di botlhokwa. Malebana le dikoloto tse di duelwang ka ngwaga, aroganya madi a o tshwanetseng go a duela ka 12, gore o tle o itse gore o tla duela bokae kgwedi le kgwedi.
(2) Rulaganya ditshenyegelo ka dikarolo tsa tsone. Tseno di akaretsa dijo, ntlo, ditshenyegelo tsa koloi le tsa go tsaya loeto, jalo le jalo.
(3) Bona gore o ka dirisa madi a a kana kang kgwedi le kgwedi mo go a o a boloketseng karolo nngwe le nngwe. Mo dikolotong tse di duelwang ka ngwaga, o tshwanetse go “bala” gore o tla tlhoka go beela madi a a kana kang kwa thoko kgwedi nngwe le nngwe.
(4) Kwala gore lotlhe mo ntlong lo amogela madi a a kana kang. Ntsha madi a a gogiwang a a jaaka makgetho. Bapisa seno le ditshenyegelo tsa gago.
(5) Kgwedi le kgwedi beela kwa thoko madi a a tlhokegang go duelela karolo nngwe le nngwe. Fa o dirisa madi ka tlhamalalo, mokgwa o o motlhofo ke go tshwaya dienfelopo go ya ka dikarolo tse o di duelelang. Mme go tswa foo, gangwe le gape tsenya madi a a tlhokegang go duelela tshenyegelo e e rileng mo enfelopong e e tshwanetseng.
Tlhagiso: Fa e le gore o dirisa karata ya sekoloto, e dirise ka botlhale! Gantsi thulaganyo ya go dirisa lenaane la madi e ile ya senngwa ke thaelo ya go ‘reka gone jaanong, mme o duele moragonyana.’
[Tšhate]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Lotseno Lotlhe Lwa Kgwedi le Kgwedi
TUELO YOTLHE YA KGWEDI R․․․․․ TSE DINGWE R․․․․․
LE KGWEDI
TUELO YOTLHE YA BANET PALOGOTLHE YA LOTSENO
BANGWE MO LELAPENG R․․․․․ LWA MADI A A AMOGELWANG
R․․․․․
Lenaane la Madi Madi a Tota a Dirisediwang
a a Tla Dirisediwang Ditshenyegelo Tsa Kgwedi
Ditshenyegelo Tsa kgwedi
R․․․․․ Rente Kgotsa Kadimo R․․․․․
ya Madi a Ntlo
R․․․․․ Inshorense/Makgetho R․․․․․
R․․․․․ Dikoloto Tsa Metsi le R․․․․․
Motlakase
R․․․․․ Koloi R․․․․․
R․․․․․ Boitlosobodutu/Maeto R․․․․․
R․․․․․ Founo R․․․․․
R․․․․․ Dijo R․․․․․
R․․․․․ Tse Dingwe R․․․․․
PALOGOTLHE YA LENAANE PALOGOTLHE YA MADI A TOTA
LA MADI A A TLA DIRISIWANG A DIRISIWANG
R․․․․․ R․․․․․
Bapisa Lotseno le Ditshenyegelo
LOTSENO LOTLHE LWA R․․․․․
KGWEDI LE KGWEDI R
NTSHA− MADI A A SALANG
DITSHENYEGELO TSA R․․․․․ R․․․․․
KGWEDI LE KGWEDI