Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 1

Egepeto mo Hisitoring ya Baebele

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 1

Baebele e ne ya kwalwa ka lobaka lwa dingwaga tse di ka nnang 1 600 tse di fetileng. Hisitori ya yone le boporofeti jwa yone bo amana le mebusomegolo ya lefatshe e le supa: Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika, Roma le Baesemane le Baamerika. Nngwe le nngwe ya dipuso tseno e tla sekasekiwa mo motseletseleng wa ditlhogo di le supa. Boikaelelo jwa go bo ditlhogo tseno di kwalwa ke bofe? Ke go bontsha gore Baebele e ka ikanngwa le gore e tlhotlheleditswe ke Modimo e bile molaetsa wa yone o naya tsholofelo ya gore pogo e e bakilweng ke go sa buseng sentle ga dipuso tsa batho e tla fela.

EGEPETO, e e itsegeng ka dipiramiti tsa yone le Noka ya Nile, e ne ya nna mmusomogolo wa ntlha wa lefatshe wa hisitori ya Baebele. Setšhaba sa Iseraele se ne sa tlhongwa ka fa tlase ga maemo a yone a a babalesegileng le a a sireletsegileng ka tsela e e lekanyeditsweng. Moshe, yo o kwadileng dibuka tsa ntlha tsa Baebele tse tlhano, o ne a tsholelwa kwa Egepeto a bo a rutwa teng. A hisitori ya lefatshe le thutamarope di tshegetsa se Moshe a ileng a se kwala ka naga eo ya bogologolo? Ela tlhoko dikai dingwe.

Hisitori E e Ka Ikanngwang

Direto le dinako.

Hisitori e e nepileng gantsi e tlhalosiwa ka botlalo—dingwao, melao ya boitshwaro, maina le direto tsa badiredi bagolo le tse dingwe. Dibuka tsa ntlha tse pedi tsa Baebele, Genesise le Ekesodo, di boammaaruri go le kana kang mo ntlheng eno? Fa J. Garrow Duncan a bua ka pego ya Genesise e e anelang ka Josefa, morwa wa tlhogo ya lotso e bong Jakobe, le ka buka ya Baebele ya Ekesodo, o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya New Light on Hebrew Origins: “[Mokwadi wa Baebele] o ne a tlwaelane thata le puo ya kwa Egepeto, dingwao, ditumelo, botshelo jwa lelapa la segosi le melao ya boitshwaro le badiredi ba bagolo ba koo.” O oketsa jaana: “[Mokwadi] o dirisa sereto kgotsa maemo a a tshwanetseng fela jaaka a ne a dirisiwa ka nako e go buiwang ka yone. . . . Tota e bile, ga go na sepe se se tlhalosang ka botlalo kitso ya dilo tsa Egepeto e e mo Tesetamenteng e Kgologolo e bile e le ka tsela e e tlhatswang pelo, le tsela e bakwadi ba neng ba ikanyega ka yone, go feta kafa lefoko Faro le neng le dirisiwa ka gone ka dinako tse di farologaneng.” Duncan gape a re: “Fa [mokwadi] a bua ka baanelwa ba gagwe ba le fa pele ga Faro, o ba tlhalosa ba latela melao ya boitshwaro mo lelapeng la segosi e bile o dirisa puo e e tshwanetseng.”

Go dira ditena.

Ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba le mo bokgobeng kwa Egepeto, ba ne ba dira ditena ka seretse se se kopantsweng le lotlhaka, lo lo neng lo dirisiwa go di tshwaraganya. (Ekesodo 1:14; 5:6-18) * Dingwaga dingwe tse di fetileng, buka ya Ancient Egyptian Materials and Industries e ne ya tlhalosa jaana: “Ke mo dinageng di le mmalwa fela kwa [go dira ditena] go neng go tlwaelegile go gaisa kwa Egepeto, kwa ditena tse di omisitsweng ka letsatsi di sa ntseng di le teng fela jaaka pele, e le didirisiwa tsa konokono tsa kago mo nageng eo.” Buka eno gape e tlhalosa “tlwaelo ya Baegepeto ya go dirisa lotlhaka mo go direng ditena” e leng lebaka le lengwe le le tshegetsang pego e e kwadilweng mo Baebeleng.

Go beola ditedu.

Banna ba Bahebera ba bogologolo ba ne ba godisa ditedu. Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela gore Josefa o ne a beola ditedu pele ga a itlhagisa fa pele ga ga Faro. (Genesise 41:14) Ke ka ntlha yang fa a ile a beola ditedu? O ne a dira jalo gore a tsamaisane le ngwao ya Baegepeto le melao ya boitshwaro, e e neng e tsaya go nna le moriri mo sefatlhegong e le letshwao le le supang gore motho ga a phepa. Buka ya Everyday Life in Ancient Egypt e bolela jaana: “[Baegepeto] ba ne ba ipelafatsa ka go bo ba se na ditedu.” Tota e bile, didirisiwa tsa bone tsa go ipeola tse di akaretsang magare, di-tweezer le diipone, mmogo le diphuthelo tsa tsone, di ne tsa fitlhelwa mo mabitleng. Go bonala sentle gore Moshe e ne e le mokwaladitiragalo yo o kelotlhoko thata. Seno ke se se ka bolelwang le ka bakwadi ba bangwe ba Baebele ba ba kwadileng ditiragalo tse di amanang le Egepeto wa bogologolo.

Tsa kgwebo.

Jeremia, yo o neng a kwala dibuka tse pedi tsa Dikgosi, o ne a tlhalosa ka botlalo dintlha tse di buang ka kgwebo ya dipitse le ya dikara e Kgosi Solomone a neng a e dira le Baegepeto le Bahite. Baebele e tlhalosa gore kara e ne e rekwa ‘ka dipapetlana tsa selefera di le makgolo a le marataro, mme pitse ka di le lekgolo le masome a matlhano,’ kgotsa ka kwatara e le nngwe ya tlhwatlhwa ya kara.—1 Dikgosi 10:29.

Go ya ka buka ya Archaeology and the Religion of Israel, diphitlhelelo tsa ga rahisitori wa Mogerika e bong Herodotus le tsa baithutamarope di tlhomamisa gore kgwebo ya dipitse le dikara e e neng e aname e bile e atlegile, e ne e dirwa ka nako ya puso ya ga Solomone. Fa buka eo e gatelela dipalo tse di mo Baebeleng e tlhalosa gore tota e bile, “go ne go tlhomilwe selekanyo se se tlhomamisitsweng sa go ananya dipitse di le nnè . . . ka kara e le nngwe ya Egepeto.”

Dintwa.

Jeremia le Esera le bone ba umaka go tlhaselwa ga Juda ke Faro Shishake mme ba tlhalosa ka tlhamalalo gore go ne ga direga “mo ngwageng wa botlhano wa ga Kgosi Rehoboame [wa Juda]” kgotsa ka 993 B.C.E. (1 Dikgosi 14:25-28; 2 Ditiragalo 12:1-12) Ka lobaka lo loleele, pego e le nngwe e e tlhalosang ka tlhaselo eo, e ne e le e e fitlhelwang mo Baebeleng fela. Mme go ne ga bonwa letlapanakwalelo mo loboteng lwa tempele ya Baegepeto kwa Karnak (Thebese wa bogologolo).

Mo letlapanakwalelong leo go tshwantshitswe Shishake a eme fa pele ga modimo Amone, a tsholeditse seatla a itaya batshwarwa. Gape go ne go kwadilwe le maina a metse ya Iseraele e e neng ya fenngwa, e bontsi jwa yone go buiwang ka yone mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, letlapanakwalelo leo le umaka “Tshimo ya ga Aberame”—lekgetlo la ntlha dipego tsa Baegepeto di bua ka Aborahame tlhogo ya lotso, yo go buiwang ka ene mo Baebeleng.—Genesise 25:7-10.

Go bonala sentle gore bakwadi ba Baebele ba ne ba sa kwale dilo tse ba di itlhametseng fela. E re ka ba ne ba lemoga gore ba ne ba ikarabela mo Modimong, ba ne ba kwala boammaaruri, tota le fa go dira jalo go ne go sa itumedise—jaaka mo kgannyeng ya diphenyo tsa ga Shishake kwa Juda. Boikanyegi jo bo ntseng jalo bo farologana thata le go fitlha boammaaruri le go feteletsa ditiragalo ga bakwadi ba bogologolo ba Baegepeto, ba ba neng ba gana go kwala sepe se se neng se ka tswa se sa tlotlomatse babusi kgotsa batho ba bone.

Boporofeti Jo bo Ka Ikanngwang

Jehofa Modimo, yo e leng ene Mokwadi wa Baebele, ke ene fela yo o ka se kang a palelwa ke go bolelela pele isagwe. Ka sekai, ela tlhoko se a neng a tlhotlheletsa Jeremia go se bolelela pele malebana le metse e mebedi ya Egepeto—Memefise le Thebese. Memefise kgotsa Nofe, e ne e kile ya bo e eme sentle mo go tsa kgwebo, dipolotiki e bile e le boremelelo jwa bodumedi. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a re: “Nofe ka boene o tla nna selo fela sa go akabalelwa fela mme ruri o tla fisiwa ka molelo, gore a tle a nne a se na monni.” (Jeremia 46:19) Mme go ile ga nna fela jalo. Buka ya In the Steps of Moses the Lawgiver e bolela gore “matlotla a magolo a Memefise” a ne a thopiwa ke batlhasedi ba Baarabia, ba ba neng ba a dirisa e le kwari. E oketsa ka gore gompieno “mo tikologong ya motse oo wa bogologolo ga go na le fa e le leje le le bonalang mo mmung o montsho.”

Thebese, e pele e neng e bidiwa No-amone kgotsa No, le yone e ne ya welwa ke masetlapelo a a tshwanang, mmogo le medimo ya yone e e se nang mosola. Fa Jehofa a ne a bua malebana le motse ono o e kileng ya bo e le motsemogolo wa Egepeto e bile e le boremelelo jwa kobamelo ya modimo Amone, o ne a re: “Ke lebisa tlhokomelo ya me mo go Amone . . . le mo go Faro le mo go Egepeto le mo medimong ya gagwe . . . Mme ke tla ba tsenya . . . mo seatleng sa ga Nebukaderesare kgosi ya Babelona.” (Jeremia 46:25, 26) Fela jaaka go ne go boleletswe pele, mmusaesi wa Babelona o ne a fenya Egepeto le motse wa yone o o humileng wa No-amone. Mme morago ga gore mmusi wa Moperesia e bong Cambyses II a tlhasele motse ono gape ka 525 B.C.E., ka iketlo o ne wa felelwa ke thata mme kgabagare wa senyediwa ruri ke Baroma. Ee, boporofeti jo bo nepileng jwa Baebele bo dira gore e se ka ya tshwana le buka epe e nngwe, e leng selo se se dirang gore re nne le tsholofelo ka se e se bolelang ka isagwe ya rona.

Tsholofelo E o Ka e Ikanyang

Boporofeti jwa ntlha jo bo kwadilweng mo Baebeleng bo ne jwa kwalwa ke Moshe ka nako ya fa Egepeto e le mmusomogolo wa lefatshe. * Boporofeti joo jo bo fitlhelwang mo go Genesise 3:15, bo bolela gore Modimo o ne a tla ntsha “losika,” lo lo neng lo tla senya Satane le “losika” lwa gagwe—batho ba ba amogelang ditsela tse di boikepo tsa ga Satane. (Johane 8:44; 1 Johane 3:8) “Losika” lwa konokono lwa Modimo lo ile lwa itshupa e le Mesia, Jesu Keresete.—Luke 2:9-14.

Puso ya ga Keresete e tla akaretsa lefatshe lotlhe, le mo go lone a tla tlosang boikepo jotlhe le dipuso tsa batho tse di gatelelang. Ga go kitla go tlhola go nna le ‘motho yo o tla laolang yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Mo godimo ga moo, jaaka Joshua wa bogologolo, yo o neng a etelela Baiseraele pele go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Jesu o tla etelela pele ka pabalesego “boidiidi jo bogolo” jwa batho ba ba boifang Modimo, go tsena mo go se se gaisang “Lefatshe le le Solofeditsweng”—lefatshe le le phepafaditsweng le le tla fetolwang go nna paradaise ya lefatshe lotlhe.—Tshenolo 7:9, 10, 14, 17; Luke 23:43.

Tsholofelo eo e e botlhokwa gape e re gakolola boporofeti jo bongwe jo bo neng jwa kwalwa ka nako ya Egepeto wa bogologolo. Boporofeti joo jo bo fitlhelwang mo go Jobe 33:24, 25, bo tlhalosa gore Modimo o tla golola batho le e leng mo “kgatamping” kgotsa mo lebitleng, ka thulaganyo ya tsogo. Ee, mmogo le ba ba tla falolang tshenyego e e tlang ya baikepi, dimilione di le dintsi tse gone jaanong di suleng di tla tsosediwa mo botshelong ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng. (Ditiro 24:15) Tshenolo 21:3, 4 ya re: “Mogope wa Modimo o mo bathong. O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”

Hisitori le boporofeti jo bo ka ikanngwang—setlhogo seo se tla tswelela mo motseletseleng ono wa ditlhogo mme se tla tlotla ka Asiria wa bogologolo, e leng mmusomogolo o o neng wa latela Egepeto.

^ ser. 7 Fa o se na Baebele mme o dirisa Internet, o ka kgona go lebelela ditemana mo khomputareng mo atereseng eno ya Internet ya www.watchtower.org ka Seesemane.

^ ser. 18 Boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 bo ne jwa buiwa ke Modimo kwa tshimong ya Edene mme moragonyana bo ne jwa kwalwa ke Moshe.