Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bodumedi bo Tla Tsamaya bo Rotloetsa Kagiso?

A Bodumedi bo Tla Tsamaya bo Rotloetsa Kagiso?

A Bodumedi bo Tla Tsamaya bo Rotloetsa Kagiso?

“A RE direng lefatshe lefelo le le botoka. A re fediseng bodumedi.” Ke se mofilosofi wa Mo-Dutch e bong Floris van den Berg a se akantshang mo puong ya gagwe e e gatisitsweng e e reng “Kafa re ka Fedisang Bodumedi ka Gone Mme ka Ntlha Yang.” Go ralala lefatshe, bomankge ba dithuto tse di farologaneng le bone ba buelela kgang ya go fedisiwa ga bodumedi.

Steven Weinberg, yo e leng mogapi wa sekgele sa Nobel e bile e le mankge wa fisikisi o bolela jaana: “Lefatshe le tlhoka go itharabologelwa mo borokong jo bogolo jwa go dumela mo Modimong.” Kgopolo ya gore bosula jwa lefatshe leno bo ka fokodiwa thata ka go nyeletsa bodumedi e ntse e buelelwa phatlalatsa mo dingwageng tsa bosheng. Dibuka tse di kgatlhanong le bodumedi di a oketsega e bile di ratiwa thata.

Baitsesaense ba ba di gogang kwa pele ba ile ba kopana gore ba sekaseke se ba reng ke tlhokego e e potlakileng ya go fedisa bodumedi. Balatolamodimo ba bua ba sa fitlhe sepe kafa ba tlhoileng bodumedi ka gone. A batho bano ba ba rutegileng e bile ba tlotliwa ba nepile?

A go Na le Bodumedi bo le Bongwe Jwa Boammaaruri?

Fa madumedi otlhe e ne e le a maaka e bile go se na Modimo, go ne go ka bonala go utlwala gore bodumedi bo fedisiwe. Mme go tweng fa e le gore Modimo o teng? Mme go tweng he, fa e le gore go na le setlhopha sa batho mo lefatsheng se se emelang Modimo ka tsela e e tshwanetseng—bodumedi jwa boammaaruri?

Dipatlisiso tse di dirilweng ka kelotlhoko mo hisitoring ka bodumedi di bontsha gore go na le mofuta o le mongwe fela wa kobamelo o o tlhomologileng mo madumeding otlhe a a farologaneng. Ke mofuta wa kobamelo o o nang le batho ba le mmalwa gompieno. Bodumedi jono bo ile jwa tlhomiwa ke Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe. Mme ga bo emelwe ke se madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ntseng a se dira mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng.

Madumedi a a ipitsang a Bokeresete a farologana jang le bodumedi jo bo ileng jwa tlhomiwa ke Jesu Keresete? A farologane ka ditsela di le dintsi. Mma re sekasekeng nngwe ya tsone.

‘Ga se Karolo ya Lefatshe’

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa itshunye nko mo dikgannyeng tsa dipolotiki. Seno se tsamaisana le go sa tseye letlhakore ga ga Jesu. Baebele e bega gore bobotlana mo makgetlong a le mabedi, Jesu o ne a gana a nitame fa a ne a kopiwa go nna mmusi wa dipolotiki. (Mathaio 4:8-10; Johane 6:15) Jesu o ile a ba a kgalemela barutwa ba gagwe ba ba neng ba batla go dirisa dikgoka go thibela gore a se ka a tshwarwa.—Mathaio 26:51, 52; Luke 22:49-51; Johane 18:10, 11.

Fa mmusi wa Moroma wa kwa Judea a ne a botsa dipotso tse di malebana le ditatofatso tse di ka ga maikemisetso a ga Jesu mo go tsa dipolotiki, Jesu o ne a araba potso eo sentle ka go re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 18:36) Ga go na pelaelo gore Jesu o ne a ka se nne le seabe mo mekgatlhong ya dipolotiki le ya sesole ya motlha wa gagwe.

Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba dira se se tshwanang. Dipatlisiso tse di ileng tsa sobokanngwa ke setlhopha sa babatlisisi ba go builweng ka bone pelenyana mo motseletseleng ono wa ditlhogo di tlhalosa jaana: “Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa dumele mo dintweng. . . . Bontsi jwa Bakeresete ba ne ba gana go ikwadisa mo sesoleng e bile ba sa batle go lwa.” Dithuto tsa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe di ne di gatelela go rata baagelani go akaretsa le batho ba ba sa ba itseng le ba ditso le merafe e e farologaneng. (Ditiro 10:34, 35; Jakobe 3:17) Ruri bodumedi jono bo ne bo rotloetsa kagiso.

Kgabagare dikgopolo tsa kwa tshimologong tsa Bokeresete di ile tsa kgotlelwa ke ditlhotlheletso tse di kgaoganyang batho tsa filosofi, dingwao le bosetšhaba. Dipatlisiso tsa hisitori tse di umakilweng pelenyana di bolela jaana malebana le seabe se bodumedi bo nnileng le sone mo dintweng: “Go sokologa ga [Mmusimogolo wa Roma] e bong Constantine go ile ga dira gore mokgatlho wa Bokeresete e nne wa sesole—o sa tlhole o kaelwa ke dithuto tsa kutlwelobotlhoko tsa ga Keresete, go na le moo, o kaelwa ke mekgele ya Mmusimogolo ya sepolotiki le ya go fenya dinaga. Bakeresete, go akaretsa le Mmusimogolo, ba ne ba patelesega go batla mabaka a bodumedi a go buelela ntwa.” Go ile ga simologa mofuta o e seng wa boammaaruri wa Bokeresete.

Setlhopha se se “Tlhomologileng”

A Bokeresete jwa kwa tshimologong bo latlhegetse ruri? Le e seng. Go na le setlhopha se le sengwe se se tlhokang go elwa tlhoko gompieno. Ga go na bodumedi bope jo bo etsang Bakeresete ba ntlha jaaka Basupi ba ga Jehofa. Ga ba amanngwe le bodumedi bope jwa madumedi a a ipitsang a Bokeresete. The Encyclopedia of Religion e ba tlhalosa e le ba ba “tlhomologileng” ka gonne dilo tsotlhe tse ba di dumelang di theilwe mo “go se Baebele e se bolelang, se se sa dumalaneng gotlhelele le dingwao.”

Fela jaaka Bakeresete ba ntlha, Basupi ba ga Jehofa ga ba itshunye nko mo dikgannyeng tsa dipolotiki. Pampiri e e gatisitsweng ke National Academy of Sciences of Ukraine e tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ba ikemiseditse go fenya “dikgotlhang tsa merafe, tsa bosetšhaba, tsa bodumedi, tsa botho le tsa ikonomi.” Patlisiso eo e tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo “ditirong tse di kgatlhanong le puso” e bile ke “baagi ba ba ikobelang melao ya dinaga tse ba nnang mo go tsone.”

Porofesa Wojciech Modzelewski wa Yunibesithi ya Warsaw kwa Poland o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Pacifism and Vicinity: “Basupi ba ga Jehofa ke setlhopha se segolo sa batho ba ba kgatlhanong le dintwa mo lefatsheng gompieno.” E re ka ba latela sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, go ka nna ga twe Basupi ba ga Jehofa ba ile ba atlega go tsosolosa mofuta wa kobamelo o o ileng wa tlhomiwa ke Keresete le baaposetoloi ba gagwe. Ruri ono ke mofuta wa Bokeresete o o rotloetsang kagiso.—Bona lebokoso le le mo tsebeng e e latelang.

Isagwe e e Itumedisang

Gone ke boammaaruri gore bontsi jwa baobamedi ba ba dipelo di phepa—tota le e leng baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi—ba tenwa ke boitimokanyi jwa madumedi a bone. Batho ba le bantsi ba bodumedi ba ba ikemiseditseng go rotloetsa kagiso le kutlwano mo lefatsheng ba tshwanetse go akgolwa.

Le fa go ntse jalo, le fa ba ikemiseditse go le kana kang, batho ga ba na maatla a go rarabolola mathata a lefatshe. Moporofeti wa bogologolo e bong Jeremia o ne a kwala jaana: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

Mme go na le isagwe e e itumedisang. Lefoko la Modimo le ruta gore go tla nna le setšhaba se sesha sa batho ba ba ratang kagiso mo lefatsheng. Setšhaba seo e tla nna batho ba bokaulengwe jwa mmatota. Batho ba merafe yotlhe ba tla nna mmogo ka kutlwano mme batho ba ka se kgaoganngwe ke melelwane ya dinaga, letlhoo la setso kgotsa dikgopolo tsa bodumedi. Selo se le sengwe se se tla ba kopanyang ke kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa Modimo.

Gape Baebele e bolelela pele ka go wa ga bodumedi jo bo tlontlololang Modimo. Jesu o ile a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo kgaoganeng ka bojone bo a kgakgabala, le motse mongwe le mongwe kgotsa ntlo e e kgaoganeng ka boyone ga e na go ema.” (Mathaio 12:25) Kgabagare, Modimo o tla tlhomamisa gore mafoko ao a diragadiwa malebana le madumedi otlhe a maaka.

Baebele ga e bolo go bolelela pele gore Modimo o tla “atlhola mo gare ga ditšhaba a ba a tlhamalatsa dilo.” Boporofeti jono bo bolela gape gore batho ba tla “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” (Isaia 2:4) Boporofeti jono bo a diragadiwa gompieno. Bodumedi jwa boammaaruri, jo Basupi ba ga Jehofa ba leng mo go jone, bo setse bo rotloetsa kagiso.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Basupi ba ga Jehofa ba kopanngwa ke lorato

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Basupi ba ga Jehofa ba Farolog ane Jang?

Batho ba le bantsi ba a gakgamala fa ba lemoga tsela e Basupi ba ga Jehofa ba farologaneng ka yone le madumedi otlhe a mangwe a a ipolelang gore a latela Keresete. Dintlha tse di latelang ke dingwe tsa dilo tse di dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologe:

THULAGANYO

● Ga ba na setlhopha sa baruti.

● Batho ba ba etelelang pele mo gare ga bone, barutisi le barongwa ga ba duelwe.

● Ga ba ntshe ditsabosome e bile ga ba tseye dikoleke mo mafelong a bone a kobamelo, a a itsegeng e le Diholo tsa Bogosi.

● Ditiro tsa bone tsotlhe di tshegediwa ka meneelo e go sa itseweng gore e ntshitswe ke bomang.

● Ga ba nne le seabe mo dipolotiking.

● Ba buelela kagiso mme ga ba nne le seabe mo dintweng.

● Ba utlwana mo lefatsheng lotlhe ka dithuto le dilo tse ba di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng.

● Ba seoposengwe, ga ba a kgaoganngwa ke maemo, setso le morafe.

● Ga ba amane ka gope le madumedi a mangwe, e ka ne e le Katoliki, Orthodox kgotsa Porotesetanta.

DITHUTO

● Ba dumela gore go na le Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri, yo leina la gagwe e leng Jehofa.

● Ga ba dumele gore Jesu Keresete ke Modimo Mothatayotlhe, e bile ga ba dumele mo thutong ya Tharonngwe.

● Ba latela dithuto tsa ga Jesu e bile ba a mo tlotla ka gonne e le Morwa wa Modimo.

● Ga ba obamele sefapaano e bile ga ba dirise ditshwantsho mo kobamelong ya bone.

● Ga ba dumele mo molelong wa dihele kwa batho botlhe ba ba boikepo ba yang gone fa ba sena go swa.

● Ba dumela gore Modimo o tla segofatsa batho ba ba kutlo ka go ba naya botshelo jo bo sa khutleng jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise.

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore ba atlegile mo go tsosoloseng Bokeresete jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, mofuta wa Bokeresete o baaposetoloi ba ga Jesu ba neng ba le mo go one.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mo-Serbia, Mo-Bosnia le Mo-Croatia