Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Italy e nnile le moletlo wa yone wa ntlha wa tlhalo. Baeng ba ile ba ikgolaganya le mekgatlho ya manyalo gore ba bone balekane ba basha, gore mekgatlho ya tsa bojanala e rulaganyetse batho ba ba seng mo lenyalong malatsi a boikhutso le mekgatlho e e rulaganyang tlhalo e ba ba batlele babueledi, diakhaontente, baithutatlhaloganyo le batsereganyi ba malapa.—CORRIERE DELLA SERA, ITALY.

Go “tlhoka boikanyegi” go go bakilweng ke lebaka la go bo Kereke ya Katoliki “e sa tsamaisa kgang ya baruti ba ba sotlang batho ka tlhakanelodikobo sentle” go dirile gore kereke e nne le “bothata jo bo masisi go gaisa mo tsamaisong ya kereke mo makgolokgolong a dingwaga mme gape seno e ka tswa e le lekgetlo la ntlha go direga mo hisitoring ya kereke.”—NATIONAL CATHOLIC REPORTER, U.S.A.

Baitsesaense ba ba neng ba dira dipatlisiso ka tatelano ya DNA ya moriri o o gatseditsweng wa motho yo o tswang kwa Greenland yo o suleng dingwaga tse di ka nnang 4 000 tse di fetileng, ba lemogile gore “a ka tswa a ile a tsholelwa kwa Siberia.”—REUTERS NEWS SERVICE, U.S.A.

Go Ikanya Kereke go Phutlhame

Setlhogo sengwe sa lokwalodikgang lwa The Irish Times se ne sa re: “Batho ba le bantsi ga ba tlhole ba ikanya Kereke [ya Katoliki].” Pego eo e baya Kereke ya Katoliki mo seemong se se tshwanang le sa ditheo tse dingwe tse bontsi jwa batho ba kwa Ireland ba sa tlholeng ba di tshepa—puso le dibanka. Mo nageng e e itsegeng ka boikanyegi jwa yone mo kerekeng, palo e e fetang halofo ya batho ba ba botsoloditsweng mo patlisisong e e dirilweng bosheng jaana e ile ya re ga e tshepe kereke “gotlhelele” (diperesente di le 32) kgotsa ga e tshepe kereke “go le kalo” (diperesente di le 21). Dikgang tsa bosheng tsa matlhabisaditlhong tse di reketlisitseng kereke ke tsone tse go tweng di ne tsa dira gore batho ba se ka ba tlhola ba ikanya kereke.

Baalogi ba Kholetšhe Ba ba Se Nang Ditiro

A thuto ya kwa kholetšheng e tlhomamisa gore motho o tla bona tiro? Go ya ka lokwalodikgang lwa Manila Bulletin, ga se ba le bantsi. Lo nopola ratoropo wa Quezon City e bong Herbert Bautista a re: “Ngwaga le ngwaga, diyunibesithi le dikholetšhe tsa rona di nna le baalogi ba le bantsi ba ba felelang ba se na ditiro ka go bo dikhoso tse ba di dirileng di sa tsamaisane le ditiro tse di leng gone.” Bontsi jwa bone ba feleletsa ba bereka e le ditlelereke kgotsa ba bereka kwa diresetšhurenteng tse di rekisang dijo tse di dirwang ka bonako. Puso e kgothaletsa baalogi ba dikolo tse di golwane gore ba dire dikhoso tsa go ithuta go dira ka diatla kgotsa tsa dithuto tsa botegeniki tse gantsi go leng motlhofo go bona ditiro tsa tsone.

Borogo bo Senngwa ke go Kgwa Mathe

Kwa Calcutta, kwa India, Borogo jwa Howrah jo bo boleele jwa dimmetara di le 457 bo mo kotsing ya go senyega ka ntlha ya mathe a batho ba ba tsamayang ka dinao. Ka ntlha yang? Gutkha—motswako o o rategang wa letlhare la betel, areca nut le slaked lime, o baagi ba le bantsi ba o tlhafunang ba bo ba o o kgwa—e na le asiti e ntsi e e senyang. Go ya ka lokwalodikgang lwa kwa Calcutta lwa The Telegraph, “mathe a batho botlhe ba ba fetang mo borogong joo a fokoditse bokima jwa ditshipi tse di sireleditseng dipilara [tsa borogo] go tswa go dimilimetara di le thataro go ya go di le tharo ka 2007.” Batho ba ba ka nnang 500 000 ba ba tsamayang ka dinao le dikoloi di ka nnang 100 000 di dirisa borogo jono go kgabaganya noka letsatsi le letsatsi.