Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dinonofo Tse di Dirang Gore re Tlhomologe

Dinonofo Tse di Dirang Gore re Tlhomologe

Dinonofo Tse di Dirang Gore re Tlhomologe

MONNA mongwe wa dingwaga di le 50 yo o dirang tiro ya go aga, o ne a emetse terena kwa seteisheneng sa diterena kwa New York City. Lekawana lengwe le le neng le le gaufi le ene, le ne la kgopiwa le le gaufi le polatefomo mme la wela mo seporong sa terena ka nako e terena e neng e tla ka yone. Monna yono yo o dirang tiro ya go aga o ne a dira tshwetso ka ponyo ya leitlho gore a tlolele mo seporong, a bo a gatelela lekawana leno fa fatshe mme terena ya feta mo godimo ga bone ba babalesegile.

Ka nako ya Bonasi, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa ba ne ba gana go bua mafoko a a reng “Heil Hitler!” ka gonne lefoko la Sejeremane e leng heil le kaya “poloko.” Ba ne ba dumela thata gore Jesu Keresete ke Mmoloki wa bone le gore “ga go na poloko mo go ope o sele.” (Ditiro 4:12) E re ka ba ne ba gana go obamela Hitler, bontsi jwa bone bo ne jwa tsewa ka dikgoka kwa matlong a bone mme ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso, kwa ba ileng ba tswelela ba ngaparela melaometheo ya bone ya Bokeresete gone.

Dikai tseno di bontsha gore motho a ka baya pabalesego ya ba bangwe—tota le ya motho yo a sa mo itseng—kwa pele ga ya gagwe le gore a ka baya melaometheo kwa pele ga kgololesego ya gagwe. A go itshwara ka tsela e e ntseng jalo go bontsha fa kgopolo ya gore batho ke diphologolo tsa maemo a a kwa godimo fela tse di iphetogetseng go tswa mo go tse dingwe e boammaaruri? Kgotsa a go kaya gore re dibopiwa tse di fetang diphologolo? Akanya ka seo fa o ntse o akanya ka dipotso tse di latelang:

● Ke eng fa re na le segakolodi, boikutlo jo re nang le jone jo bo re bolelelang gore ke eng se se siameng le se se phoso?

● Ke eng fa re jewa ke kgakge fa re akanya ka dilo tse di gakgamatsang tsa popo?

● Ke eng fa re itumelela mmino, go taka, poko le mefuta e mengwe ya botaki? Tota e bile, dilo tseno ga di botlhokwa gore re tshele.

● Ke eng fa mo e ka nnang batho ba ditso tsotlhe ba na le keletso ya go itse modimo mongwe?

● Ke eng fa re ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa ke le mono?’ ‘Boikaelelo jwa botshelo ke bofe?’

● Fa mongwe a swa, ke eng fa re nna le meletlo le meetlo e e farologaneng?

● Mme ke ka ntlha yang fa tumelo ya gore go na le botshelo morago ga loso e le selo se se anameng mo e ka nnang mo lefatsheng lotlhe? A keletso e re bopilweng re na le yone ya go tshelela ruri ke keletso fela e e ka se diregeng e re nnileng le yone ka ntlha ya kgopolo ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe?

Kwa go ka Bonwang Dikarabo Gone

Dikarabo tse di utlwalang tsa dipotso tseno di ka bonwa mo bukeng e e boitshepo e e leng gone mo lefatsheng lotlhe—Baebele. Ela tlhoko se e se bolelang ka dilo tse di latelang:

Tsela e batho ba bopilweng ka yone. Batho ba bopilwe mo “setshwanong sa Modimo,” se se kayang gore re na le bokgoni jwa go bontsha dinonofo tsa Mmopi wa rona. (Genesise 1:27) Mme motho wa ntlha e ne e le “morwa Modimo.”—Luke 3:38.

Keletso ya rona ya go batla go rata le go ratiwa. Johane wa ntlha 4:8 ya re: “Modimo ke lorato.” E re ka re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, re tlhoka go ikutlwa re ratiwa go tloga ka nako ya fa re tsholwa go fitlha re swa. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala a re, fa ke “se na lorato, ga ke sepe.” (1 Bakorintha 13:2) Gape o ne a re: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.”—Baefeso 5:1.

Se re se tlhokang semoyeng. “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Mafoko a Modimo a a kwadilweng mo Baebeleng a re senolela botho jwa gagwe le boikaelelo jwa gagwe ka rona. Re tlhoka go nna le kamano le Modimo gore re tshele botshelo jo bo nang le bokao.

Lebaka la go bo re swa. “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng.” (Baroma 6:23) Boleo ke go palelwa ke go tshela ka melao ya Modimo ya boitsholo le ya go mo obamela. Le fa go ntse jalo, Modimo o ikaeletse go tlosa boleo le go tokafatsa matshelo a batho botlhe ba ba mo ratang e bile ba mo obamela le go ba naya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise.—Pesalema 37:10, 11, 29; Luke 23:43.

A o batla go itumelela botshelo ka botlalo, gongwe o simolola go nna le ditalenta tse o neng o sa akanye gore o ka nna le tsone? A o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Mmopi wa gago le boikaelelo jo a nang le jone ka wena? Fa e le gore go ntse jalo, re kopa gore o tlhatlhobe Baebele, e e leng motswedi wa boammaaruri wa dilo tsa semoya. Ga go na maiteko a mangwe a a ka go nayang boitumelo jo bogolwane gone jaanong le mo isagweng.—Mathaio 5:3; Johane 17:3.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  9]

RE TLHOKA LORATO GO TLOGA BOSEENG

Moitsesaense e bong Gerald L. Schroeder a re: “Bana ba tlhoka go bontshiwa lorato.” Abo go le botlhokwa jang ne gore batsadi ba tseye tsia kaelo ya Baebele, e segolobogolo e neilweng bommè, ya gore ba ‘rate bana ba bone’!—Tito 2:4.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Re itumelela dilo tse dintsi tse dintle le tse di itumedisang tse e seng tsa botlhokwa mo botshelong

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Batho ba tlhoka se se fetang dijo le metsi. Mme gape ba tlhoka kaelo e e tswang kwa Mmoping wa bone