“Ke ne Ke Batla Fela Poso ya Me”
“Ke ne Ke Batla Fela Poso ya Me”
MONNA mongwe wa mosweu yo o bidiwang Andre, yo o tsholetsweng mo Afrika Borwa mme a nna kwa Namibia, o gakologelwa jaana: “Nka se lebale se se diragetseng fa ke ne ke le kwa posong ka Mantaga oo mo mosong. Go ne go tletse batho. Gautshwane ke ne ka bona kgetse e e belaetsang e tlogetswe fa fatshe. Ke ne ka kopa poso ya me mme ka tsamaya. Fa ke sena go kgweetsa metsotso e e ka nnang meraro fela, ke ne ka utlwa go thunya go gogolo. Moragonyana ke ne ka utlwa gore go thuntshitse bomo dimetara di sekae fela go tswa mo ke neng ke eme gone.”
Andre o tlhalosa jaana: “Ke ne ke batla fela poso ya me. Ke ne ka tshoga thata fa moragonyana ke lemoga gore batho ba ba se nang molato, ba bontsi jwa bone ke neng ke ba itse, ba ne ba gagautlhilwe ke bomo. Ke sa ntse ke tsitsibana mmele fa ke akanya ka gone le fa seno se diragetse dingwaga di le 25 tse di fetileng. Ka dinako tse dingwe, ke akanya ka kgailo eo ya batho ba ke ba boneng moragonyana mme ke bo ke lemoga kafa ke neng ke le gaufi le go swa ka teng.”
Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
Le fa o ka tswa o ise o diragalelwe ke tiragalo e e ntseng jalo, go ka direga gore o kile wa utlwa gore ditiragalo tse di ntseng jalo di direga gantsi go ralala lefatshe. Batho ba ba oketsegileng ba dirisa dikgoka, mo gantsi go tweng ke ditiro tsa borukhutlhi, gore ba tle ba fitlhelele maikaelelo a bone.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Dirukhutlhi ke Bomang?” se se mo tsebeng e e latelang.
Mokwadi mongwe wa dikgang yo o dirang dipatlisiso o fitlhetse gore ka 1997, go ne go na le “dinaga di le nnè fela tse mo go tsone go nnileng le letsholo le le sa kgaotseng la ditlhaselo tsa go ipolaya ka dibomo.” Mme ka 2008, ene mmatlisisi yono o ne a kwala ka go re, “dinaga tse di fetang 30 tse di mo kontinenteng nngwe le nngwe, kwantle ga Australia le Antarctica, di ile tsa nna le ditlamorago tse
di garolang pelo tsa ditlhaselo tsa go ipolaya ka dibomo.” O ne a swetsa ka go re, ditlhaselo tse di ntseng jalo di “dirwa ke mekgatlho e e oketsegileng mme di bolaya batho ba le bantsi ngwaga le ngwaga.”—The Globalization of Martyrdom.Akanya ka tlhaselo e go builweng ka yone kwa tshimologong. Setlhopha se se ileng sa bolela gore ke sone se se tlhomileng bomo eo se ne sa itlhalosa e le sa balwelakgololesego. Ba ne ba leka go bona boipuso go tswa mo nageng e e neng e busa naga ya bone ka nako eo. Mme ke eng se se dirang gore batho ba dire dilo tse di ntseng jalo go fitlhelela mekgele ya bone? Akanya ka se se diragaletseng Hafeni.
Hafeni o ne a tsholelwa kwa Zambia mme a golela mo dikampeng tsa batshabi kwa dinageng tse di gaufi. O ne a bolela jaana: “Ke ne ke galefisitswe ke bosetlhogo le tsela ya go tlhoka tshiamiso e ba lelapa la gaetsho le ba bangwe ba neng ba tshwarwa ka yone.” Ka jalo, o ne a nna mongwe wa setlhopha sa balwelakgololesego se batsadi ba gagwe ba neng ba le mo go sone.
Fa a akanya ka dinako tseo, Hafeni o ne a tswelela jaana: “Selo se se utlwisang botlhoko le go feta ka kgang eno ke tsela e go tshela o le motshabi go neng go dira gore o ikutlwe ka yone. Bana ba ne ba tsewa ka dikgoka mo go bommaabone, mo go borraabone le mo go bomonnawe le bomogolowe. Ba ba neng ba setse ba godile, ba ne ba ya ntweng ba le bantsi ga ba a ka ba tlhola ba boa. Ga ke ise ke ko ke bone rre, le fa e le mo setshwantshong. Se ke neng ke se itse fela e ne e le gore o ile a swela kwa ntweng. Ke sa ntse ke na le matsadi a kutlobotlhoko le gompieno.”
Ga go na pelaelo gore dikgang tseno di raraane. Go di tlhaloganya botoka go ka go thusa gore o bone gore go tshwanetse ga dirwa eng gore thubakanyo e e ntseng jalo e fele.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]
DIRUKHUTLHI KE BOMANG?
Mmatlisisi mongwe e bong Mark Juergensmeyer o tlhalosa jaana: “Gore a motho o dirisa lefoko ‘serukhutlhi’ go tlhalosa ditiro tsa thubakanyo go ikaegile ka gore a motho o akanya gore ditiragalo tseo di a tlhokega. Gantsi tsela e lefoko leo le dirisiwang ka yone e ikaegile ka gore motho o leba lefatshe jang: fa o tsaya gore lefatshe le na le kagiso, ditiro tsa thubakanyo di lebega e le tsa borukhutlhi. Fa batho ba tsaya gore go na le ntwa mo lefatsheng, go tla tsewa gore ditiro tsa thubakanyo di a tshwanela.”
Ka jalo, gantsi lefoko “serukhutlhi” le dirisiwa fa le amanngwa le dipolotiki. Ditlhopha di le dintsi di itsaya e le balwelakgololesego, e seng dirukhutlhi. Go ya ka mokwadi mongwe, borukhutlhi bo akaretsa (1) dilo tse di dirwang mo bathong ba ba seng mo ntweng le (2) go dirisa thubakanyo go dira sengwe se se tshosang e le go tshosetsa batho. Ka jalo, balwelakgololesego—go sa kgathalesege gore a ke setlhopha se se kgatlhanong le puso kgotsa puso ka boyone—gantsi ba ka dirisa maano kgotsa mekgwa ya borukhutlhi.