Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Baebele ya Reng . . . 

A o Tlhoka go Nna Leloko la Bodumedi jo bo Rulagantsweng?

A o Tlhoka go Nna Leloko la Bodumedi jo bo Rulagantsweng?

FA E le gore o swabisitswe ke bodumedi jo bo rulagantsweng kgotsa o tsaya gore ga bo botlhokwa, ga o esi. Tota e bile, palo ya batho ba ba tlhophang go sa nne maloko a madumedi a a rulagantsweng e ntse e oketsega ka bofefo.

Bangwe ba tlogetse madumedi a a rulagantsweng ka gonne ba dumela gore mekgatlho e e ntseng jalo e dira gore batho ba nne baitimokanyi ba bo ba tatalalele se ba se dumelang. Ba bangwe ba bona go le thata go latela mokgwa mongwe o o rulagantsweng wa kobamelo. Mme ba bangwe bone ba akanya gore ga ba tlhoke bodumedi jo bo rulagantsweng gore ba obamele Modimo. Totatota Baebele e ruta eng ka bodumedi jo bo rulagantsweng?

Ditsala Tsa Modimo Tsa Metlha ya Bogologolo

Baebele e re neela tlhaloso e e utlwalang sentle malebana le mofuta wa kobamelo o ditlhogo tsa lotso tse di jaaka Aborahame, Isake le Jakobe di neng di obamela ka one. Ka sekai, nako nngwe Modimo o ne a re: “Ke tlwaelane le [Aborahame] gore a tle a laole bomorwawe le ba ntlo ya gagwe morago ga gagwe gore ba boloke tsela ya ga Jehofa ya go dira tshiamo le katlholo.” (Genesise 18:19) Aborahame e ne e le tsala ya Modimo, ka jalo o ne a na le kamano e e kgethegileng le Mmopi. Gape o ne a obamela le ba ntlo ya gagwe. Ka tsela e e tshwanang, ditlhogo tse dingwe tsa lotso tse e neng e le ditsala tsa Modimo di ne di mo obamela e le setlhopha, gantsi le ba malapa a tsone le ba masika mmogo le batlhanka ba tsone.

Fa nako e ntse e ya, Modimo o ne a laela Baiseraele ba bogologolo mme moragonyana a laela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba phuthege mmogo go tla go obamela. (Lefitiko 23:2, 4; Bahebera 10:24, 25) Dinako tseo tsa kobamelo e e rulagantsweng di ne di akaretsa go opela, go bala Dikwalo le go rapela phatlalatsa. (Nehemia 8:1-8; Bakolosa 3:16) Gape Dikwalo di tlhalosa gore setlhopha sa banna ba ba tshwanelegang se ne se etelela phuthego pele mo kobamelong.—1 Timotheo 3:1-10.

Melemo ya go Obamela ka Phuthego

Go tswa mo dikaong tseno tsa Dikwalo, go a utlwala go swetsa ka gore gompieno le gone Modimo o lebeletse gore ditsala tsa gagwe di mo obamele ka tsela e e nang le thulaganyo. Mme go na le melemo ya go obamela Modimo o le leloko la phuthego.

Ka sekai, Dikwalo di tshwantsha moobamedi wa boammaaruri le motho yo o tsamayang mo tseleng e e pitlaganeng; gape di mo tshwantsha le motabogi yo o mo lobelong. (Mathaio 7:14; 1 Bakorintha 9:24-27) Fa motabogi a taboga lobelo lo loleele lo lo seng motlhofo mo lefelong le go leng boima go taboga mo go lone, go ka nna motlhofo gore a lape mme kgabagare a tlogele go taboga. Le fa go ntse jalo, gantsi motabogi a ka taboga go feta kafa a neng a akantse ka teng fa a rotloediwa ke ba bangwe. Ka tsela e e tshwanang, motho yo o batlang go obamela Modimo sentle a ka kgona go tswelela a na le kamano le Modimo le fa go le thata, fa a kgothadiwa ke badumedi ba bangwe.

Ke gone ka moo Baebele e bolelang jaana mo go Bahebera 10:24, 25: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.” Tota e bile, Dikwalo tsa re baobamedi  ba boammaaruri ba ne ba tla obamela Modimo mmogo e le bakaulengwe le bokgaitsadi, ba le seoposengwe jaaka mmele wa tshwantshetso.

A o tshwanetse go gana madumedi otlhe a a rulagantsweng?

Baebele ya re mmele oo kgotsa phuthego e dirwa seoposengwe ke lorato le kagiso. Ka sekai, Baefeso 4:2, 3 e laela baobamedi ba boammaaruri gore ba dire dilo “ka mogopolo o o ikokobeditseng fela thata le ka bonolo, ka bopelotelele, [ba] itshokelana ka lorato, [ba] leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” O ne o ka latela taelo eno jang fa e le gore o ne o obamela Modimo o le nosi, o itlhaotse mo baobameding ba bangwe?

Thato ya Modimo ke gore baobamedi ba boammaaruri ba se ka ba nna batho fela ba ba mo obamelang ba le bosi mme ba bopagane go nna setlhopha se se kitlaneng se se nang le tumelo. Baebele e kgothaletsa baobamedi go bua ka tumalano, go tila dikgaogano le go nna “seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.” (1 Bakorintha 1:10) Mafoko ao a ka bo a sa utlwale sentle fa e le gore Modimo o ne a batla gore batho ba mo obamele ba le bosi ba arogane le ba bangwe.

Go bonala sentle gore bosupi jo bo tswang mo Baebeleng bo bontsha gore kobamelo e e rulagantsweng ke yone e e amogelwang ke Modimo. Mme bodumedi jo bo rulagantsweng jo bo tlhalosiwang mo Dikwalong, jo Modimo a batlang re mo obamela ka jone, bo ka go naya thuso e o e tlhokang gore o kgone go bona se o se tlhokang semoyeng.—Mathaio 5:3.

Gone ke boammaaruri gore madumedi a le mantsi gompieno a na le boitimokanyi le ditiro tse dintsintsi tsa bosetlhogo jo bo feteletseng. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore o tshwanetse go gana madumedi otlhe a a rulagantsweng. Go tshwanetse ga bo go na le bodumedi bongwe mo lefatsheng jo bo rulaganyeditsweng go bontsha batho botlhe lorato—bodumedi jo bo rulaganyeditsweng go ruta ba bangwe ka melao ya Modimo ya boitsholo. Bodumedi jo bo ntseng jalo jo bo rulagantsweng bo ka go thusa go nna le tumelo ya mmatota. Baebele e naya dintlha tse di tlhokegang tse di ka go thusang go lemoga mofuta wa bodumedi jo bo rulagantsweng jo bo amogelwang ke Modimo.