GO THUSA MALAPA | LENYALO
Tsela ya go Kgaotsa go Ngangisana
KGWETLHO
A wena le molekane wa gago lo palelwa ke go buisana lo ritibetse? A o nna o tshwenyegile ka gonne o sa itse gore a se o se buang kgotsa se o se dirang se ka galefisa molekane wa gago mme sa felela ka gore lo kgakgauthane ka mafoko?
Fa go ntse jalo, tlhomamisega gore maemo a ka tokafala. Mme sa ntlha, o tshwanetse go itse gore ke eng fa wena le molekane wa gago lo nnela go ngangisana jaana.
LEBAKA LA GO BO GO DIREGA
Go sa tlhaloganyane.
Mosadi mongwe yo o nyetsweng yo o bidiwang Jillian * a re: “Ka dinako dingwe ke bolelela monna wa me sengwe mme a bo a se tsaya ka tsela e sele. Kgotsa ke ithaya ke re ke mmoleletse sengwe mme tota ke sa se mmolelela. Seo tota se kile sa diragala!”
Go se dumalane ka mogopolo.
Go sa kgathalesege gore wena le molekane wa gago lo ka lebega lo tshwanelana go le kana kang, tsela e lo lebang dilo ka yone mo dikgannyeng dingwe e ka se tshwane. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba babedi ba ka se tshwane kgo, mme seo se ka dira gore go nne monate kgotsa go nne le dikgotlhang mo lenyalong. Mo banyalaning ba le bantsi seo se baka dikgotlhang.
Go se nne le dikao tse di molemo.
Mosadi mongwe yo o nyetsweng e bong Rachel a re: “Batsadi ba me ba ne ba ngangisana gantsi mme ba ne ba buisana ka mafoko a a sa bontsheng tlotlo, ka jalo fa ke sena go nyalwa ke ne ke bua le monna wa me ka tsela e Mmè a neng a bua le Rre ka yone. Ke ne ke sa ithuta go bontsha tlotlo.”
Se tota se bakang dikgotlhang.
Gantsi fa go nna le komang e e botlhoko e a bo e sa bakwe ke se se omanelwang. Ka sekai, fa komang e simolola ka mafoko a a reng, “O nna fela o le thari!” lebaka e ka tswa e se go se tshware nako, mme e le gore molekane yo mongwe o ikutlwa a sa akanyediwe.
Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, go nnela go ngangisana go ka ama botsogo jwa gago ka tsela e e sa siamang e bile go ka felela ka gore kgabagare lo tlhalane. Ka jalo, lo ka dirang go kgaotsa go ngangisana?
SE O KA SE DIRANG
Tsela e e molemo ya go thibela go ngangisana ke go batla se tota se bakang dikgotlhang. Fa dilo di ile meriting, leka go dira se se latelang le molekane wa gago.
1. A mongwe le mongwe wa lona a kwale mo pampiring ya gagwe kgang e lo neng lo ngangisana ka yone bosheng. Ka sekai, monna a ka kwala jaana, “O tlhotse letsatsi lotlhe le ditsala tsa gago mme ga o a nteletsa mogala go mpolelela gore o ne o le kae.” Mosadi ene a ka kwala jaana, “O ne wa galefisiwa ke gore ke tlhotse le ditsala tsa me.”
2. Tlotlang ka dintlha tse di latelang, mongwe le mongwe a leka go tlhaloganya yo mongwe: A kgang eno e ne e le masisi go le kalo? A e ka bo e ile ya tlodisiwa matlho? Mo maemong mangwe, e le gore go nne le kagiso, go ka nna botoka go amogela gore ga lo lebe dilo ka go tshwana lo bo lo bipa kgang ka lorato.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 17:9.
Fa wena le molekane wa gago lo swetsa ka gore kgang eno e ne e se ya sepe, kopang maitshwarelo mongwe go yo mongwe, mme lo se tlhole lo bua ka yone.—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 3:13, 14.
Fa mongwe wa lona kgotsa loobabedi lo tsaya kgang eno e le masisi thata, fetelang kwa kgatong e e latelang.
3. Kwala gore o ile wa ikutlwa jang fa lo ne lo ngangisana mme molekane wa gago le ene a dire jalo. Ka sekai, monna a ka kwala jaana: “Ke ne ke ikutlwa e kete o rata go fetsa nako le ditsala tsa gago go na le go e fetsa le nna.” Mosadi ene a ka kwala jaana: “Ke ne ke ikutlwa e kete o ntshwere jaaka ngwana yo o nnang a tlhoka go itsise rraagwe gore o dira eng.”
4. Ananyang dipampiri tsa lona mme mongwe le mongwe wa lona a bale se yo mongwe a se kwadileng. Ke eng se tota molekane wa gago a neng a tshwenyegile ka sone fa lo ne lo ngangisana? Buisanang ka se lo ka bong lo se dirile go rarabolola se tota se bakileng kgotlhang mo boemong jwa go ngangisana.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 29:11.
5. Buisanang ka se lo se lemogileng mo motlotlong ono. Lo ka dirisa jang se lo se lemogileng go rarabolola kgotlhang kgotsa go thibela kgotlhang mo nakong e e tlang?
^ ser. 7 Maina a fetotswe.