Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A GO TLHAMILWE?

Go Fofa ga Nonyane ya Wandering Albatross e sa Dirise Maatla Thata

Go Fofa ga Nonyane ya Wandering Albatross e sa Dirise Maatla Thata

DINONYANE tse di fofelang kwa godimo di kgona go nna mo lefaufaung di sa dirise maatla a a kalo. Nonyane ya wandering albatross ke sekai se se tlhomologileng sa tsone. Nonyane eno e e boleele jwa dimetara di le 3,4 go tswa ntlheng ya lefuka le lengwe go ya kwa ntlheng ya le lengwe fa a phuthologile e bile e le boima jwa dikilogerama di ka nna 8,5, e kgona go fofa sekgala sa dikilometara di le diketekete e sa dirise maatla a a kalo! Selo se se e thusang go dira jalo ke tsela e e bopegileng ka yone le tsela e e fofang ka yone.

Ela tlhoko: Fa albatross e fofa, e dirisa mesifa e e thata e e dirang gore diphuka tsa yone di nne di phuthologile, mme seo se dira gore e se ka ya dirisa mesifa e mengwe. Se sengwe se se thusang nonyane eno go fofa lobaka lo loleele ke bokgoni jwa yone jwa go dirisa diphefo tsa mo lewatleng.

Fa di-albatross di fofa di le kwa godimo ga lewatle, di fofa ka go tla di tlhatloga le go fologa—e leng se se dirang gore di se ka tsa dirisa maatla thata. Ke bosheng fela jaana baitsesaense ba ileng ba kgona go lemoga gore dinonyane tseno di kgona seno jang. Fa ba ne ba dirisa didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo tse di latelelang metsamao ya dinonyane le dithulaganyo tse di kgethegileng tsa dikhomputara, ba ne ba lemoga gore di-albatross di nna le maatla a di a tlhokang ka go fofa di tla di tlhabagana le phefo le go tla di e furalela. Baitsesaense ba re: “Di kgona go nna di ntse di na le maatla a go fofa di sa tle di kgonya.” Seo se thusa gore nonyane e kgone go fofa lobaka lo loleele e sa iteye diphuka tsa yone le fa e le gangwe fela!

Go itse dilo tseno go ka nna ga thusa baenjenere go dira dipalangwa tse di fofang tse di sa diriseng leokwane le lentsi, gongwe e bile di sa dirise dienjene go fofa.

O akanyang? A go fofa ga nonyane ya albatross e sa dirise maatla thata mmogo le tsela e mmele wa yone o bopegileng ka yone, di nnile gone ka botsone fela? A kgotsa di tlhamilwe?