Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | HANS KRISTIAN KOTLAR

Moitse wa Biotechnology o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Moitse wa Biotechnology o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Ka 1978, tiro ya ntlha ya dipatlisiso tsa saense ya ga Dr. Hans Kristian Kotlar e ne e le kwa Norwegian Radium Hospital kwa a neng a ithuta gone ka kankere le thulaganyo ya mmele wa motho ya go lwantsha malwetse. Ka nako eo, gape o ne a simolola go kgatlhegela go itse gore botshelo bo simologile jang. Tsogang! e ne ya mmotsa ka dipatlisiso tsa gagwe le ka tumelo ya gagwe.

Ke eng se se dirileng gore o kgatlhegele go itse ka tshimologo ya botshelo le bokao jwa jone?

Rre e ne e le Mokatoliki, Mmè ene e le Moporotesetanta. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa tseye bodumedi bo le botlhokwa. Mme nna, fa ke ne ke sa le mosha ke ne ka ipotsa dipotso ka bokao jwa botshelo, mme ka bala dibuka tse di buang ka Bobuda, Bohindu le Boiselamo. Ke ile ka bo ka kopa Modimo gore a ntshenolele boammaaruri.

Ka bo1970, dithuto tsa thutotshelo ya dimolekhule di ne di gatetse pele ka tsela e e gakgamatsang mme ke ne ke ipotsa gore a di ka senola gore botshelo bo simologile jang. Tsela e disele tse di tshelang di berekang ka yone mo teng e ne ya nkgatlha, ka jalo ke ne ka tlhopha go ithuta biotechnology. Mme bontsi jwa boporofesa ba ba neng ba nthuta ba ne ba re botshelo bo nnile gone fa dilo di ne di iphetogela go nna tse dingwe ka dithulaganyo dingwe tsa tlholego, ka jalo ke ne ka ba dumela.

Ke eng fa o ile wa kgatlhegela Baebele?

Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ne ba etela legae la rona. Le fa ba ne ba le botsalano, ke ne ka ba bifela mme ka ba bolelela gore ga ke kgatlhegele molaetsa wa bone. Mosadi wa me o ne a nkutlwa. O ne a re: “Hans Kristian, ga wa dira sentle. Ga o bolo go kgatlhegela go itse bokao jwa botshelo.” O ne a nepile, mme ke ne ka itlhabelwa ke ditlhong. Ka jalo, ke ne ka tabogela Basupi bao. Fa ke ntse ke tlotla le bone, ke ne ka ba bolelela gore ke batla go itse gore a Baebele e dumalana le saense.

Ba ne ba tsiboga jang?

Ba ne ba mpontsha gore Baebele ya re Motswedi wa maatla a a mo lobopong ke mang. Temana e ba neng ba e bala ya re: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? . . . Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.” * Mafoko ano a ne a ntlhotlheletsa gore ke batle go itse mo go oketsegileng. Gape go ne go lebega go utlwala gore Motswedi yo o botlhale wa maatla ke ene fela  a ka dirang gore go nne le thulaganyo e e mo lobopong.

A tsela e o lebang thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe ka yone e ne ya fetoga?

Ka iketlo ke ne ka lemoga gore dithuto tse di farologaneng tsa gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe di ne di se na bosupi jo bo tseneletseng jwa saense. Tota e bile ke dipolelo tse di tlhametsweng go tlhalosa gore dilo tse di gakgamatsang tse di mo ditsheding, tse di jaaka thulaganyo ya go lwantsha megare, di ne di ka nna teng jang di sa dirwa ke ope. Fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng ka thulaganyo ya mmele wa motho ya go lwantsha malwetse, ke ne ka lemoga kafa e raraaneng ka teng le kafa e berekang sentle ka teng. Ka jalo, dipatlisiso tsa me di ne tsa dira gore ke swetse ka gore botshelo ke tiro ya Mmopi yo o botlhale.

Dipatlisiso tsa me di ne tsa dira gore ke swetse ka gore botshelo ke tiro ya Mmopi yo o botlhale

A o ka re naya bosupi bongwe jwa gore dilo di tlhamilwe?

Tota thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse ke thulaganyo e e rulaganeng ka tsela e e gakgamatsang e bile e dirilwe gore e bereke ka tsela ya gore e re sireletse mo dilong di le dintsi tse di farologaneng, go akaretsa dibaketeria le dibaerase. Gape ditsela tse e dirang ka tsone di ka kgaoganngwa go nna dithulaganyo tse pedi tse di thusanang. Ya ntlha e dira gore tlhaselo ya go tlhasela megare mo diureng di se kae fela e simolole. Ya bobedi e tsaya malatsi a le mmalwa go tsiboga mme e kgona go itebaganya sentle le megare e e tlhaselang mmele. Eno ya bobedi gape e kgona go gopola dilo sentle, mo e leng gore fa mogare mongwe o ka boa gape morago ga dingwaga di le mmalwa, o tlhaselwa ka bofefo. Thulaganyo eno yotlhe e dira sentle thata jaana mo gantsi o ka se kang wa lemoga le gore o kile wa tshwaediwa ke mogare mme wa sirelediwa mo go one. Selo se sengwe se se gakgamatsang ke kafa thulaganyo ya go lwantsha malwetse e kgonang go bona pharologanyo ka teng fa gare ga dilo tse di tswang kwa ntle tse di sa batlegeng mo mmeleng le mefuta e e makgolokgolo ya disele tse di mo mmeleng wa rona.

Re bolelele, go diragala eng fa mogare o tsena mo mmeleng?

Megare e tsena ka bofitlha fa re hema, fa re ja, gape e tsena ka dirwe tsa motlhapo kgotsa mo letlalo le bulegileng teng. Fa thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e lemoga megare e e tlhaselang mmele, e tsibogela seo ka ditiro di le mmalwa tse di latelanang tsa go iphemela tse di akaretsang diporoteine di le dintsi tse di diretsweng tiro eo. Tiro nngwe le nngwe e dira gore e e latelang e simolole gore mmele o iphemele sentle mo megareng. Thulaganyo eno yotlhe e raraane ka tsela e e jesang kgakge!

A ka jalo re ka re kitso e o nang le yone ya saense e nonotshitse tumelo ya gago mo Modimong?

Ee ruri! Tsela e thulaganyo ya mmele wa rona ya go lwantsha malwetse e raraaneng e bile e leng maatla ka yone e supa gore go na le Mmopi yo o botlhale le yo o lorato. Gape nka re saense e nonotshitse tumelo ya me mo Baebeleng. Ka sekai, Diane 17:22 ya re, “pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.” Babatlisisi ba lemogile gore maikutlo a rona a ka ama thulaganyo ya mmele wa rona ya go lwantsha malwetse. Ka sekai, kgatelelo ya maikutlo e ka koafatsa tsela e thulaganyo ya mmele wa rona ya go lwantsha malwetse e tsibogang ka yone.

Batho ba le bantsi ba o ba itseng ga ba dumele mo Modimong. Ke ka ntlha yang fa go le jalo?

Mabaka a bone ga a tshwane. Ba bangwe, fela jaaka go ne go ntse ka nna, ba dumela sengwe le sengwe se ba se rutilweng. Gongwe ba tsaya gore kgopolo ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe e tshegediwa ke bosupi jwa saense. Ba bangwe ga ba akanye thata ka gore botshelo bo simologile jang. Go tlhomola pelo. Ke akanya gore ba tshwanetse go botsa dipotso tse di oketsegileng.

Ke ka ntlha yang fa o ile wa nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?

Ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e ba ratang go amogela baeng ka yone le tumelo ya bone mo tsholofetsong ya Mmopi ya gore go tla nna le isagwe e e botoka. * Mme tumelo eo e theilwe mo dipatlisisong le mo go beyeng mabaka ka tsela e e utlwalang, e seng mo ditlhamaneng kgotsa mo diphopholetsong. *