Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Tsala e e Molemo Ke e E Ntseng Jang?

Tsala e e Molemo Ke e E Ntseng Jang?

KA Sedimonthole 25, 2010, mosadi mongwe wa dingwaga tse 42 kwa Boritane o ne a kwala mafoko a a bontshang gore o batla go ipolaya mo lefelong le le itsegeng thata la go ikgolaganya le ba bangwe mo Internet. Molaetsa wa gagwe o ne o utlwala e le wa motho a ikuela a kopa thuso. Le fa mosadi yono a ne a na le batho ba feta sekete ba go tweng ke ditsala mo Internet, ga go ope yo o neng a mo tswa thuso. Mapodise a ne a mo fitlhela a tlhokafetse letsatsi le le latelang. O ne a ipolaile ka go nwa dipilisi tse dintsi thata.

Gompieno ka ntlha ya thekenoloji ya sesheng re ka kgona go nna le batho ba go tweng ke ditsala ba le makgolokgolo kgotsa le e leng diketekete mo mafelong a Internet a go ikgolaganya le ba bangwe ka go tsenya maina a bone fela mo lenaaneng la rona la batho ba re ikgolaganyang le bone ka khomputara. Mme fa re setse re batla go fedisa botsala le mongwe wa bone, re phimola leina la gagwe fela mo lenaaneng la rona. Le fa go ntse jalo, tiragalo e e botlhoko ya mosadi wa kwa Boritane e gatelela ntlha nngwe e e tshosang—batho ba le bantsi ba sa ntse ba se na ditsala tsa boammaaruri. E bile tota, patlisiso nngwe ya bosheng e senotse gore le fa gone re na le ditsala tse dintsi go feta pele, palo ya ditsala tsa rona tsa boammaaruri e fokotsegile.

Fela jaaka batho ba le bantsi, o ka tswa o dumela gore go botlhokwa go nna le ditsala tse di molemo. Gape o ka tswa o lemoga gore go nna tsala ga se fela go tobetsa dikonotswana mo khomputareng kgotsa smartphone. O lebeletse eng mo tsaleng? O ka nna tsala e e molemo jang? Go tlhokega eng gore motho a nne le botsala jo bo nnelang ruri?

Ela tlhoko melaometheo e le menè e e latelang e e ka re kaelang mme o bone kafa kgakololo e e mosola ya Baebele e ka go thusang ka teng gore o nne motho yo batho ba bangwe ba ka batlang go nna tsala ya bone.

 1. Bontsha Gore Ruri o a Amega

Botsala jwa mmatota bo tlhoka gore motho a bo a na le maikemisetso. Ka mafoko a mangwe, tsala e e molemo e ikutlwa e na le maikarabelo ka wena, e bile e amega tota ka wena. Mme gone loobabedi lo tlhoka go dira maitlamo ano e bile loobabedi lo tlhoka go dira ka natla le go itima dilo dingwe. Mme melemo ya gone e dira gore matsapa ano e se ka ya nna a lefela. Ipotse jaana, ‘A ke iketleeditse go dirisa maatla a me, nako ya me le dithoto tsa me gore ke thuse tsala ya me?’ Gakologelwa, e le gore o nne le tsala e e molemo, wena o tshwanetse go nna tsala e e molemo pele.

SE BATHO BA SE LEBELETSENG MO TSALENG

Irene: “Go nna le botsala go tlhoka nako e ntsi le tlhokomelo fela jaaka go lema tshingwana e ntle. Simolola ka gore wena ka bowena o nne tsala e e molemo. Bontsha bopelonomi le go amega ka ba bangwe go tswa pelong. Gape o iketleetse go dirisa nako ya gago fa tsala e go tlhoka.”

Luis Alfonso: “Batho ba metlha ya gompieno ba kgothaletsa go itseela kwa godimo e seng go amega ka ba bangwe. Ka jalo, go ama pelo fa motho a bontsha gore o amega ka wena mme a sa lebelela gore le wena o mo direle sengwe.”

BAEBELE YA RENG?

“Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo. Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.” (Luke 6:31, 38) Fano Jesu o kgothaletsa go se nne pelotshetlha mme o kgothaletsa go nna pelotshweu ka tsela ya mmatota. Bopelotshweu jo bo ntseng jalo bo dira gore o nne le ditsala tse di molemo. Fa o tlhoafalela go thusa ditsala tsa gago mme o sa lebelela sepe mo go bone, go tla itiragalela fela gore ba go rate.

2. Nna le Mokgwa o Montle wa Puisano

Botsala jwa boammaaruri bo ka se gole fa lo sa buisane ka metlha. Ka jalo tlotla ka dilo tse lo di ratang loobabedi. Reetsa se tsala ya gago e batlang go se bua mme o tlotle tsela e a lebang dilo ka yone. Nako le nako fa go kgonega, mo akgole mme o mo kgothatse. Ka dinako tse dingwe tsala e ka tlhoka go newa kgakololo kgotsa le e leng kgalemelo mme go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go dira jalo ka dinako tsotlhe. Le fa go ntse jalo, tsala e e ikanyegang e tla nna pelokgale go go lemotsha fa o dirile phoso e e masisi le go go naya kaelo ka botlhale.

SE BATHO BA SE LEBELETSENG MO TSALENG

Juan: “Tsala ya boammaaruri e tshwanetse ya kgona go ntsha maikutlo ka tshosologo mme e sa galefe fa o sa dumalane le yone.”

Eunice: “Ditsala tse ke di ratang thata ke tse di iketleetsang go ipha nako le nna le go ntheetsa, bogolo jang fa ke na le mathata.”

Silvina: “Ditsala tsa boammaaruri di tla go bolelela boammaaruri—le fa di itse gore bo tla go utlwisa botlhoko—ka gonne di go batlela se se molemo.”

BAEBELE YA RENG?

“Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Ditsala tse di molemo di rata go reediwa. Mme fa e nna rona fela re buang, seo se ka ba naya kgopolo ya gore re tsaya maikutlo a rona a le botlhokwa go feta a bone. Ka jalo, reetsa ka kelotlhoko fa tsala nngwe e batla go go bolelela dilo tse e di akanyang le tse e tshwenyegang ka tsone. Mme o se ka wa kgopisega fa e go bolelela boammaaruri. Diane 27:6 ya re: “Dintho tse di bakwang ke moratiwa di a ikanyega.”

 3. Se Lebelele Dilo Tse di sa Kgonegeng

Fa re ntse re atamalana le tsala, re simolola go bona makoa a yone. Ditsala tsa rona ga di a itekanela, mme le rona ga re a itekanela. Ka jalo, le ka motlha ga re a tshwanela go lebelela kgotsa go batla gore ditsala tsa rona di se ka tsa dira diphoso. Go na le moo, go molemo go anaanela se se molemo ka bone le go amogela gore ba tla dira diphoso.

SE BATHO BA SE LEBELETSENG MO TSALENG

Samuel: “Gantsi re lebelela gore batho ba bangwe ba dire dilo tse rona re ka se kgoneng go di dira. Fa re lemoga diphoso tsa rona le gore rona re tlhoka go itshwarelwa, go nna motlhofo gore re itshwarele ba bangwe.”

Daniel: “Amogela gore ditsala tsa gago di tla dira diphoso. Fa go nna le mathata, go molemo go a rarabolola ka bonako le go leka ka natla go a lebala.”

BAEBELE YA RENG?

A o iketleeditse go itshwarela?—Bakolosa 3:13, 14

“Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” (Jakobe 3:2) Go lemoga ntlha eno ya botlhokwa go ka re thusa go amogela ditsala tsa rona ka makoa a bone. Mme seo se tla re letla go tlhokomologa diphosonyana le ditlhaelo tse di ka re serang. Baebele ya re: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. . . . Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”Bakolosa 3:13, 14.

 4. Tsalana le Batho ba ba Farologaneng

Ke boammaaruri gore re tshwanetse go tlhopha gore re tsalana le bomang. Mme seo ga se kaye go tsalana fela le batho ba dingwaga tse di rileng kgotsa ba ba godisitsweng ka tsela e e rileng. Go kgatlhegela batho ba dingwaga tsotlhe, ba ditso le ditšhaba tsotlhe ruri go ka tokafatsa matshelo a rona.

SE BATHO BA SE LEBELETSENG MO TSALENG

Unai: “Go tsalana fela le dithaka tsa gago le batho ba ba ratang se o se ratang, go tshwana le go apara fela diaparo tsa mmala o o o ratang thata ka metlha. Le fa o ka tswa o rata mmala oo go le kana kang, nako nngwe o tla go tlapela.”

Funke: “Go nna le ditsala tse di farologaneng go nthusitse gore ke gole mo tlhaloganyong. Ke ithutile go dirisana sentle le batho ba dingwaga tsotlhe, ba ba godileng ka ditsela tse di sa tshwaneng mme seo se dirile gore ke nne botsalano go feta pele mme ke tlwaele batho ka bonako. Mme ruri ditsala tsa me di anaanela seo.”

A o tsalana le batho ba mefuta yotlhe?—2 Bakorintha 6:13

BAEBELE YA RENG?

“Jalo, e le go duela ka tsela e e tshwanang—ke bua jaaka ke bua le bana—le lona, pitlologang.” (2 Bakorintha 6:13) Baebele e re kgothaletsa go tsalana le batho ba mefuta yotlhe. Go dira jalo go ka dira gore botshelo jwa gago bo nne monate le gore o ratwe ke batho ba bangwe.