SETLHOGO SA KA FA NTLE
Batho ba ka Agisana Jang?
Frank le Jerry e ne e le baagelani ba ba utlwanang—go fitlha Jerry a dira phathi e e neng ya fela bosigo thata. * Fa Frank a ne a ngongorega ka modumo, Jerry o ne a kgopisiwa ke tsela e a neng a bua le ene ka yone. Ba ne ba ngangisana. Morago ga foo, ba ne ba tila go kopana.
FRANK le Jerry ga se bone fela ba ba nang le bothata jo bo ntseng jalo. Fa batho ba babedi ba sa utlwane ka sengwe, gantsi ba a galefelana, gongwe e bile ba pegana molato. Fa ba sa baakanye bothata jono, ba ka nna ba tlhobogana.
Gongwe o kile wa lebana le boemo jo bo tshwanang le jono. Fa e le gore go ntse jalo, gongwe bo ne bo sa go itumedise! Ee ruri, bontsi jwa rona re batla go tshela ka kagiso le go utlwana le ditsala le baagelani ba rona. Mme gone, re ka kgona jang go dira jalo le fa go nna go tsoga dikgotlhang? Re ka fenya jang maikutlo a a sa siamang a re nnang le one le kutlobotlhoko? A re ka rarabolola dikgotlhang tsa rona ka kagiso?
Akanya ka boemo jwa ga Frank le Jerry. Tota botsala jwa bone bo ne jwa simolola go senyega fa ba ne ba tsaya dikgato tseno tse mmalwa tse di phoso: (1) Jerry o ne a sa akanyetse, (2) Frank o ne a bontsha go serega ga gagwe ka tsela e e neng ya kgopisa Jerry, (3) boobabedi ba ne ba galefa, mme (4) boobabedi ga ba a ka ba ineela.
Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, ba ne ba leba dilo sentle. Banna bano ba babedi ba ne ba rarabolola kgotlhang ya bone mme ba dira kagiso. Ke eng se se ba thusitseng gore ba atlege? Ba ne ba dirisa melaometheo mengwe e e neng ya thusa ditsala tse dintsi gore di falole dinako tse di thata le gore botsala jwa bone bo nonofe le go feta.
Melaometheo eo e ka bonwa mo bukeng e e anamisiwang thata mo lefatsheng ka bophara—Baebele. E re kgothaletsa go leka ka natla go nna le dinonofo tse di rotloetsang kagiso le tse di okobatsang maikutlo—dinonofo tse di jaaka, temogo, bopelonomi, lorato le bopelotelele.—Diane 14:29; 1 Bakorintha 13:4, 5.
Frank le Jerry ke dikao di le pedi tse di bontshang kafa Baebele e nang le maatla a go fetola matshelo ka tsela e e molemo ka gone. Go na le dikai tse dingwe tse dintsi, go akaretsa tsa batho ba ba ileng ba fenya mekgwa e e sa siamang e e nweleletseng kwa teng. Ka sekai, Robert yo o nnang kwa Australia, o ne a fenya bothata jo a sa bolong go nna le jone jwa go galefa thata. Nelson, wa kwa Timor-Leste, o ne a fedisa bobaba jo a sa bolong go nna le jone mme a nna tsala e e atamalaneng le mongwe yo e kileng ya bo e le mmaba wa gagwe. Baebele e thusitse jang Robert le Nelson? Tsogang! e ile ya ba botsolotsa.
POTSOLOTSO 1
ROBERT, re tlotlele go se kae gore o godile jang.
Ke goletse mo lelapeng le le se nang boitumelo. Ka sekai, rre e ne e le motho yo o bogale thata e bile a rata thubakanyo mme gantsi o ne a ntitaya. Ka dinako dingwe o ne a tle a ntlogele ke tswa madi e bile ke idibetse. Ka ntlha ya seo, ke ne ka nna bogale thata le go rata thubakanyo. Mo dingwageng tsa me tsa bolesome, ke ne ka fetsa dingwaga di le pedi ke le mo sekolong sa bana ba diganana. Moragonyana ke ne ka keteka motho setlhogo jaana mo ke neng ka feleletsa ke le kwa kgolegelong ya tshireletso e e gagametseng. Kgabagare fa ke gololwa ke ne ka fudugela kwa Australia, ke solofetse gore ke tla simolola botshelo jo bosha.
A go fuduga go ne ga go thusa go fetola mekgwa ya gago?
Totatota go fuduga ga go a nthusa go le kalo, mme ke fetotswe ke Baebele, e ke neng ke ithuta yone le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke na le bothata jwa go laola bogale jwa me mme gantsi ke ne ke ikutlwa ke betilwe ke pelo e bile ke se na mosola. Letsatsi lengwe ke ne ka akanya ka Diane 19:11, e e reng: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe, mme ke bontle mo go ene go tlhokomologa tlolo.” E re ka ke ne ke batla go nna le temogo eo, ke ne ka simolola go akanya ka gore ke eng se se tlhotlheletsang maikutlo, mafoko le ditiro tsa rona. Ka jalo, ka bonya ka bonya ke ne ka simolola go nna motho yo o tlhaloganyang, yo o pelotelele le yo o itshwarelang.
A o ka re naya sekai?
Nako nngwe ke ne ka kgopisa tsala ya me ke sa ikaelela, mme o ne a nkgalemela ka bogale fa pele ga batho ba bangwe. Ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong tota! Le fa go ntse jalo, ke ne ka gopola kgakololo ya Baebele e e reng “lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula,” mme ka kopa maitshwarelo ka bonako. (Baroma 12:17) Fa tsala eo ya me e sena go wela makgwafo, ke ne ka bua le ene re le rosi mme ka lemoga gore o ne a na le mathata a lelapa. Re ne ra dira kagiso mme moragonyana a nnaya jase e ntle e le mpho. Ke a tshoga fa ke akanya gore go ka bo go diragetse eng fa nkabo ke itshwere ka tsela ya me ya kgale fa ke ne ke tlhabisiwa ditlhong.
O rarabolola jang mathata a lelapa?
Nna le mosadi wa me re na le morwa wa dingwaga di le 20, mme fela jaaka malapa a mangwe, le rona re na le go sa utlwane. Le fa go ntse jalo, ke ithutile go le gontsi mo Baebeleng, go akaretsa botlhokwa jwa go re, “Ke kopa maitshwarelo.” Go a gakgamatsa kafa mafoko ao, fa a buiwa go tswa pelong, a ka thibelang kgotlhang ka gone kgotsa a e fokotsa.
POTSOLOTSO 2
NELSON, o na le monyenyo o o kgatlhang le o o botsalano. Mme gone, nako nngwe o kile wa bo o tletse letlhoo tota. A ke nepile?
Ee! Fa ke sa ntse ke le lekawana, ke ne ka tsena mo setlhopheng sengwe sa dipolotiki se se neng se lwa kgatlhanong le puso. Gape ke ne ke tlhoile lekoko lengwe la sepolotiki le le neng le le kgatlhanong le la rona le le neng le lwela go laola kgaolo ya rona. Go tokafatsa bokgoni jwa me jwa go lwa, ke ne ka ithuta karati mme ke ne ke itaya mongwe le mongwe fela yo o neng a ntena.
Ke eng se se go tlhotlheleditseng gore o fetoge?
Ke ne ka simolola go ithuta Baebele mme ka dirisa se e se rutang, mme go na le dithuto tse pedi tse segolobogolo di neng tsa nkama pelo. Ya ntlha e re: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla.” (Mathaio 7:12) Ya bobedi e re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Ke ne ka lemoga gore Basupi ba ba neng ba nthuta Baebele, ba ne ba bontsha lorato loo go sa kgathalesege gore ke ba lotso kgotsa morafe ofe. Ke ne ke batla go tshwana le bone. Ke ile ka atlega ka gonne ditsala tsa me tsa bogologolo di ne di gakgametse mme go ise go ye kae ba ne ba sa tlhole ba mpoifa.
A o kile wa boela mo mekgweng ya gago ya pele?
E seng fa ke le mo gare ga batho. Mme ka dinako dingwe ke ne ke palelwa ke go laola bogale jwa me fa ke le kwa gae. Tota e bile, nako nngwe ke ne ka galefa thata jaana mo ke neng ka itaya mosadi wa me, mme ke ikwatlhaela seo thata. Le fa go ntse jalo, o ne a intshwarela ka bopelonomi, mme seno se ne sa dira gore ke ikemisetse le go feta gore ke laole maikutlo a me.
Wa re batho ba ne ba sa tlhole ba go boifa. A o ka re naya sekai?
Ee. Letsatsi lengwe ke ne ka kopana le monna mongwe yo o bidiwang Augusto, yo e neng e le leloko le le itsegeng la setlhopha sa dipolotiki se se neng se le kgatlhanong le se ke neng ke le mo go sone se ke se umakileng pelenyana. O ne a tshogile fa a mpona. Le fa go ntse jalo, ke ne ka mo dumedisa ka lorato, ka mo kopa gore re lebale dikgotlhang tsa rona mme ka mo laletsa kwa legaeng la me. O ne a amogela taletso mme o ne a gakgametse go bo ke fetogile jalo—mo le ene a ileng a simolola go ithuta Baebele. Gone jaanong nna le Augusto ga re ditsala fela mme gape ke mokaulengwe wa me.
“Agisanang le Batho Botlhe”
Dilo tse di bakang dikgotlhang di raraane e bile ga di tshwane, mme ga se mongwe le mongwe yo o ikemiseditseng go amogela maiteko a go dira kagiso. Ke gone ka moo Baebele e re nayang kgakololo eno e e utlwalang: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” —Baroma 12:18.
Batho ba ba umakilweng mo setlhogong seno ba naya bosupi jo bo bonalang jwa gore botlhale jo bo mo Baebeleng ruri bo mosola—gore Baebele e na le maatla a go pitikolola tota le mekgwa ya rona e e sa siamang e e “nweleletseng kwa teng thata” fa re e letla gore e dire jalo. (2 Bakorintha 10:4) Diane 3:17, 18 e bua jaana malebana le botlhale joo: “Ditselana tsa jone ke ditselana tsa monate, mme ditsela tsotlhe tsa jone ke kagiso. Ke setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme ba ba bo ngangatlelang ba tla bidiwa ba ba itumetseng.”
A o batla go itumela le go agisana le batho ba bangwe? A o eletsa go nna le botsala jo bo sa senyegeng fa go na le mathata? Fa go ntse jalo, o ka se ikwatlhaye fa o letla Baebele e go bontsha gore o ka dira seo jang.
^ ser. 3 Maina a fetotswe.