Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dintlha ka Boitekanelo

Dintlha ka Boitekanelo

Le fa maemo a tsa kalafi a gatetse pele, batho ba sa ntse ba tshwarwa ke malwetse. Mme dipatlisiso di bontsha gore malwetse a mantsi a ka thibelwa.

Lefatshe

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o fopholetsa gore ka 2035, batho ba le dimilione di le 24 ba tla tshwarwa ke kankere. Mo go rayang gore palo ya batho ba ba tshwerweng ke kankere gone jaanong e go tweng ke dimilione di feta 14, e tla oketsega ka diperesente di feta 70. Go akanngwa gore halofo ya batho bano e tla tshwarwa ke bolwetse jono ka ntlha ya tsela e ba tshelang ka yone, jaaka go nwa bojalwa thata, go nna fela o sa dire sepe, go nna mokima thata, go amiwa ke marang a a kotsi le go goga motsoko.

Boritane

Fa puso ya Boritane e sena go dira dipatlisiso tse di tseneletseng, e ne ya itsise gore bolwetse jo bo tshwarang batho fa ba jele nama ya kgomo e e nang le megare bo ka anama ka go tshelwa madi. Andrew Miller, e bong leloko la Palamente, a re: “Re tshwentswe thata ke dipatlisiso tse di bontshang gore bolwetse jono jo bo se nang kalafi bo ka tshwara batho ba bantsi.” O ne a oketsa ka go re: “Re boleletswe gore [bolwetse jono bo ka anama] ka go tshelwa madi kgotsa ka go abelwa dirwe tse di nang le mogare ono.”

Norway

Patlisiso e e dirilweng ka dingwaga di le 11 mo Ba-Norway ba le 63 000 e bontsha gore go gatelelwa thata mo maikutlong go dirile gore batho ba le diperesente di le 40 ba tlhaselwe ke bolwetse jwa pelo. Mokgatlho wa European Society of Cardiology o nopola mongwe wa bakwadi ba ba dirileng patlisiso eo. Mo go yone, o tlhalosa gore go gatelelwa thata mo maikutlong go tlhagisa dihoromone tse di bakang go ngomoga pelo. Mme dihoromone tseo, di baka bolwetse jwa pelo jo bo dirang gore motho a se ka a dirisa kgakololo e a e newang e e ka tokafatsang botsogo jwa gagwe.

United states

Baitsesaense ba ntse ba dira dipatlisiso ka dikotsi tsa botsogo tse di bakwang ke masalela a motsoko a a latlhelwang fa fatshe le mo matlakaleng a a mo matlong, mo dihoteleng le mo dikoloing. Masalela ano a ka nna kotsi le go feta fa a koelana.