Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Dipotso Tse Tharo Tse O ka Di Botsang Modimo

Dipotso Tse Tharo Tse O ka Di Botsang Modimo

SUSAN o ne a simolola go botsa ka Modimo a le dingwaga di le supa, fa tsala ya gagwe ya dingwaga di le robongwe e bong Al a ne a ya go robadiwa kwa bookelong ka ntlha ya bolwetse jwa pholio jo bo neng jwa dira gore a feleletse a tsentswe mo motšhineng wa go hema. O ne a kwala ka se se mo diragaletseng mo lokwalodikgannyeng lwa The New York Times lwa January 6, 2013.

Susan o ne a botsa mmaagwe jaana fa ba sena go etela Al kwa bookelong: “Goreng Modimo a ka mo dira jalo?”

Mmagwe o ne a mo raya a re: “Moruti o tle a re Modimo o na le mabaka a gagwe, mme ga ke a itse.”

Morago ga dingwaga tse pedi ka 1954, Jonas Salk o ne a dira mokento wa pholio mme mmaagwe Susan o ne a mo raya a re gongwe Modimo ke ene a mo thusitseng go dira dipatlisiso ka yone.

Susan o ne a re: “Modimo a ka bo a thusitse dingaka go dira seo bogologolo gore Al a se ka a dirisa motšhini o o mo thusang go hema.”

Susan o ne a sobokanya se se mo diragaletse fa a ne a le monnye ka go kwala jaana: “Morago ga dingwaga di le robedi [Al] o ne a tlhokafala, mme ka nako eo ke ne ke sa tlhole ke dumela mo Modimong e bile go se sepe se se ka fetolang mogopolo wa me.”

Fela jaaka Susan, go nna thata gore batho ba ba kileng ba diragalelwa ke sengwe se se botlhoko kgotsa ba ba kileng ba bona se direga, ba bone dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa bone ka Modimo. Bangwe e nna balatolamodimo mme ba bangwe ba nna le dipelaelo le fa ba ka tswa ba sa ganele gore Modimo o teng.

Ga se gore balatolamodimo le batho ba ba belaelang ga ba itse sepe ka bodumedi. Go na le moo, se ba se lemogileng mo dikerekeng ke sone se dirang gore ba se ka ba tlhola ba dumela mo Modimong. Ba ka tswa ba akanya gore dikereke tse di itsegeng di paletswe ke go araba dipotso tse di botlhokwa ka botshelo. Ke dipotso dife? Tota ke dipotso tse gantsi di tshwenyang batho ba ba reng ba dumela mo Modimong. Ela tlhoko dipotso tse tharo tse batho ba ka ratang go di botsa Modimo fa ba ne ba ka newa tshono eo, mme o bone gore Baebele e di araba jang.

1 “GORENG O LETLELETSE POGO?”

Goreng ba botsa potso eo?

Batho ba le bantsi ba re ‘Modimo yo o lorato a ka re sireletsa gore re se ka ra welwa ke masetlapelo.’

SE O KA AKANYANG KA SONE: Re ka tsaya mekgwa le meetlo ya ditso tse dingwe e sa tlwaelega—gongwe e re gakgamatsa. Re ka nna ra se tlhaloganye sentle dilo tse ba di dirang. Ka sekai, mo ditsong tse dingwe go leba motho mo matlhong go bontsha tlotlo mme mo ditsong tse dingwe go bontsha lenyatso. Le fa go ntse jalo, ga go reye gore di phoso. Go na le moo, re tlhoka fela go di tlhaloganya botoka.

A go ka direga se se tshwanang fa go tliwa mo go tlhaloganyeng Modimo? Batho ba le bantsi ba dumela gore pogo e e tletseng mo lefatsheng ke bosupi jwa gore ga go na Modimo. Mme ba ba itseng gore ke eng fa Modimo a letleletse pogo ba tlhomamisegile gore go na le Modimo.

SE BAEBELE E SE BUANG: Dikakanyo le ditsela tsa Modimo ga di tshwane le tsa rona. (Isaia 55:8, 9) Ka jalo, ditiro tsa gagwe le mabaka a gagwe a go sa itlhaganelele go tsaya kgato, di ka re gakgamatsa.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga e re re dumele dipolelo tse di jaaka “Modimo o dira ka ditsela tse di farologaneng.” Go na le moo, e re kgothaletsa go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo, re itse gore ke eng fa a dira dilo ka tsela e a di dirang ka yone. * Tota e bile re ka kgona go atamalana le ene.—Jakobe 4:8.

2 “GORENG GO TLETSE BOITIMOKANYI MO DIKEREKENG?”

Goreng ba botsa potso eo?

Bangwe ba ka re ‘Fa e le gore Modimo o peloephepa, go ka bo go se na baitimokanyi ba bantsi ba ba reng ba obamela Modimo.’

SE O KA AKANYANG KA SONE: Akanya ka morwa yo o tlogelang go tshela ka tsela e e molemo e rraagwe a mo godisitseng ka yone a bo a tswa mo lapeng a ya go tshela ka tsela e e sa siamang. Le fa rraagwe a sa dumalane le gone, o mo letla gore a itirele tshwetso. A fa batho ba kopana le morwa yono ba tla swetsa ka gore o ne a na le rre yo o bosula kgotsa gore o ne a se na rre gotlhelele? Nnyaa! Ka tsela e e tshwanang, boitimokanyi mo dikerekeng bo bontsha gore Modimo o letla mongwe le mongwe go itlhopela gore o tla tshela jang.

SE BAEBELE E SE BUANG: Modimo o tlhoile boitimokanyi jo bo dirwang mo dikerekeng. (Jeremia 7:29-31; 32:35) Le fa go ntse jalo, o letla batho go itlhophela. Batho ba le bantsi ba ba reng ba dumela mo Modimong ba tlhopha go latela dithuto tsa batho tsa bodumedi le go ipeela melao ya gore ba tla tshela jang.—Mathaio 15:7-9.

Go farologana le seo, Modimo o amogela bodumedi jo bo se nang boitimokanyi. * Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lorato lono le tshwanetse go nna lo lo “se nang boitimokanyo.” (Baroma 12:9) Dikereke di le dintsi di paletswe ke go bontsha lorato loo. Ka sekai, ka 1994 fa go ne go gailwa merafe kwa Rwanda, batho ba le bantsi ba ne ba bolaya badumedikabone fela ka gonne e ne e le ba lotso lo sele. Go farologana le seo, Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba nna le seabe mo ntweng eo mme bontsi jwa bone bo ile jwa sireletsa badumedikabone le batho ba bangwe, le e leng go itsenya mo kotsing ka ntlha ya bone. Ditiro tseo tsa go sa ikakanyetse di bontsha gore go a kgonega gore bodumedi bo se ka jwa nna le boitimokanyi.

3 “GORENG RE TSHELA?”

Goreng ba botsa potso eo?

Bangwe ba ka ipotsa jaana: ‘Goreng batho ba tshela dingwaga di le 80 kgotsa 90 fela ba bo ba tlhokafala? Goreng re tshela lobaka lo lokhutshwane jaana?’

SE O KA AKANYANG KA SONE: Batho ba le bantsi ba ba sa dumeleng mo Modimong ba re go na le mongwe yo o bopileng dilo tse di raraaneng, tse dinnye le lefatshe. Ba lemogile gore polanete ya rona, dipolanete tse dingwe le ngwedi di dirilwe ka tsela e e dirang gore go nne le botshelo mo lefatsheng. Ba re melao ya tlholego e e laolang lobopo e rulagantswe ka matsetseleko mo e leng gore le phetogo e nnye e ka dira gore go se ka ga nna le botshelo mo lefatsheng.

SE BAEBELE E SE BUANG: Le fa batho ba tsaya gore botshelo jwa rona jo bokhutshwane bo bontsha gore ga go na Modimo, popo e ntsha bosupi jo bo utlwalang jwa gore go na le Mmopi. (Baroma 1:20) O dirile dilo tseno a na le maikaelelo e bile ke boikaelelo jwa gagwe go bo re tshela. Modimo o bopetse batho gore ba tshelele ruri mo lefatsheng e bile ga a lebala boikaelelo jwa gagwe.—Pesalema 37:11, 29; Isaia 55:11.

Le fa dinonofo tse di molemo tsa Modimo le popo di bontsha gore Modimo o teng, o ne a sa batle re tsaya gore dilo tse di diregang gompieno ke boikaelelo jwa gagwe. Gore re itse boikaelelo jwa Modimo le gore re tshelela eng, re tshwanetse go mo letla a bua le rona. O dira jalo a dirisa Baebele. * Basupi ba ga Jehofa ba go kgothaletsa go akanya ka dikarabo tse di fitlhelwang mo go yone.

^ ser. 17 Go bona lebaka la go bo Modimo a letleletse pogo, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Gape e gone mo www.mt1130.com/tn.

^ ser. 23 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 15 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Gape e gone mo www.mt1130.com/tn.

^ ser. 29 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Gape e gone mo www.mt1130.com/tn.