Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A e Feletswe ke Nako Kgotsa e mo Nakong?

A e Feletswe ke Nako Kgotsa e mo Nakong?

SAENSE

BAEBELE GA SE BUKA YA SAENSE MME GA E BOLO GO BUA DILO DINGWE PELE DI LEMOGIWA. AKANYA KA DIKAI DI LE MMALWA.

A go na le mongwe yo o bopileng legodimo le lefatshe?

Baitsesaense ba ba tumileng ga ba bolo go dumela gore legodimo le lefatshe ga di a bopiwa. Gone jaanong ba fetotse mogopolo. Mme gone Baebele ga e bolo go tlhalosa seo sentle.—Genesise 1:1.

Lefatshe le ntse jang?

Bogologolo batho ba ne ba akanya gore lefatshe le sephara. Ka lekgolo la botlhano la dingwaga pele Jesu a tla mo lefatsheng, moitsesaense mongwe wa Mogerika o ne a re lefatshe le kgolokwe. Mme bogologolo pele ga moo, ka lekgolo la borobedi la dingwaga, mokwadi wa Baebele e bong Isaia o ne a bua ka “kgolokwe ya lefatshe.”—Isaia 40:22.

A dilo tse di mo loaping di kgona go senyega fa nako e ntse e ya?

Moitsesaense wa bogologolo wa Mogerika e bong Aristotle o ne a ruta gore dilo tse di mo lefatsheng ke tsone fela tse di senyegang. Go ne ga feta dingwaga di le dintsi batho ba dumela jalo. Mme dingwaga moragonyana, baitsesaense ba ne ba re dilo tse di mo loaping le tse di mo lefatsheng di kgona go senyega. Mongwe wa baitsesaense ba ba thusitseng go anamisa kgopolo eo e bong Lord Kelvin, o ne a bona mafoko ano a a mo Baebeleng a a buang ka legodimo le lefatshe: “Di tla onala tsotlhe fela jaaka seaparo.” (Pesalema 102:25, 26) Kelvin o ne a dumalana le Baebele fa e re Modimo o kgona go dira gore dilo tse a di bopileng di se ka tsa senyega.—Moreri 1:4.

Dipolanete di tshegeditswe ke eng?

Aristotle o ne a ruta gore dipolanete di mo teng ga dipolanete tse dingwe mme lefatshe le mo gare ga dipolanete tseo tsotlhe. Ka dingwaga tsa bo1700 go ya go tsa bo1800, baitsesaense ba ne ba simolola go dumela gore dinaledi le dipolanete ga di a tshegediwa ke sepe. Mme buka ya Jobe e e ileng ya kwalwa dingwaga di le makgolokgolo pele Jesu a tla mo lefatsheng, ya re Mmopi “o lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe.”—Jobe 26:7.

MELEMO

LE FA BAEBELE E SE BUKA E E BUANG KA TSA KALAFI, E NA LE MELAOMETHEO E E KA THUSANG GO TOKAFATSA BOTSOGO.

Go tlhaola balwetse.

Molao wa ga Moshe o ne o re batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa lepero ba tshwanetse go nna ba le bosi. Dingaka di ne tsa simolola go dirisa molaomotheo oo dingwaga di le 700 tse di fetileng fa malwetse a sena go bolaya batho ba le bantsi, mme o sa ntse o thusa thata le gompieno.—Lefitiko kgaolo 13 le 14.

Go tlhapa fa o fetsa go tshwara setopo.

Bogologolo go ne go tlwaelegile gore dingaka di bereke ka ditopo di bo di tswa di thusa balwetse di sa tlhapa diatla. Seo se ne se dira gore go swe batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, Molao wa ga Moshe o ne o re mongwe le mongwe yo o tshwarang mmele o o suleng o ne a se phepa. Gape o ne o re motho yoo a tlhape ka metsi gore a nne phepa. Ditiro tseo tsa bodumedi di ne di thusa motho go nna le botsogo jo bo siameng.—Dipalo 19:11, 19.

Thulaganyo ya go tsamaisa leswe.

Ngwaga le ngwaga bana ba feta halofo ya milione ba bolawa ke letshololo le gantsi le bakwang ke go sa tsamaise mantle sentle. Molao wa ga Moshe o ne o re mantle a tshwanetse go latlhelwa kgakala le mo batho ba nnang gone a bo a katelwa.—Duteronome 23:13.

Nako ya go ntshiwa ga letlalo la bonna.

Molao wa Modimo o ne o re ngwana wa mosimane o tshwanetse go ntshiwa letlalo la bonna fa a na le malatsi a le robedi. (Lefitiko 12:3) Go dumelwa gore ntho e kgona go fola sentle fa ngwana a na le beke a tshotswe. Ka dinako tsa fa Baebele e kwalwa, fa go ne go ise go nne le mekgwa ya kalafi e e tokafaditsweng, go ne go sireletsegile gore batho ba eme beke pele ba ntsha letlalo la bonna.

Go nna le boikutlo jo bo siameng go tsamaisana le go nna le botsogo jo bo siameng.

Babatlisisi ba tsa kalafi le baitsesaense ba re go nna le maikutlo a a siameng jaaka boitumelo, tsholofelo, go leboga le go ikemisetsa go itshwarela, go siametse botsogo. Baebele ya re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi, mme moya o o hutsafetseng o omisa marapo.”—Diane 17:22.