Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlapa le leina la ga Tattannu le kwadilweng mo go lone

Bosupi jo Bongwe Gape

Bosupi jo Bongwe Gape

A bosupi jwa baithutamarope bo tshegetsa pego ya Baebele? Ka 2014, setlhogo sengwe sa makasine wa Biblical Archaeology Review se ne se na le potso e e reng: “Go na le batho ba bakae ba go buiwang ka bone mo Dikwalong Tsa Sehebera ba baithutamarope ba fitlhetseng bosupi jwa gore ba kile ba nna gone?” Setlhogo seo se ne sa re: “Ba ka nna 50!” Monna mongwe yo o neng a sa umakiwa mo setlhogong seo, e ne e le Tatenai. Tatenai e ne e le mang? Mma re bone gore Baebele ya reng ka ene.

Jerusalema e kile ya bo e le karolo ya Mmusomogolo wa Peresia. Motse oo o ne o le kwa kgaolong e Baperesia ba neng ba e bitsa karolo E e Ka Kwa ga Noka kgotsa karolo e e kwa bophirima jwa Noka ya Euferatese. Fa Baperesia ba sena go fenya Bababelona, ba ne ba golola batshwarwa ba Bajuda mme ba ba laela gore ba ye go aga tempele ya ga Jehofa sesha kwa Jerusalema. (Esera 1:1-4) Le fa go ntse jalo, baba ba Bajuda ba ne ba leka go thibela porojeke eo ya go aga mme ba e dirisa e le seipato sa go latofatsa Bajuda gore ba tsuologela puso ya Peresia. (Esera 4:4-16) Ka nako ya fa go ne go busa Dario I (522-486 B.C.E.), modiredi wa puso ya Peresia e bong Tatenai o ne a etelela pele batho ba ba neng ba le kgatlhanong le Bajuda. Baebele e mmitsa “molaodi yo o ka kwa ga Noka.”—Esera 5:3-7.

Go ile ga fitlhelwa matlapa a bogologolo a a gabilweng leina la ga Tatenai, mme go bonala a ne a dirisiwa go kwala maina a ba losika lwa gagwe. Letlapa lengwe le ne le kwadilwe maitlamo a a ileng a dirwa ke mongwe wa losika lwa ga Tatenai ka ngwaga wa bo20 wa puso ya ga Dario I, 502 B.C.E. Mongwe wa basupi ba ba neng ba saenile maitlamo ao e ne e le modiredi wa ga “Tattannu, mmusi wa Karolo E e Ka Kwa ga Noka.” Tatenai yono ke ene yo o tlhagelelang mo bukeng ya Baebele ya Esera.

Tiro ya gagwe e ne e le eng? Ka 535 B.C.E., Kurose yo Mogolo o ne a kgaoganya puso ya gagwe ka diporofense mme nngwe ya diporofense tseo e ne e bidiwa Babelona le Karolo e e ka kwa ga Noka. Moragonyana, porofense eo e ne ya kgaoganngwa ka dikarolo tse pedi mme nngwe ya tsone e ne e bidiwa karolo e e ka Kwa ga Noka. E ne e akaretsa Coele-Syria, Fonikia, Samarea le Juda mme go ka direga gore e ne e busiwa ke Damaseko. Tatenai e ne e le mmusi wa kgaolo eo go tloga ka 520 go ya go 502 B.C.E.

Fa Tatenai a tswa kwa Jerusalema go tswa go batlisisa ditatofatso tsa gore Juda e tsuologela puso ya Peresia, o ne a bolelela Dario gore Bajuda ba re Kurose ke ene a ba neileng tetla ya go aga tempele ya ga Jehofa sesha. Fa ba batlisisa kgang eo mo makwalong a kgosi, ba ile ba fitlhela bosupi jwa gore Bajuda ba ne ba bua nnete. (Esera 5:6, 7, 11-13; 6:1-3) Ka jalo, kgosi e ne ya laela Tatenai gore a tlogele Bajuda mme o ne a dira fela jalo.—Esera 6:6, 7, 13.

Boammaaruri ke gore, “Tatenai mmusi wa Karolo E e Ka Kwa ga Noka” ga a dira sepe se a ka gopolwang ka sone mo hisitoring. Mme gone Dikwalo di umaka leina la gagwe e bile di mmitsa ka sereto se a neng a itsege ka sone. Ntlha eno e bontsha bosupi jwa gore gangwe le gape baithutamarope ba tshegetsa pego ya Baebele ya hisitori.