Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Modimo O ne A le Kae?”

“Modimo O ne A le Kae?”

“KE NA LE GO IPOTSA GORE MODIMO O NE A LE KAE?”— Mopapa Benedict wa bo16, fa a ne a etetse kampa e batho ba neng ba bogisiwa kwa go yone kwa Auschwitz kwa Poland.

FA GO TLHAGA MASETLAPELO, A O A TLE O IPOTSE GORE ‘MODIMO O NE A LE KAE?’ KGOTSA A O KILE WA DIRAGALELWA KE SENGWE SE SE DIRILENG GORE O IPOTSE GORE A MODIMO O A GO KGATHALELA?

Gongwe le wena o ikutlwa jaaka Sheila wa kwa Amerika yo o godiseditsweng mo lelapeng le le ratang bodumedi. A re: “Ke simolotse go rata Modimo ke sa le monnye ka gonne ke itse gore ke ene a re bopileng. Mme ke ne ke sa mo rate ka pelo yotlhe. Ke ne ke itse gore o teng mme gone ke tsaya gore o kgakala thata le nna. Ke ne ke sa tseye gore Modimo o ntlhoile mme gape ke sa dumele gore o a nthata.” Goreng Sheila a ne a ikutlwa jaana? A re: “Modimo ga a ka a re thusa fa lelapa la gaetsho le ne le wetswe ke masetlapelo.”

Le wena o ka tswa o dumela gore Modimo Mothatayotlhe o teng mme gone o ipotsa gore a o a go kgathalela. Le fa Jobe e ne e le monna yo o siameng e bile a dumela gore Mmopi wa rona o na le maatla le gore o botlhale, le ene o ne a na le maikutlo a a tshwanang. (Jobe 2:3; 9:4) Fa Jobe a ne a welwa ke masetlapelo ka go latelana, o ile a botsa Modimo a re: “Ke ka ntlha yang fa o fitlha sefatlhego sa gago o bo o ntsaya jaaka mmaba wa gago?”—Jobe 13:24.

A Modimo ke ene a re tlisetsang masetlapelo? A go na le bosupi jo bo bontshang gore Modimo o kgathalela mongwe le mongwe wa rona? Re ka itse jang gore Modimo o bona dilo tse di re diragalelang, o tlhaloganya tsela e re ikutlwang ka yone, o kgona go re utlwela botlhoko kgotsa gore o kgona go re thusa fa re na le mathata?

Mo makasineng ono, re tlile go ithuta gore dilo tse Modimo a di bopileng di re bontsha jang gore o a re kgathalela. (Baroma 1:20) Go tswa foo, re tla bona gore Baebele yone ya reng ka kgang eno. Fa re lebelela dilo tse Modimo a di bopileng e bile re ithuta Lefoko la gagwe, re tla kgona go itse Modimo mme seo se tla dira gore re lemoge gore o a re kgathalela.—1 Johane 2:3; 1 Petere 5:7.