Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditlhaka tsa Sehebera tse di bidiwang Thaterakeramatone, di kaya leina la Modimo e bong Jehofa, di balwa go tswa kwa mojeng go ya kwa molemeng

Tlhaka e Nnye Thata ya Sehebera e re Tlhomamisetsa Sengwe sa Botlhokwa

Tlhaka e Nnye Thata ya Sehebera e re Tlhomamisetsa Sengwe sa Botlhokwa

A tota re ka tlhomamisega gore ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo di tla direga? Jesu o ne a tlhomamisegile gore di tla direga e bile se a neng a se ruta se ne se dira gore bareetsi ba gagwe ba dumele seo. Akanya ka setshwantsho se a neng bua ka sone mo Therong ya Kwa Thabeng, se se tlhagang mo go Mathaio 5:18: “Ammaaruri ke a lo raya ka re legodimo le lefatshe di tla feta ka bonako go na le gore tlhaka e le nngwe e nnye thata kgotsa ntlhana e le nngwe ya tlhaka ya Molao e fete ka gope mme dilo tsotlhe di sa diragala.”

Tlhaka e nnye thata mo ditlhakeng tsa Sehebera ke י (yod). Ke yone tlhaka ya ntlha mo go tse nnê tse di bidiwang Thaterakeramatone, e leng leina la Modimo le le boitshepo e bong Jehofa. * Bakwadi le Bafarasai ba ne ba tsaya mafoko otlhe le ditlhaka tsotlhe tse di mo Molaong wa Modimo di le botlhokwa, go akaretsa le ‘ntlhana nngwe le nngwe ya tlhaka.’

Jesu o ne a re legodimo le lefatshe di ka feta go na le gore ntlha nngwe le nngwe ya Molao e fete e sa diragadiwa. Mme Baebele yone e re tlhomamisetsa gore magodimo le lefatshe la mmatota, di tla nnela ruri. (Pesalema 78:69) Ka jalo, Jesu o ne a raya gore tota le ntlha e nnye thata mo Molaong e tla diragadiwa.

A dintlha tse dinnye di botlhokwa mo go Jehofa? Ee, di botlhokwa. Akanya ka seno: Baiseraele ba ne ba laetswe gore ba se ka ba roba lerapo lepe la kwana ya Tlolaganyo. (Ekesodo 12:46) Gongwe seno ga se re sepe. A ba ne ba tlhaloganya lebaka la go bo ba sa tshwanela go roba lerapo lepe la kwana? Gongwe ba ne ba sa tlhaloganye. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o ne a itse gore ntlha eo e nnye, e ne e le boporofeti jwa gore ga go kitla go robiwa lerapo lepe la ga Mesia fa a bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso.—Pesalema 34:20; Johane 19:31-33, 36.

Mafoko a ga Jesu a re ruta eng? Le rona re ka tlhomamisega gore ditsholofetso tsa ga Jehofa Modimo tsotlhe di tla diragadiwa le dintlha tsa tsone tse dinnye thata. Ruri tlhaka eo e nnye thata ya Sehebera e re tlhomamisetsa seo!

^ ser. 3 Tlhaka e nnye thata mo go tsa Segerika ke iota mme go bonala e tshwana le e nnye ya Sehebera י (yod). E re ka Molao wa ga Moshe o ne o kwadilwe e bile o kwalololwa ka Sehebera, Jesu a ka tswa a ne a bua ka tlhaka ya Sehebera.