Tota Jesu O ne A Lebega Jang?
Ga go na ope yo o nang le senepe sa ga Jesu. Ga go na ope yo o kileng a taka setshwantsho sa gagwe kgotsa a betla setshwantsho sa gagwe a mo lebile. Le fa go ntse jalo, ga a bolo go nna a tlhagelela mo ditshwantshong tsa bataki ba le bantsi.
Boammaaruri ke gore bataki bao ga ba itse gore tota Jesu o ne a lebega jang. Le fa go ntse jalo, ditshwantsho tsa bone di ka tlhotlheletsa batho le go dira gore ba lebe Jesu ka tsela e e sa siamang le gore ba se ka ba lemoga botlhokwa jwa dithuto tsa gagwe.
Bataki bangwe ba bontsha Jesu e le motho yo o tlhakatlhakaneng, a le bokoa a na le moriri o moleele le ditedu tse dintsi kgotsa a lebega a utlwile botlhoko thata. Mo gongwe, ba mo tlhagisa a na le maatla a a sa tlwaelegang, a le mo kgalalelong kgotsa a le kgakala le batho ba a nang le bone. A mme seno ke boammaaruri? Re ka itse jang? Sengwe se se ka re thusang go itse gore a ka tswa a ne a lebega jang ke go sekaseka dipego dingwe tsa Baebele. Gape dipego tseo di ka re thusa go leba Jesu ka tsela e e siameng.
“O NE WA MPAAKANYETSA MMELE”
Ano ke mafoko a Jesu a neng a a bua mo thapelong ya gagwe ka nako ya fa a ne a kolobediwa. (Bahebera 10:5; Mathaio 3:13-17) Mmele oo o ne o ntse jang? Dingwaga di le 30 pelenyana, moengele Gabariele o ne a boleletse Marea a re: “O tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, . . . Morwa Modimo.” (Luke 1:31, 35) Ka jalo, Jesu e ne e le motho yo o senang boleo fela jaaka Adame fa a sena go bopiwa. (Luke 3:38; 1 Bakorintha 15:45) Jesu o tshwanetse a bo a ne a le montle tota gongwe a tshwana le mmaagwe wa Mojuda e bong Marea.
Jesu o ne a na le ditedu ka gonne go ne go tlwaelegile mo Bajudeng ka nako eo. Go nna le ditedu go ne go bontsha gore ba na le seriti le tlotlo e bile di ne di se dileele kgotsa di tlhakatlhakane. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a tlhokomela moriri le ditedu tsa gagwe kgotsa a di fokotsa. Batho ba ba jaaka Samesone ba ba neng ba tlhophilwe go nna Banasirite, ke bone fela ba ba neng ba sa beola meriri ya bone.—Dipalo 6:5; Baatlhodi 13:5.
Jesu o feditse dingwaga di le 30 e le mmetli, a bereka a sena di dirisiwa tsa gompieno. (Mareko 6:3) O tshwanetse a bo a ne a nonofile. Fa a simolola bodiredi jwa gagwe o ne “a kobela botlhe ba ba tshotseng dinku le dikgomo kwa ntle ga tempele, mme a tsholola madi a tshipi a baananyi ba madi a ba a pitikolola ditafole tsa bone” a sa thusiwe ke ope. (Johane 2:14-17) Gore motho a dire jalo o tshwanetse a bo a le maatla tota. Jesu o ne a dirisa mmele o Modimo a mmaakanyeditseng one go diragatsa tiro eno e Modimo a neng a mo neile yone: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Jesu o ne a tlhoka maatla a mantsi go tsamaya mo Palesetina yotlhe a bolela molaetsa ono.
“TLANG MO GO NNA, . . . MME KE TLA LO LAPOLOSA”
Tsela e Jesu a neng a lebega ka yone le e e kgatlhang e a neng a itshwara ka yone e ka tswa e ne e dira gore batho ba ba ‘dirang ka natla le ba ba imelwang’ ba batle go mo atamela. (Mathaio 11:28-30) Go nna botsalano le go nna bonolo go ne go bontsha gore tsholofetso ya gagwe ya gore o tla lapolosa ba ba batlang go ithuta mo go ene, e boammaaruri. Tota le ba bannye ba ne ba batla go atamela Jesu ka gonne Baebele ya re: “A tsaya bana ka mabogo.”—Mareko 10:13-16.
Le fa Jesu a ne a utlwa botlhoko jo bo ngomolang pelo pele ga a swa, e ne e se motho yo o nnang a hutsafetse. Ka sekai, o ne a dira gore go nne monate kwa moletlong wa lenyalo kwa Kana ka go fetola metsi go nna beine. (Johane 2:1-11) Kwa dikokoanong dingwe o ne a ruta dithuto tse di botlhokwa.—Mathaio 9:9-13; Johane 12:1-8.
Sa botlhokwa le go feta ke gore, tsela e Jesu a neng a rera ka yone e ne e dira gore mongwe le mongwe a itumelele tsholofelo ya go tshelela ruri. (Johane 11:25, 26; 17:3) Jesu o ne a “ipela thata” fa barutwa ba gagwe ba ba 70 ba mmolelela se se diragetseng fa ba rera, a bo a re: “Ipeleng ka gonne maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.”—Luke 10:20, 21.
“LONA GA LO A TSHWANELA GO NNA KA TSELA EO”
Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba batla go tseelwa kwa godimo e bile ba ne ba dirisa maemo a bone go gatelela batho ba bangwe. (Dipalo 15:38-40; Mathaio 23:5-7) Go farologana le bone, Jesu o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe gore ba se ka ba “rena” mo go ba bangwe. (Luke 22:25, 26) Tota e bile, Jesu o ne a ba tlhagisa jaana: “Tlhokomelang bakwadi ba ba batlang go tsamayatsamaya ba apere diaparo tse di telele e bile ba batla ditumediso mo marekisetsong.”—Mareko 12:38.
Jesu ene o ne a nna le batho e bile nako nngwe batho ba ne ba sa lemoge gore o na le bone. (Johane 7:10, 11) Le fa a ne a na le baaposetoloi ba gagwe ba le 11, o ne o ka se mo lemoge. Judase yo o neng a tlhanogetse Jesu, o ne a bontsha batho gore Jesu ke mang ka “sesupo se go neng go dumalanwe ka sone.”—Mareko 14:44, 45.
Le fa re sa itse dintlha ka botlalo, Jesu o ne a sa lebege jaaka batho ba le bantsi ba mo tlhagisa mo ditshwantshong. Le fa go ntse jalo, se se botlhokwa thata go gaisa tsela e tota a neng a lebega ka yone, ke tsela e re mo tsayang ka yone gompieno.
“KA LOBAKANYANA LEFATSHE GA LE NA GO TLHOLA LE MPONA”
Jesu o ne a swa a bo a fitlhwa ka letsatsi le a neng a bua mafoko ao ka lone. (Johane 14:19) O ne a ntsha botshelo jwa gagwe e le “thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Ka letsatsi la boraro, Modimo o ne a mo tsosa mo losong e le moya a bo a “dira gore a bonatshege” mo barutweng bangwe ba gagwe. (1 Petere 3:18; Ditiro 10:40) Jesu o ne a lebega jang mo barutweng ba gagwe ka nako eo? Go bonala a ne a farologane le jaaka ba ne ba mo tlwaetse ka gonne tota le ditsala tseo tsa gagwe tse dikgolo ga di a kgona go lemoga gore ke ene ka nako eo. Marea Magadalena o ne a tsaya gore ke molemi mme barutwa ba babedi ba a neng a na le bone mo tseleng e e yang Emao ba ne ba tsaya gore ke motho fela yo ba sa mo itseng.—Luke 24:13-18; Johane 20:1, 14, 15.
Re tshwanetse go akanya gore Jesu o lebega jang gompieno? Dingwaga di feta 60 fa Jesu a sena go swa, moaposetoloi Johane o ne a bona diponatshegelo ka Jesu. Johane ga a bona Jesu a swa a le mo sefapaanong. Go na le moo, o ne a bona “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena,” Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, e e tla fenyang baba botlhe ba Modimo e bo e tlisetsa batho masego a a nnelang ruri.—Tshenolo 19:16; 21:3, 4.