Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | SE SE DIREGANG MO MAFELONG A SEMOYA

Tshedimosetso Ka ba Ba Kwa Magodimong

Tshedimosetso Ka ba Ba Kwa Magodimong

Baebele e na le dipono tse di kgatlhang tse di re thusang go bona ka leitlho la mogopolo se se diregang kwa legodimong. Re go laletsa gore o bale le go akanya ka tsone. Le fa re sa tshwanela go tsaya sengwe le sengwe mo diponatshegelong tseno jaaka se ntse, di ka re thusa go bona ka leitlho la mogopolo ba ba mo lefelong la semoya le go tlhaloganya kafa ba re amang ka gone.

JEHOFA KE ENE MOGODIMODIMO

“Setulo sa bogosi se ne se le mo mannong a sone kwa legodimong, mme go na le yo o ntseng mo setulong seno sa bogosi. Mme yo o ntseng, ka ponalo, o tshwana le leje la jasepere le leje la botlhokwatlhokwa la mmala o mohibidu, mme go dikologa setulo seno sa bogosi go na le motshe wa godimo o o tshwanang le emeraleda ka ponalo.”—Tshenolo 4:2, 3.

“Go ne go na le sengwe se se tshwanang le ponalo ya bora e e nnang gone mo lerung le legolo mo letsatsing la fa pula e tshologa. Ponalo ya phatsimo go dikologa e ne e ntse jalo. E ne e le ponalo ya setshwano sa kgalalelo ya ga Jehofa.”—Esekiele 1:27, 28.

Diponatshegelo tseno tse di ileng tsa bontshiwa moaposetoloi Johane le moporofeti Esekiele, di tlhalosa kgalalelo ya Mogodimodimo e bong Jehofa di dirisa dilo tse go leng motlhofo go di tlhaloganya tse di jaaka maje a a tlhwatlhwakgolo, motshe wa godimo le bontle jwa setulo sa bogosi. Di re thusa go bona gore lefelo le Jehofa a leng kwa go lone le lentle thata, le a kgatlha e bile go rena kagiso fela kwa go lone.

Seno se dumalana le mafoko a a neng a buiwa ke mopesalema fa a ne a re: “Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa. O boitshega go feta medimo e mengwe yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke medimo e e se nang mosola; mme fa e le Jehofa ene, o dirile magodimo. Seriti le bontlentle di fa pele ga gagwe; nonofo le bontle di mo lefelong la gagwe le le boitshepo.”—Pesalema 96:4-6.

Le fa Jehofa e le Mogodimodimo, o re laletsa gore re bue le ene ka thapelo e bile o re tlhomamisetsa gore o tla re reetsa. (Pesalema 65:2) Modimo o a re rata e bile o amega thata ka rona, ke ka moo re dumalanang le mafoko a ga moaposetoloi Johane fa a ne a re: “Modimo ke lorato.”—1 Johane 4:8.

JESU O NA LE MODIMO

“[Morutwa Setefane] ka a tletse moya o o boitshepo, a leba kwa legodimong mme a tshogana ka a bona kgalalelo ya Modimo le ya ga Jesu a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo, mme a re: “Bonang! Ke bona magodimo a butswe le Morwa motho a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.”—Ditiro 7:55, 56.

Fa Setefane a ne a bona ponatshegelo eno, go ne go fetile lobakanya Jesu a bolailwe ke bone batho ba Setefane a neng a bua le bone, e bong baeteledipele ba Bajuda. Ponatshegelo eno e ne e bontsha gore Jesu o ne a tshela le gore o ne a tsositswe e bile a tlotlomaditswe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “[Jehofa o ne a] tsosa [Jesu] mo baswing a bo a mo nnisa kafa seatleng sa gagwe sa moja mo mafelong a selegodimo, kwa godimodimo ga puso nngwe le nngwe le taolo le maatla le borena le leina lengwe le lengwe le le rewang, e seng fela mo tsamaisong eno ya dilo, mme le mo go e e tla tlang.”—Baefeso 1:20, 21.

Le fa Jesu a na le maemo a a kwa godimo thata, Dikwalo di bontsha gore fela jaaka Jehofa, le ene o amega thata ka rona. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fodisa batho ba ba lwalang, ba ba golafetseng le go tsosa ba ba suleng. O ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo go bontsha gore o rata Modimo le batho. (Baefeso 2:4, 5) Jesu o ntse ka fa seatleng sa moja sa Modimo mme mo nakong e e sa fediseng pelo, o tlile go dirisa taolo ya gagwe go leretse batho ba ba kutlo masego a magolo.

BAENGELE BA DIRELA MODIMO

“[Nna moporofeti Daniele] ke ne ka nna ka leba go fitlha go bewa ditulo tsa bogosi mme Mogologolo wa Malatsi [Jehofa] a nna. . . . Go ne go na le dikete di le sekete tse di neng di mo direla, le dikete di le lesome di menagane ga dikete di le lesome tse di neng di eme fa pele ga gagwe.”—Daniele 7:9, 10.

Mo ponatshegelong eno, Daniele ga a ka a bona moengele a le mongwe fela, o ne a bona matshutitshuti a bone. Eo e tshwanetse ya bo e ne e le ponatshegelo e e kgatlhang thata! Baengele ke dibopiwa tse di galalelang tsa semoya, ba botlhale e bile ba maatla thata. Go na le ba e leng boserafe le ditšheruba. Baebele e bua ka baengele makgetlo a feta 250.

Baengele ga se batho ba ba kileng ba bo ba tshela mo lefatsheng. Modimo o ne a ba bopa pele a bopa motho wa ntlha. Fa Modimo a ne a bopa lefatshe, baengele ba ne ba le gone ba lebile e bile ba goa ba baka Jehofa.—Jobe 38:4-7.

Tsela nngwe e baengele ba ba ikanyegang ba direlang Modimo ka yone, ke ka go nna le seabe mo tirong ya botlhokwa thata e e dirwang mo lefatsheng lotlhe, e leng tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Tiro ya bone e ne ya tlhalosiwa mo ponatshegelong ya ga moaposetoloi Johane yo o neng a re: “Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Tshenolo 14:6) Le fa baengele ba sa tlhole ba bua le batho jaaka ba ne ba dira mo nakong e e fetileng, ba sa ntse ba kaela ba ba rerang dikgang tse di molemo gore ba ye kwa bathong ba ba batlang go itse Modimo.

SATANE O TSIETSA BATHO BA LE BANTSI

“Ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele [Jesu Keresete] le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela, le kgogela le baengele ba yone ba tlhabana mme ya se ka ya fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba bonelwa bonno kwa legodimong. Jalo kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.”—Tshenolo 12:7-9.

Ga se ka dinako tsotlhe go neng go na le kagiso kwa legodimong. Fa Modimo a sena go bopa batho ba ntlha, moengele mongwe yo o neng a eletsa go obamelwa, o ne a tsuologela Jehofa mme a nna Satane mo go rayang “Moganetsi.” Moragonyana baengele ba bangwe ba ne ba tsuologela Modimo mme ba nna madimona. Baengele bano ba bosula fela thata e bile ba kgatlhanong le Jehofa mme ba dirile gore batho ba gane kaelo e e lorato ya ga Jehofa.

Satane le madimona a gagwe ba bosula e bile ba setlhogo. Ba tlhoile batho e bile ba na le seabe mo dilong tse di botlhoko tse di diragalelang batho. Ka sekai, Satane o ne a bolaya leruo le batlhanka ba monna yo o ikanyegang e bong Jobe. Go tswa foo, o ne a bolaya bana ba le lesome ba ga Jobe ka go dira gore “phefo e kgolo” e dige ntlo e ba neng ba le mo go yone. Mme o ne a itaya Jobe ka “ditlhagala tse di kotsi go simolola kwa patong ya lonao lwa gagwe go fitlha kwa phogong ya tlhogo ya gagwe.”—Jobe 1:7-19; 2:7.

Go ise go ye kae, Satane o tlile go fedisiwa. Fa e sa le a latlhetswe mo lefatsheng, o a itse gore “o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Satane o tlile go senngwa mme tseo ke dikgang tse di itumedisang thata!

BA BA TSWANG MO LEFATSHENG

“[Wena Jesu] o ne wa rekela Modimo batho ba tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba, mme wa ba dira gore ba nne bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.”—Tshenolo 5:9, 10.

Fela jaaka Jesu a ile a tsosiwa mo lefatsheng go ya go tshela kwa legodimong, go na le batho bangwe ba ba tla dirang fela jalo. Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Ke tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo, ke tla [tla] gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo nne gone.”—Johane 14:2, 3.

Go na le lebaka la go bo batho bano ba ya kwa legodimong. Bone mmogo le Jesu ba tla nna babusi ba Bogosi jo bo tla busang batho mo lefatsheng lotlhe le go ba leretse masego. Jono ke Bogosi jo Jesu a neng a bolelela balatedi ba gagwe gore ba bo rapelele fa ba re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.

SE BA BA KWA LEGODIMONG BA TLA SE DIRANG

“[Nna moaposetoloi Johane] ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’”—Tshenolo 21:3, 4.

Ponatshegelo eno ya boporofeti e bua ka nako ya fa Bogosi Jwa Modimo, jo mo go jone Jesu le batho ba ba tsositsweng go ya go tshela kwa legodimong, ba tla bong ba fedisa puso ya ga Satane le go dira gore lefatshe le nne paradaise. Dilo tse di bakelang batho kutlobotlhoko le mahutsana di tla bo di sa tlhole di le gone. Le loso lo tla fedisiwa.

Go tla direga eng ka dimilionemilione tsa batho ba ba suleng ba ba sa yeng kwa legodimong? Ba tla tsosiwa gore ba tshelele ruri mo lefatsheng la Paradaise.—Luke 23:43.

Diponatshegelo tseno di re tlhomamisetsa gore Jehofa Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete, go akaretsa le baengele ba ba ikanyegang le batho ba ba rekilweng mo lefatsheng, ba amega ka rona e bile ba batla go re bona re atlega. Go ithuta mo go oketsegileng ka se ba tla se dirang, re go laletsa gore o ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa kgotsa o tsene mo website ya rona ya www.mt1130.com/tn o bo o itseela buka e e reng, Totatota Baebele e Ruta Eng?