Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 48

PINA 97 Lefoko la Modimo le Naya Botshelo

Kgakgamatso ya ga Jesu ya Dinkgwe e re Ruta Eng?

Kgakgamatso ya ga Jesu ya Dinkgwe e re Ruta Eng?

“Ke nna senkgwe sa botshelo. Ope fela yo o tlang mo go nna ga a kitla a tshwarwa ke tlala.”​—JOH. 6:35.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go tlotla ka pego e e mo go Johane kgaolo 6. Pego eno e bua ka kgakgamatso e Jesu a ileng a e dira ya go oketsa dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi gore a fepe batho ba le bantsintsi. Gape re tlile go bona gore re ka ithuta eng mo go yone.

1. Senkgwe se ne se le botlhokwa go le kana kang mo bathong ba ba neng ba tshela mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele?

 SENKGWE e ne e le dijo tsa botlhokwa thata mo bathong ba ba neng ba tshela mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele. (Gen. 14:18; Luke 4:4) Tota e bile, ka dinako dingwe Baebele e dirisa lefoko “senkgwe” fa e bua ka dijo. (Math. 6:11) Gape mo dikgakgamatsong tse pedi tse Jesu a ileng a di dira, o ile a dirisa senkgwe. (Math. 16:9, 10) Nngwe ya tsone e mo go Johane kgaolo 6. Fa re ntse re e sekaseka, re tla bona gore re ka ithuta eng mo go yone.

2. Goreng batho ba le bantsintsi ba ne ba tlhoka dijo?

2 Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go rera ba ne ba lapile, ka jalo Jesu o ile a tsamaya le bone ka mokoro go kgabaganya Lewatle la Galalea gore ba kgone go ikhutsa. (Mar. 6:7, 30-32; Luke 9:10) Ba ile ba ya kwa lefelong le le kwa thoko kwa Bethesaida. Mme go ise go ye kae, batho ba ile ba utlwela gore ba koo ba bo ba ba sala morago. Jesu ga a a ka a ba tlhokomologa, go na le moo o ile a ipha nako ya go ba ruta ka Bogosi le go ba fodisa. Fa letsatsi le tloga le phirima, barutwa ba ne ba ipotsa gore batho bao ba tla ja eng. Gongwe bangwe ba bone ba ne ba itshwaretse dijonyana. Mme gone, ba le bantsi ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlhoka go ya kwa metsaneng gore ba ye go reka dijo. (Math. 14:15; Joh. 6:4, 5) Jesu o ne a tla dira eng?

JESU O FEPA BATHO KA DINKGWE

3. Jesu o ne a re baaposetoloi ba gagwe ba dire eng? (Bona le setshwantsho.)

3 Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ga ba tlhoke go tsamaya; lona ba neyeng sengwe se ba ka se jang.” (Math. 14:16) Le fa go ntse jalo, seo se ne se lebega se ka se kgonege ka gonne go ne go na le banna ba ka nna 5 000. Gape go ne go na le basadi le bana. Batho bano botlhe ba ne ba ka nna 15 000. (Math. 14:21) Anderea o ne a re: “Mosimanyana ke yo, o na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapinyana di le pedi. Mme gone, a di ka ba lekana ba le bantsi jaana?” (Joh. 6:9) Go ne go tlwaelegile gore bahumanegi le batho ba bangwe ba je dinkgwe tse di dirilweng ka barele le ditlhapi tse dinnye tse di neng di lokilwe ka letswai e bile di omisitswe. Mme gone, a senkgwe le ditlhapinyana tseo di ne di ka kgona go lekana batho bao botlhe?

Jesu o ne a ruta batho e bile o ne a ba naya dijo (Bona serapa 3)


4. Re ithuta eng mo go Johane 6:11-13? (Bona le ditshwantsho.)

4 Jesu o ne a batla go nna pelonomi mo bathong bao ba bantsintsi. Ka jalo, o ile a ba laela gore ba nne ka ditlhopha mo bojannyeng. (Mar. 6:39, 40; bala Johane 6:11-13.) Go tswa foo, o ile a rapela Rraagwe a lebogela dinkgwe le ditlhapi tseo. Ruri go ne go tshwanela gore a dire jalo ka gonne Jehofa ke ene a neng a ba naya dijo tseo! Fela jaaka Jesu, go botlhokwa thata gore fa re le nosi kgotsa re na le batho ba bangwe re rapele pele re ja. Fa Jesu a sena go rapela, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba neye batho dijo. Batho bao ba ne ba ja ba bo ba kgora. Mme gone, Jesu o ne a sa batle gore dijo tse di neng di setse di latlhilwe. Ka jalo, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba di kokoanye gore di jewe moragonyana. Jesu o re ruta gore re tshwanetse go somarela dilo tse re itshedisang ka tsone. Fa e le gore o motsadi, o ka nna wa sekaseka pego eno le bana ba gago lo bo lo tlotla ka dilo tse lo ka di ithutang mo go yone tse di jaaka, go rapela, go amogela baeng le go abela batho ba bangwe dilo.

Ipotse go re: “Fela jaaka Jesu, a ke a rapela pele ke ja?” (Bona serapa 4)


5. Ke eng se batho ba neng ba se dira fa Jesu a sena go dira dikgakgamatso, mme ene o ile a dira eng?

5 Batho ba ne ba kgatlhiwa ke tsela e Jesu a neng a ruta ka yone le dikgakgamatso tse a neng a di dira. E re ka ba ne ba itse gore Moshe o ne a re Modimo o solofeditse gore go tla nna le moporofeti yo o kgethegileng, ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore a Jesu ke ene moporofeti yoo. (Dute. 18:15-18) Fa e le gore go ntse jalo, ba ka tswa ba ne ba akanya gore Jesu e tla nna kgosi e e siameng le gore o ne a tla naya Baiseraele botlhe senkgwe. Ka jalo, ba ne ba batla go mo “tshwara gore ba mo dire kgosi.” (Joh. 6:14, 15) Fa Jesu a ne a ka ba letla gore ba dire jalo, o ne a tla bo a tsaya karolo mo dipolotiking tsa Bajuda ba ba neng ba busiwa ke Baroma ka nako eo. A o ne a tla ba letla? Baebele e a re Jesu ‘o ne a tswa a bo a ya kwa thabeng.’ Le fa batho ba ne ba batla gore a tsene mo dipolotiking, ga a a ka a dira jalo. Jesu o re rutile sengwe sa botlhokwa!

6. Re ka bontsha jang gore re etsa sekao sa ga Jesu? (Bona le setshwantsho.)

6 Ke boammaaruri gore batho ba bangwe ba ka se re kope gore re ba fepe ka kgakgamatso, re fodise batho ba ba lwalang kgotsa re ba buse. Mme gone, ba ka re rotloetsa gore re boute kgotsa re tshegetse mongwe yo ba akanyang gore a ka baakanya dilo. Le fa go ntse jalo, Jesu o re tlhometse sekao ka go sa nne le seabe mo dipolotiking. Tota e bile, moragonyana o ile a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Joh. 17:14; 18:36) E re ka re le balatedi ba ga Jesu, re batla go akanya ka tsela e a neng a akanya ka yone le go dira dilo jaaka ene. Re ema Bogosi Jwa Modimo nôkeng, re bolelela batho ba bangwe ka jone e bile re a bo rapelela. (Math. 6:10) A jaanong re tlotleng ka kgakgamatso e Jesu a ileng a e dira ya go oketsa dinkgwe, mme re bone gore re ka ithuta eng gape mo go yone.

Jesu ga a a ka a nna le seabe mo dipolotiking tsa Bajuda kgotsa tsa Baroma, le rona re tshwanetse go mo etsa (Bona serapa 6)


“BOKAO JWA KGAKGAMATSO YA DINKGWE”

7. Jesu le baaposetoloi ba ile ba dira eng? (Johane 6:16-20)

7 Fa Jesu a sena go fepa batho bao ba bantsintsi, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba palama mokoro ba boela kwa Kaperenama. Mme fa batho bao ba bona Jesu, ba ne ba batla go mo tshwara gore ba mo dire kgosi. Ka jalo, Jesu o ile a ya kwa thabeng. (Bala Johane 6:16-20.) Fa baaposetoloi ba ntse ba tsamaya ka mokoro, lewatle le ne la fuduega. Go ile ga nna le diphefo tse di maatla tse di ileng tsa baka makhubu a magolo. Fa Jesu a ntse a ya kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metsi, o ne a laela moaposetoloi Petere gore a tswe mo mokorong mme le ene a tsamaye mo godimo ga metsi. (Math. 14:22-31) Fa Jesu a tsena mo mokorong barutwa ba gagwe ba ne ba gakgametse tota mo ba neng ba re: “Ruri o Morwa Modimo.” a (Math. 14:33) Se se gakgamatsang ke gore barutwa bao ba ile ba bua mafoko ao fa Jesu a sena go tsamaya mo godimo ga metsi, e seng fa a sena go fepa batho ka dinkgwe. Mareko o ile a bua dintlha tse di oketsegileng ka tiragalo eno, o ile a re: “[Baaposetoloi] ba ne ba sa tlhaloganya bokao jwa kgakgamatso ya dinkgwe, e bile megopolo ya bone e ne e ise e bulege gore ba ka tlhaloganya.” (Mar. 6:50-52) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa ntse ba sa kgone go tlhaloganya gore Jehofa ke ene a neileng Jesu maatla a go dira dikgakgamatso tseno. Moragonyana, Jesu o ile a ruta ka kgakgamatso eo ya dinkgwe a bo a tlhalosa se re ka se ithutang mo go yone.

8-9. Goreng batho ba le bantsintsi ba ne ba batla Jesu? (Johane 6:26, 27)

8 Mo letsatsing le le latelang, batho bao ba ile ba ya kwa lefelong le Jesu a neng a ba neile dinkgwe kwa go lone mme ba ne ba fitlhela ene le baaposetoloi ba gagwe ba seyo. Ka jalo, ba ne ba tsena mo mekorong e e neng e tswang kwa Tiberia ba bo ba ya go batla Jesu kwa Kaperenama. (Joh. 6:22-24) A ba ne ba dira jalo ka gonne ba batla gore a ba rute ka Bogosi Jwa Modimo? Nnyaa. Ba ne ba batla gore Jesu a ba neye dinkgwe tse dingwe. Goreng re rialo?

9 Fa ba fitlhela Jesu gaufi le Kaperenama, ba ne ba mmolelela gore ba ntse ba mmatla gore a ba neye dijo. Jesu o ile a ba raya a re le fa ba ne ba ka ‘ja dinkgwe mme ba kgora,’ dinkgwe tseo e ne e le ‘dijo tse di nyelelang.’ Ka jalo, o ile a ba rotloetsa gore ba berekele “dijo . . . tse di nayang botshelo jo bo sa khutleng.” (Bala Johane 6:26, 27.) O ile a ba bolelela gore Rraagwe ke ene a ka ba nayang dijo tseo. Ba ka tswa ba ile ba gakgamala tota fa ba utlwa kgang eo. Gongwe e bile ba ne ba ipotsa gore ke dijo tse di ntseng jang tseo le gore ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba di bone.

10. Batho ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba nne le botshelo jo bo sa khutleng?

10 Bajuda bao ba ka tswa ba ne ba tsaya gore ba tshwanetse go dira ditiro dingwe gore ba bone dijo tseo. Ba ka tswa ba ne ba akanya gore ba tshwanetse go dira dilo tse go buiwang ka tsone mo Molaong wa ga Moshe. Mme gone, Jesu o ne a ba raya a re: “Tiro e Modimo a e amogelang ke gore lo dumele mo go yo Modimo a mo romileng.” (Joh. 6:28, 29) Gore motho a “nne le botshelo jo bo sa khutleng,” o tshwanetse go dumela mo go Jesu ka gonne a romilwe ke Jehofa. Tota e bile, Jesu o ne a buile ka kgang eno pele ga foo. (Joh. 3:16-18, 36) Mme moragonyana o ile a tlhalosa gore re ka dira eng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.​—Joh. 17:3.

11. Bajuda ba ne ba bontsha jang gore ba ne ba ipatlela dijo fela? (Pesalema 78:24, 25)

11 Bajuda bao ga ba a ka ba amogela se Jesu a neng a re ba tshwanetse go se dira gore ba nne le botshelo jo bo sa khutleng. Ba ne ba mmotsa jaana: “Ke kgakgamatso efe e o tla e dirang gore re e bone mme re go dumele?” (Joh. 6:30) Ba ile ba mo raya ba re letsatsi le letsatsi borrabonemogolo ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Moshe ba ne ba newa mana, a a neng a ka tshwantshiwa le senkgwe. (Neh. 9:15; bala Pesalema 78:24, 25.) Go bonala sentle gore ba ne ba sa ntse ba akanya ka dijo. Ga ba a ka ba kopa Jesu gore a ba tlhalosetse gore “senkgwe se se tswang kwa legodimong” se se neng se ka ba naya botshelo ke eng. (Joh. 6:32) Ba ne ba ipatlela dijo mme ba sa reetse se Jesu a neng a leka go ba ruta sone. Re ithuta eng mo pegong eno?

SELO SA BOTLHOKWA THATA MO GO RONA

12. Jesu o ne a re selo sa botlhokwa thata ke eng?

12 Johane kgaolo 6 e bontsha gore selo sa botlhokwa thata mo go rona e tshwanetse go nna go ikobela Jehofa le go atamalana le ene. Jesu o ile a tlhalosa seo fa Satane a ne a mo raela. (Math. 4:3, 4) Gape mo Therong ya Kwa Thabeng o ile a gatelela ntlha ya gore re tshwanetse go atamalana le Jehofa. (Math. 5:3) Ka jalo, re tshwanetse go ipotsa go re: “A tsela e ke tshelang ka yone e bontsha gore selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa me, ke go atamalana le Jehofa go na le go batla go ikgotsofatsa?”

13. (a) Goreng go se phoso go itumelela dijo? (b) Ke eng se Paulo a re tlhagisang ka sone? (1 Bakorintha 10:6, 7, 11)

13 Ga go phoso go rapelela dilo tse re di tlhokang le go di itumelela. (Luke 11:3) Baebele e a re go “botoka . . . gore motho a je, a nwe a bo a itumelele tiro ya gagwe ya bonatla” ka gonne seno “se tswa mo seatleng sa Modimo wa boammaaruri.” (Mor. 2:24; 8:15; Jak. 1:17) Mme gone, dilo tseno ga e a tshwanela go nna tsone dilo tsa botlhokwa mo botshelong. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa kgang eno fa a ne a kwalela Bakeresete ba ba neng ba tshela pele Jerusalema le tempele ya yone e senngwa. O ile a bua ka se Baiseraele ba ileng ba se dira fa ba ne ba le kwa nageng le fa ba ne ba le gaufi le Thaba ya Sinai. Ka jalo, o ile a tlhagisa Bakeresete bao gore ‘ba se ka ba eletsa dilo tse di utlwisang botlhoko fela jaaka Baiseraele ba ne ba di eletsa.’ (Bala 1 Bakorintha 10:6, 7, 11.) Jehofa o ne a naya Baiseraele dijo ka kgakgamatso mme e re ka ba ne ba eletsa dijo ka bopelotshetlha, ba ne ba eletsa “dilo tse di utlwisang botlhoko” kgotsa tse di sa siamang. (Dipa. 11:4-6, 31-34) Gape fa ba ne ba obamela namane ya gauta ba ne ba ja, ba nwa e bile ba ijesa monate. (Ekes. 32:4-6) Paulo o ile a dirisa sekai sa bone go tlhagisa Bakeresete ba ba neng ba tshela pele ga ngwaga wa 70 C.E. E re ka le rona re tshela mo bokhutlong jwa lefatshe leno, re tshwanetse go dirisa kgakololo e Paulo a ileng a ba naya yone.

14. Baebele e a reng ka dijo?

14 Fa Jesu a ne a re “re neye dijo tse re di tlhokang mo letsatsing leno,” o ne a bua ka nako ya fa thato ya Modimo e tla bo e diragala “mo lefatsheng jaaka e diragala kwa legodimong.” (Math. 6:9-11) O akanya gore botshelo bo tla bo ntse jang ka nako eo? Baebele e a re fa thato ya Modimo e dirwa mo lefatsheng go tla bo go na le dijo tse di monate. Isaia 25:6-8 e a re dijo e tla bo e le ntletsentletse fa Bogosi Jwa Modimo bo busa. Pesalema 72:16 yone e a re: “Go tla nna le dijo di le dintsi mo lefatsheng; di tla tlala mo godimo ga dithaba.” A o lebile pele go apaya dijo tse o di ratang kgotsa go lekeletsa tse dingwe? Kgotsa a o lebile pele go jala masimo a morara le go nwa beine ya one? (Isa. 65:21, 22) Mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela mo lefatsheng ka nako eo o tla itumelela dilo tseno.

15. Batho ba ba tsositsweng ba tla rutiwa dilo dife? (Johane 6:35)

15 Bala Johane 6:35. Mme go tweng ka batho ba ba neng ba ja dinkgwe le ditlhapi tse Jesu a ileng a di oketsa ka kgakgamatso? Tota le fa ba sa bontsha gore ba dumela mo go Jesu, ba ka nna ba tsosiwa e bile go ka direga gore o kopane le bone kwa lefatsheng le lesha. (Joh. 5:28, 29) Batho bao ba tla rutiwa gore Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: “Ke nna senkgwe sa botshelo. Ope fela yo o tlang mo go nna ga a kitla a tshwarwa ke tlala.” Gore ba kgone go tshelela ruri, ba tla tshwanelwa ke go bontsha gore ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. Ka nako eo, batho ba ba tsositsweng le bana botlhe ba ba tla tsholwang kwa lefatsheng le lesha, ba tla rutiwa ka Jehofa le se a se ikaeletseng e bile ba tla thusiwa go atamalana le ene. Ruri tiro eo e tla bo e itumedisa tota go feta go ja dijo tse di monate!

16. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

16 Mo go Johane kgaolo 6 re bone gore Jesu o ne a re re dire eng gore re kgone go nna le “botshelo jo bo sa khutleng.” Mme go na le sengwe gape se a ileng a se bua ka kgang eno. Bajuda ba a neng a bua le bone ba ne ba tshwanetse go mo reetsa ka tlhoafalo, le rona re tshwanetse go dira jalo. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka dintlha tse dingwe tse di mo go Johane kgaolo 6.

PINA 20 O re Neile Morwao yo o Rategang

a O ka bona dintlha tse di oketsegileng ka pego eno mo bukeng ya Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo, ts. 131 le mo bukeng ya Etsa Tumelo ya Bone, ts. 185.