“O Naya yo o Lapileng Maatla”
Temana ya rona ya ngwaga wa 2018: “Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape.”—ISA. 40:31.
PINA: 152, 67
1. Re lebana le mathata afe, mme ke eng fa Jehofa a itumelela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang? (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.)
LEFATSHE leno le tletse ka mathata. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba a lwala. Ba bangwe ba tlhokometse ba masika a bone ba ba tsofetseng le fa gone bone ka bobone ba setse ba godile. Bakaulengwe ba bangwe ba kgaratlhela go tlamela ba malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang. Mme bakaulengwe bangwe ba lebane le mathata ano otlhe. Dilo tseno tsotlhe di tlhoka nako e ntsi, maatla le madi. Le fa go ntse jalo, ba tlhatswegile pelo gore ditsholofetso tsa Modimo ke tsa mmatota e bile ba a itse gore mo nakong e e tlang dilo di tla siama. Ruri seo se itumedisa Jehofa fela thata!
2. Isaia 40:29 e ka re kgothatsa jang, mme ke phoso efe e re ka e dirang?
2 A ka dinako dingwe o tsaya gore mathata a gago a magolo thata e bile ga o kgone go a itshokela? Fa go le jalo, ga se wena fela. Baebele e tlhalosa gore batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ne ba tsaya gore ba ka se kgone go tlhola ba itshokela mathata a bone. (1 Dikg. 19:4; Jobe 7:7) Mme gone, go na le gore ba ineele, ba ne ba kopa Jehofa gore a ba thuse. Modimo ga a ka a ba swabisa ka gonne “o naya yo o lapileng maatla.” (Isa. 40:29) Ka maswabi, Bakeresete bangwe gompieno ba ne ba dira tshwetso ya gore ba tlogele phuthego gore ba tle ba kgone go lepalepana sentle le mathata a botshelo, jaaka e kete go direla Jehofa ke mokgweleo e seng tshiamelo. Ka jalo, ba tlogetse go ithuta Lefoko la Modimo, go ya dipokanong le go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Seno ke sone se Satane a batlang gore batho ba Modimo ba se dire.
3. (a) Re ka dira eng gore Satane a se ka a koafatsa tumelo ya rona? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Diabolo o a itse gore fa re direla Jehofa ka tlhagafalo, tumelo ya rona e tla nonofa, mme ga a batle gore seo se direge. Ka jalo, fa o lapile e bile o gateletswe mo maikutlong, o se ka wa tlogela Jehofa. Nna o atamalana le ene ka gonne ‘o tla go nitamisa, o tla go nonotsha.’ (1 Pet. 5:10; Jak. 4:8) Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse pedi tse di ka dirang gore re repise diatla mo kobamelong ya rona e bile re tla bona gore melaometheo ya Baebele e ka re thusa jang gore re itshoke. Pele re dira jalo, mma re sekaseke kafa Jehofa a re nonotshang ka gone jaaka Isaia 40:26-31 e tlhalosa.
BA BA SOLOFETSENG MO GO JEHOFA BA TLA NNA LE MAATLA GAPE
4. Isaia 40:26 e re ruta eng?
4 Bala Isaia 40:26. Ga go na ope yo o itseng gore go na le dinaledi di le kae mo lobopong. Baitsesaense ba dumela gore losagaripa lwa Molala wa Tladi lo ka tswa lo na le dinaledi di ka nna dibilione di le 400. Le fa go ntse jalo, Jehofa o neile naledi nngwe le nngwe leina. Seno se re ruta eng? Fa e le gore Jehofa o kgatlhegela dilo tse a di bopileng tse di sa tsheleng, akanya fela gore o ikutlwa jang ka batho ba ba mo obamelang mme ba dira jalo e se ka gonne ba patelediwa mme e le ka gonne ba mo rata! (Pes. 19:1, 3, 14) Rraarona yo o lorato o itse sengwe le sengwe ka wena. Tota e bile, o itse le palo ya ‘meriri ya ditlhogo tsa rona.’ (Math. 10:30) Mopesalema o re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o lemoga malatsi a ba ba se nang molato.” (Pes. 37:18) Eleruri Jehofa o itse mathata a o lebaneng le one e bile a ka go naya maatla gore o kgone go a itshokela.
5. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa a ka kgona go re naya nonofo?
5 Bala Isaia 40:28. Jehofa ke Motswedi wa maatla otlhe. Ka sekai, akanya ka maatla a a neileng letsatsi. Mokwadi wa dibuka tsa saense e bong David Bodanis o ne a re: “Maatla a letsatsi le a ntshang a lekana le maatla a a tswang mo [dibomong tsa atomo di le dibilione].” Mmatlisisi yo mongwe o tlhalosa gore “mo motsotswaneng o le mongwe fela, letsatsi le ntsha maatla a batho ba ka kgonang go a dirisa dingwaga di le 200 000”! E re ka Modimo a kgona go naya letsatsi maatla a magolo, a ka kgona go re naya nonofo ya go itshokela mathata a rona.
6. Ke eng fa jokwe ya ga Jesu e le motlhofo, mme go itse seno go ka re thusa jang?
6 Bala Isaia 40:29. Go direla Jehofa go a itumedisa. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Rwalang jokwe ya me.” Mme o ne a oketsa jaana: “Lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Math. 11:28-30) Eleruri mafoko ano a boammaaruri! Ka dinako dingwe, re ka nna ra ikutlwa re lapile fa re ya dipokanong kgotsa fa re ya bodireding jwa tshimo. Mme gone, fa re boa re ikutlwa re lapologetswe e bile re na le maatla a go lebana le mathata a botshelo. Eleruri jokwe ya ga Jesu e motlhofo!
7. Umaka maitemogelo a a bontshang gore mafoko a a mo go Mathaio 11:28-30 a boammaaruri.
7 Kgaitsadi mongwe yo re tla mmitsang Kayla o ne a na le letsapa le lentsi, a ngomogile
pelo e bile a na le bothata jwa go opiwa ke tlhogo. Ka jalo, ka dinako dingwe o ne a palelwa ke go ya dipokanong. Mme gone, nako nngwe fa a ile dipokanong, o ne a re: “Puo ya phatlalatsa e ne e bua ka go kgobega marapo. E ne e kete sebui se tlhaloganya tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone, mo ke ileng ka tsholola dikeledi. Ke ne ka lemoga gore ke tlhoka go nna gone ka metlha mo dipokanong.” Ruri Kayla o itumelela go bo a ile a tsaya matsapa a go nna gone kwa dipokanong!8, 9. Moaposetoloi Paulo o ne a raya jang fa a ne a re: “Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla”?
8 Bala Isaia 40:30. Le fa re ka tswa re na le bokgoni go le kana kang, ga re ka ke ra kgona go dira sengwe le sengwe ka maatla a rona fela. Rotlhe re tshwanetse go gopola ntlha eno. Le fa moaposetoloi Paulo a ne a na le bokgoni, o ne a na le makoa a a neng a mo thibela go dira dilo dingwe tse a neng a batla go di dira. Fa a bolelela Modimo mathata a gagwe, o ne a mo araba jaana: “Maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.” Paulo o ne a tshwara ntlha. O ne a re: “Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (2 Bakor. 12:7-10) O ne a raya jang?
9 Paulo o ne a itse gore a ka se kgone go dira dilo dingwe fa a sa thusiwe ke Modimo. Modimo o ne a naya Paulo maatla a dirisa moya o o boitshepo. Mo godimo ga moo, moya wa Modimo o ne wa naya Paulo maatla a go dira dilo tse a neng a se kitla a kgona go di dira ka maatla a gagwe. Modimo a ka re thusa ka tsela e e tshwanang. Eleruri fa Jehofa a re naya moya o o boitshepo, re tla nna le maatla!
10. Jehofa o ne a thusa Dafide jang?
10 Mopesalema Dafide o ne a itse maatla a moya o o boitshepo wa Modimo. O ne a re: “Gonne ka wena nka siana ka tsogologela setlhopha sa dinokwane; e bile ka Modimo wa me nka palama lobota.” (Pes. 18:29) Fela jaaka re ka se ka ra kgona go palama lobota lo lo kwa godimo, ka dinako dingwe mathata a rona a ka nna magolo mo re ka se kgoneng go a rarabolola ka borona fela. Re tlhoka thuso ya ga Jehofa.
11. Moya o o boitshepo o re thusa jang go lepalepana le mathata a rona?
11 Bala Isaia 40:31. Ntsu ga e fofe sekgala se seleele ka maatla a yone fela. Moya o o mogote o e thusa gore e tlhatlogele kwa godimo mme seno se dira gore e se ka ya dirisa maatla a mantsi. Ka jalo, fa o lebane le tiro nngwe e e boima, akanya ka ntsu. Kopa Jehofa gore a go neye “mothusi, e leng moya o o boitshepo.” (Joh. 14:26) Se se itumedisang ke gore re ka kgona go o kopa nako nngwe le nngwe fa re o tlhoka. Re ka nna ra tlhoka thuso ya Modimo thata fa re na le kgotlhang le Mokeresetemmogo le rona. Mme gone, ke eng fa go nna le dikgotlhang tseno?
12, 13. (a) Ke eng fa Bakeresete ba nna le dikgotlhang? (b) Se se diragaletseng Josefa se re ruta eng ka Jehofa?
12 Re nna le dikgotlhang le batho ba bangwe ka gonne rotlhe ga re a itekanela. Ka jalo, ka dinako dingwe re tla kgopisiwa ke mafoko le ditiro tsa batho ba bangwe mme le bone ba tla kgopisiwa ke mafoko le ditiro tsa rona. Eno e ka nna teko e e seng kana ka sepe. Jehofa o re naya tshono ya go itshupa gore re a ikanyega ka gore re ithute go dirisana sentle le batho ba ba ineetseng mo go ene ba a ba ratang thata le fa gone ba sa itekanela.
13 Se se diragaletseng Josefa se re ruta gore Jehofa ga a dire gore batlhanka ba gagwe ba se ka ba lebana le diteko. Fa Josefa a sa ntse a le mosha, bomorwarraagwe ba ne ba mo rekisa go nna lekgoba mme o ne a isiwa kwa Egepeto. (Gen. 37:28) Jehofa o ne a bona tiragalo eo yotlhe mme ga go pelaelo gore o ne a utlwa botlhoko fa a bona tsala ya gagwe e e siameng e bong Josefa e tshwarwa makgwakgwa. Le fa go ntse jalo, ga a ka a dira sepe. Tota le moragonyana fa Josefa a ne a latofadiwa ka go leka go betelela mosadi wa ga Potifaro a bo a tsenngwa mo kgolegelong, Jehofa ga a ka a dira sepe. A seno se raya gore Modimo o ne a latlhile Josefa? Nnyaa, le e seng. Go na le moo, “Jehofa o ne a dira gore se [Josefa] a neng a se dira se atlege.”—Gen. 39:21-23.
14. Go tlogela go galefa go ka re solegela molemo jang?
14 Mma re tlotle ka sekai se sengwe. Dafide o ne a tshwarwa ka tsela e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, ga a ka a itetla go galefa. Go na le moo, o ne a kwala jaana: “Tlogela bogale mme o lese tšararego; o se ka wa itshupa o galefetse fela gore o dire bosula.” (Pes. 37:8) Lebaka la go bo re sa tshwanela go galefa ke gore re tle re etse Jehofa ka gonne “ga a re direla kafa maleong a rona.” (Pes. 103:10) Mme gape re ka solegelwa molemo fa re ka leka ka bojotlhe gore re se ka ra galefa. Go galefa go ka re bakela mathata a a masisi a botsogo jaaka haebolate le mathata a go hema. Gape go ka re bakela mathata a sebete le go dira gore re se ka ra ikutlwa sentle mo mpeng. Ga se ka metlha re akanyang sentle fa re galefile. Ka dinako dingwe, go galefa go ka dira gore re sale re ngomogile pelo lobaka lo loleele. Go farologana le seo, Baebele ya re, “pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi.” (Dia. 14:30) Ka jalo, re ka dira eng go dira kagiso le mokaulengwe wa rona fa a re utlwisitswe botlhoko? Go dirisa kgakololo e e molemo ya Baebele go ka re thusa.
FA BAKAULENGWE BA RE SWABISA
15, 16. Re tshwanetse go dira eng fa mongwe a re kgopisitse?
15 Bala Baefeso 4:26. Ga re gakgamale fa batho ba e seng Bakeresete ba sa re tshware sentle. Mme gone, fa Mokeresetemmogo le rona kgotsa mongwe wa losika a bua kgotsa a dira sengwe se se re kgopisang, re ka utlwa botlhoko thata. Gotweng fa e le gore ga re kgone go lebala kgang eo? A re tla tshela ka sekgopi? Kgotsa a re tla ikobela kgakololo ya Baebele ya gore re rarabolole dikgotlhang ka bonako? Fa re diega go baakanya dilo, go tla nna thata tota gore re agisane le mokaulengwe wa rona.
16 A re re mokaulengwe mongwe o go kgopisitse mme ga o kgone go lebala kgang eo. Ke eng se o ka se dirang gore lo boe lo utlwane? Sa ntlha, rapela Jehofa. Mo kope gore a go thuse gore o buisane sentle le mokaulengwe wa gago. Gopola gore mokaulengwe yoo ke tsala ya ga Jehofa. (Pes. 25:14) Modimo o a mo rata. Jehofa o bontsha ditsala tsa gagwe bopelonomi mme o lebeletse gore le rona re dire se se tshwanang. (Dia. 15:23; Math. 7:12; Bakol. 4:6) Go tswa foo, akanya ka se o tla se buang. O se ka wa tsaya gore mokaulengwe wa gago o go kgopisitse ka boomo; gongwe e ne e le phoso kgotsa ga wa mo tlhaloganya sentle. Gape nna o gopotse gore e ka tswa e le wena o bakileng kgotlhang eo. O ka nna wa mo raya o re: “Gongwe ke feteletsa dilo, mme fa re ne re bua maabane, ke ne ka . . . ” Fa e le gore lo palelwa ke go baakanya dilo ka nako eo, batla tshono e nngwe ya gore lo agisane. Mme fa o ntse o letetse seo, rapelela mokaulengwe wa gago; kopa Jehofa gore a mo segofatse. Kopa Modimo gore a go thuse go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa mokaulengwe wa gago. Le fa go ka direga eng, tlhomamisega gore Jehofa o tla itumelela go bo o ile wa tsaya matsapa a go agisana le mokaulengwe wa gago yo e leng tsala ya Modimo.
FA RE IKUTLWA MOLATO KA NTLHA YA DIPHOSO TSA RONA
17. Jehofa o re thusa jang fa re dirile boleo jo bo masisi, mme ke eng fa re tshwanetse go amogela thuso eo?
17 Bangwe ba tsaya gore ga ba tshwanelege go nna batlhanka ba ga Jehofa ka gonne ba ile ba dira boleo jo bo masisi. Go ikutlwa molato go ka re amoga kagiso, boitumelo le maatla. Kgosi Dafide yo o neng a lwantsha maikutlo a go ipona molato, o ne a re: “Fa ke ne ke didimala marapo a me a ne a lapa ka ntlha ya go fegelwa ga me letsatsi lotlhe. Gonne motshegare le bosigo seatla sa gago se ne se le boima mo go nna.” Se se itumedisang ke gore Dafide o ne a baakanya bothata joo sentle mme a itshupa gore ke motho yo o nang le tumelo e e nonofileng. O ne a re: “La bofelo ke ne ka ipolela boleo jwa me mo go wena, . . . mme o ne wa itshwarela tlolo ya maleo a me.” (Pes. 32:3-5) Fa e le gore o dirile boleo jo bo masisi, Jehofa o iketleeleditse go go thusa gore o baakanye kamano ya gago le ene. Mme gone, o tshwanetse go amogela thuso e a re nayang yone mo phuthegong. (Dia. 24:16; Jak. 5:13-15) O se ka wa senya nako ka gonne seo se ka dira gore o latlhegelwe ke isagwe e e molemo! Mme gotweng fa e le gore o itshwaretswe, mme o sa ntse o ikutlwa molato?
18. Sekao sa ga Paulo se ka thusa jang batho ba ba ikutlwang molato?
18 Ka dinako dingwe moaposetoloi Paulo o ne a ngomolwa pelo ke diphoso tse a di dirileng mo nakong e e fetileng. O ne a re: “Ke mmotlana mo baaposetoloing, e bile ga ke tshwanele go bidiwa moaposetoloi, ka gonne ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo.” Mme gone, gape o ne a re: “Mme ke se ke leng sone ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” (1 Bakor. 15:9, 10) Jehofa o ne a itse gore Paulo ga a itekanela mme o ne a mo amogela e bile o ne a lebeletse gore Paulo le ene a lebe dilo ka tsela e e tshwanang. Fa e le gore o ikwatlhaetse maleo a o a dirileng mo nakong e e fetileng e bile o ipoletse one, tlhomamisega gore Jehofa o tla go utlwela botlhoko. Nna le tumelo ya gore Jehofa o go itshwaretse mme o amogele seo!—Isa. 55:6, 7.
19. Temana ya ngwaga wa 2018 ya reng, mme ke eng fa e tshwanela?
19 Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, mathata a lefatshe leno a tla nna a ntse a oketsega. Mme gone, e re ka Modimo a “naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang [a] dira gore a totelwe ke thata e e feletseng,” ruri o tla go thusa gore o kgone go itshoka. (Isa. 40:29; Pes. 55:22; 68:19) Mo ngwageng ono wa 2018, re tla thusiwa gore re nne re akantse ka ntlha eno nako le nako fa re tla mo Holong ya Bogosi mme re bona mafoko ano a e leng temana ya rona ya ngwaga: “Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape.”—Isa. 40:31.