GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA
“Baboledi ba Bogosi ba Boritane—Tsogang!”
KGATISO ya Informant * ya kwa London ya December 1937 e ne ya ikuela jaana: “Baboledi ba Bogosi ba Boritane—Tsogang!” E ne e na le setlhogwana seno se se dirang gore babadi ba akanye: “Ga go A Nna le Koketsego Epe mo Dingwageng di le Lesome.” Pego ya tshimo ya 1928 go fitlha ka 1937 e e neng e gatisitswe mo tsebeng ya ntlha ya kgatiso eno e ne ya bontsha gore kgang eno e boammaaruri.
A BABULATSELA BA NE BA LE BANTSI THATA?
Ke eng fa tiro ya go rera kwa Boritane e ne e sa tlhole e na le diphelelo tse di molemo? Baboledi ba ne ba goga dinao mo tirong ya go rera mme ba sa tokafatse tsela e ba rerang ka yone. Mo godimo ga moo, ofisi ya lekala e ne ya dira tshwetso ya gore go tlhokega babulatsela ba le 200 fela ba ba ka dirang tshimo ya mafelo a a kwa thoko e seng ya diphuthego. Ka jalo, ofisi ya lekala e ne ya bolelela babulatsela ba ba neng ba batla go direla kwa Boritane gore tshimo ya naga eo e nnye mme ya ba kgothaletsa gore ba ye go direla kwa dinageng tse dingwe tsa Yuropa. Babulatsela ba le bantsi ba ne ba tswa kwa Boritane mme ba ya go direla kwa dinageng tse dingwe tse di jaaka Fora, le fa gone ba ne ba sa itse puo ya koo sentle.
BA KOPIWA GORE BA TLHAGAFALE
Informant ya 1937 e ne ya beela baboledi ba Boritane mokgele wa go fitlhelela diura di le milione mo ngwageng wa 1938! Ba ne ba ka kgona go fitlhelela mokgele oo fa baboledi botlhe ba ne ba ka fetsa diura di le 15 kgwedi nngwe le nngwe mo bodireding mme babulatsela bone di le 110. Ba ne ba kgothalediwa go rulaganya ditlhopha tsa tshimo le gore ba rulaganye malatsi mangwe a mo go one ba tla fetsang diura di le tlhano mo bodireding. Gape ba ne ba kgothalediwa gore ba tlhome mogopolo mo go direng maeto a go boela, segolobogolo mo maitseboeng a mo gare ga beke.
Kopo eno ya go tlhagafalela bodiredi e ne ya kgatlha batho ba le bantsi. Kgaitsadi Hilda Padgett * o gopola kgang eno jaana: “Eno e ne e le kopo e e tswang kwa ntlokgolo, e rotlhe re neng re sa bolo go e letela mme e ne ya nna le diphelelo tse di molemo.” Kgaitsadi E. F. Wallis a re: “Kakantsho ya go fetsa diura di le tlhano mo bodireding e ne e le molemo tota! Ga go na sepe se se itumedisang jaaka go fetsa letsatsi lotlhe mo tirong ya Morena. . . . Re ne re boa kwa tshimong re lapile mme gone re itumetse tota!” Lekawana lengwe le le bidiwang Stephen Miller le ne la lemoga gore kgang eno e potlakile mme la tsaya kgato. O ne a batla go dira jalo le sa ntse le mo tlhabetse! O ne a gopola ditlhopha tsa bakaulengwe ba ba neng ba tsamaya ka dibaesekele mme ba fetsa letsatsi lotlhe mo bodireding le gore maitseboa mangwe le mangwe ka paka ya selemo ba ne ba tshameka dipuo tse di rekotilweng. Ba ne ba nna le seabe ka tlhagafalo mo megwantong ya go anamisa molaetsa ba tshwere diplakate e bile ba ne ba tsamaisetsa batho dimakasine mo mebileng.
Kgatiso ya Informant e ne ya ntsha kopo e nngwe gape: “Re tlhoka babulatsela ba le 1 000.” Phetogo e ntšha e ne ya nna gore babulatsela ga ba tlhoke go bereka kwa mafelong a a kwa thoko mme ba ne ba tshwanetse go bereka le diphuthego gore ba kgone go di kgothatsa le go di nonotsha. Joyce Ellis a re: “Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go nna babulatsela. Le
fa gone ke ne ke na le dingwaga di le 13, ke ne ke batla go nna mmulatsela.” Joyce o ne a nna mmulatsela ka July 1940 a le dingwaga di le 15. Peter, yo moragonyana a neng a nyala Joyce, o ne a tsibogela kopo ya go tlhagafalela bodiredi mme seo se ne sa mo kgothaletsa gore a akanyetse go nna mmulatsela. Ka June 1940, fa a ne a le dingwaga di le 17, o ne a tsamaya dikilometara di le 105 ka baesekele go ya kwa Scarborough kwa a neng a ya go nna mmulatsela teng.Cyril le Kitty Johnson e ne e le babulatsela ba ba ratang go intsha setlhabelo. Ba ne ba rekisa ntlo ya bone le dithoto tsa bone gore ba kgone go nna babulatsela. Cyril o ne a tlogela tiro, mme morago ga kgwedi ba ne ba nna babulatsela. O ne a bua jaana: “Re ne re tlhomamisegile gore re dirile tshwetso e e siameng. Re e dirile ka go rata.”
MAGAE A BABULATSELA
Fa palo ya babulatsela e ntse e oketsega, bakaulengwe ba ba etelelang pele ba ne ba batla ditsela tsa go thusa babulatsela bano. Jim Carr yo o neng a direla e le motlhanka wa kgaolo (molebedi wa potologo) ka 1938, o ne a rulaganya gore go nne le magae a babulatsela. Babulatsela ba ne ba kgothalediwa gore ba nne mmogo e bile ba bereke mmogo ka gonne seno se ne se tla dira gore go somarelwe madi. Kwa Sheffield, ba ne ba hira ntlo e kgolo, e e neng e tla tlhokomelwa ke mokaulengwe mongwe yo o etelelang pele mo phuthegong. Phuthego ya mo lefelong leo e ne ya ntsha meneelo le go ba naya fanitšhara. Jim a re: “Mongwe le mongwe o ne a tsenya letsogo gore ntlo eo e siame.” Go ne go nna babulatsela ba le lesome ba ba tlhagafetseng mo ntlong eo mme ba ne ba na le thulaganyo e e molemo ya go ithuta ka metlha. Jim o oketsa jaana: “Babulatsela bano ba ne ba bala temana ya letsatsi moso mongwe le mongwe ka nako ya sefitlholo, mme morago ga moo ba ne ba ya tshimong kwa dikarolong tse di farologaneng tsa toropo eo.”
Baboledi le babulatsela ba ne ba tsibogela kopo ya go tlhagafala, mme ba ne ba fitlhelela mokgele wa go dira diura di le milione ka 1938. Tota e bile, dipego di bontsha gore baboledi ba ne ba tokafatsa dikarolo tsotlhe tsa bodiredi jwa bone. Mo dingwageng di le tlhano, palo ya baboledi ba kwa Boritane e ne ya oketsega gararo. Go tlhagafala mo bodireding go ne ga thusa batho ba ga Jehofa gore ba kgone go emelana le ntwa e e neng e larile kwa pele.
Fa ntwa ya Modimo ya Haramagedona e ntse e atamela, palo ya babulatsela ba kwa Boritane le yone e nna e oketsega. Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, palo ya babulatsela e ne ya oketsega mme ga nna le babulatsela ba le 13 224 ka October 2015. Babulatsela bano ba itse sentle gore tirelo ya nako e e tletseng ke tsela e e molemo ya go dirisa matshelo a bone.