Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ka nako ya go kwalwa ga Baebele tiro ya molebedi e ne e le eng?

Ka nako ya go kwalwa ga Baebele, molebedi o ne a tlhokomela ntlo ya motho yo mongwe.

Fa morwa Jakobe, e bong Josefa, e ne e le lekgoba kwa Egepeto e ne ya nna molebedi wa ntlo ya mong wa gagwe. Tota e bile, Baebele ya re mong wa gagwe wa mo Egepeto o ne a “[tlogela] sengwe le sengwe se e neng e le sa gagwe mo seatleng sa ga Josefa.” (Gen. 39:2-6) Moragonyana, fa Josefa e ne e le mmusi kwa Egepeto, o ne a tlhoma molebedi gore a tlhokomele ntlo ya gagwe.—Gen. 44:4.

Ka motlha wa ga Jesu, batho ba ba neng ba na le masimo ba ne ba nna kgakala le one. Ka jalo, ba ne ba tlhoma balebedi gore ba tlhokomele tiro e e neng e dirwa mo masimong.

Ke bomang ba ba neng ba tlhomiwa go nna balebedi? Ka nako ya baaposetoloi, mokwadi mongwe wa kwa Roma yo o bidiwang Columella o ne a tlhalosa gore fa lekgoba le tlhomiwa go nna molebedi le tshwanetse la bo le na le nako e telele le bereka mo masimong e bile le itse go dira tiro eo sentle. E ne e tshwanetse go nna motho yo o kgonang go tlhomamisa gore badiri ba dira tiro ya bone, mme gone a sa ba tshware setlhogo. Gape o ile a tlhalosa gore, selo sa botlhokwa thata ke gore molebedi ga a tshwanela go nna motho yo o akanyang gore o itse sengwe le sengwe, go na le moo, e tshwanetse gore e nne motho yo o batlang go ithuta dilo tse disha.

Baebele e dirisa sekai sa molebedi le tiro e a e dirang fa e bua ka ditiro dingwe tse di dirwang mo phuthegong. Ka sekai, moaposetoloi Petere o ile a kgothaletsa Bakeresete gore ba dirise bokgoni jo Modimo a ba neileng jone go ‘direlana jaaka balebedi ba ba molemo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.’—1 Pet. 4:10.

Mo go Luke 16:1-8, Jesu le ene o ile a dirisa sekai sa molebedi mo setshwantshong sa gagwe. Mo godimo ga moo, fa a ne a tlhalosa dilo tse di neng di tla direga mo metlheng ya bofelo, o ile a tlhalosetsa balatedi ba gagwe gore o tla tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” kgotsa “molebedi yo o boikanyego.” Tiro ya botlhokwa ya molebedi oo, e ne tla nna go tlamela balatedi ba ga Keresete ka dijo tsa semoya mo metlheng ya bofelo. (Math. 24:45-47; Luke 12:42) Eleruri, re lebogela dikgatiso tsotlhe tse molebedi yo boikanyego a re nayang tsone.