Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Toledo ke lefelo le le bontshang hisitori le setso sa batho ba Spain. Ka 1986, e ne ya dirwa lefelo la Hisitori ya Lefatshe ya Spain mme ke lefelo le gantsi bajanala ba ratang go le etela

BATHO LE DINAGA

Go Etela Spain

Go Etela Spain

SPAIN ke naga e nang le batho ba ditso tse farologaneng. Bontsi jwa naga eno bo na le masimo a mabele, diterebe le ditlhare tsa motlhware. Go ela kwa borwa jwa naga eno, dikilometara di ka nna 14 tsa metsi di kgaoganya Spain le kontinente ya Afrika.

Batho ba le bantsi go akaretsa Bafonekia, Bagerika le batho ba kwa Carthage kwa Afrika Bokone, ba ne ba fudugela mo karolong eno ya borwabophirima jwa Yuropa. Fa Baroma ba sena go gapa kgaolo eno ka lekgolo la boraro la dingwaga pele Jesu a tla mo lefatsheng, ba ne ba e bitsa Hispania. Morago ga moo, morafe wa Ba-Visigoth le wa Ba-Moor e ne ya fudugela mo kgaolong eno. Moragonyana ba ne ba tlogela setso sa bone.

Bosheng jaana, batho ba feta dimilione di le 68 ba ne ba etela Spain mo ngwageng o le mongwe fela. Bontsi jwa bone bo tla mono ka gonne bo rata letsatsi la teng, mawatle a mantle, botaki, dilo tsa hisitori le meago e mentle ya bogologolo. Gape batho ba rata dijo tsa Ba-Spain. Tsone di akaretsa dijo tsa kwa lewatleng, nama ya kolobe e e omisitsweng, setšhuu, disalate, merogo e e apeilweng kgotsa e e tshetsweng olive oil. Dijo tse di itsegeng mo lefatsheng lotlhe tsa Ba-Spain ke omolete, paella le tapas.

Mariscada ke dijo tsa lewatle tse di tlwaelegileng mo Spain

Ba bina flamenco

Batho ba mo Spain ba botsalano e bile ba rata batho. Bontsi jwa bone ba re ba tsena kereke ya Roma Katoliki mme ke ba le mmalwa fela ba ba nnang gone kwa Mmiseng. Bosheng jaana, batho ba ba tswang kwa Afrika, Asia le Latin America ba ne ba fudugela mo Spain. Bontsi jwa bone bo rata go tlotla ka se ba se dumelang le ka dingwao tsa bone. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlotla monate le bone le go ba thusa go itse dilo tse dintsi tse Baebele e di rutang.

Ka 2015, Basupi ba feta 10 500 ba ne ba ithaopela go aga le go tlhabolola mafelo a bone a kobamelo a le 70 a a bidiwang Diholo Tsa Bogosi. Puso e ne ya ba naya ditsha go aga diholo tse dingwe. Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dikokoano tsa bone ka Se-Spain le ka dipuo di feta 30 gore batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba kgone go itse molaetsa wa Baebele. Ka 2016, batho ba feta 186 000 ba ne ba nna gone mo kokoanong e e kgethegileng ya Basupi ba ga Jehofa go tla go gopola loso lwa ga Jesu Keresete.