Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSOGANG! No. 3 2017 | A Tota Baebele e Tswa Kwa Modimong?

A Baebele ke buka e e tswang kwa Modimong? Kgotsa ke buka e e nang le dikakanyo tsa batho fela?

Makasine ono wa “Tsogang!” o bua ka dilo di le tharo tse di bontshang gore Baebele e tswa kwa Modimong.

 

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Baebele—A Tota e “Tlhotlheleditswe ke Modimo”?

Batho bangwe ba re Baebele e amana le Modimo ka tsela nngwe. Bangwe ba re ke buka ya ditlhamane, bagaka, hisitori le melao e e kwadilweng ke batho.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Baebele—E Nepile mo Dilong Tsotlhe

Baebele ga e bolo go tlhalosa dilo tsa tlholego sentle pele baitsesaense ba kgona go dira jalo. Gape e ne ya bua ka go ema le go wa ga mebuso e megolo e bile e na le dikarabo tse di tlhatswang pelo tsa dipotso tse di botlhokwa ka botshelo.

GO THUSA LELAPA

Botlhokwa Jwa Ditiro Tsa mo Lapeng

A o okaoka go naya bana ba gago ditiro tsa mo lapeng? Fa go le jalo, bona gore go dira ditiro tsa mo lapeng go tla ba thusa jang gore ba nne le maikarabelo ba bo ba itumele.

Ditshika Tsa Tshedimosetso Tse di Nnang mo Mpeng—A ke “Boboko Jwa Bobedi”?

‘Bodirelo jono jwa dikhemikale’ jo bo raraaneng bo mo mpeng ya gago. Totatota bo go thusa jang?

POTSOLOTSO

Motlhami wa Software O Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Fa Dr. Fan Yu a simolola tiro ya gagwe ya go dira dipatlisiso a dirisa dipalo, o ne a dumela gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe. Goreng gone jaanong a dumela gore Modimo ke ene Motlhami le Mmopi wa botshelo?

SE BAEBELE E SE RUTANG

Baengele

Go na le dibuka, ditshwantsho le difilimi tse di buang ka baengele. Baebele ya reng ka baengele?

A GO TLHAMILWE?

Boboa Jwa Otter ya Lewatle

Diphologolo tse dintsi tsa mo metsing di na le mafura a mantsi mo teng ga letlalo, a a di thusang go nna di thuthafetse. Otter ya mo lewatleng yone e dirisa mokgwa o o farologaneng.

Tse Dingwe

Nka Dira Jang Gore Batsadi Ba me Ba Ntshepe?

O batla gore batsadi ba gago ba lemoge gore o godile mme bone ga ba akanye jalo. O ka dirang gore ba go tshepe?

Mokwadi wa Baebele ke Mang?

Fa e le gore e kwadilwe ke batho, goreng e bidiwa Lefoko la Modimo? Baebele ke dikakanyo tsa ga mang?