Go Tswa mo Mabolokelong a Rona
Go Tsamaya le Baeti ba Sedumedi
“NKA se kgone go rera ka ntlo le ntlo!” Batho ba bantsi ba ba sa tswang go ithuta Baebele ba ile ba ikutlwa ka tsela eo, fa ba ne ba tshwanelwa ke go rerela batho ba ba sa ba itseng. Le fa go ntse jalo, mafoko a a fa godimo a ne a bolelwa ke motho yo e neng e le sebui sa phatlalatsa se se nang le maitemogelo e bile e le morutisi wa Baebele yo o bidiwang moeti wa sedumedi.
Babadi ba le bantsi ba Zion’s Watch Tower ba ba ileng ba tlogela dikereke tsa bone, ba ne ba eletsa go kopana mmogo le batho ba le bone ba neng ba batla go itse boammaaruri jwa Baebele. Makasine oo o ne wa rotloetsa babadi ba one gore ba batle ba bangwe ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya bone mme ba kopanele mmogo ka metlha go ithuta Baebele. Go simolola mo e ka nnang ka 1894, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa romela baemedi ba one ba ba etang go ya go kopana le ditlhopha tse di neng di kopile go etelwa. Banna bano ba ba nang le maitemogelo, ba ba dirang ka natla, ba moragonyana ba neng ba bidiwa baeti ba sedumedi, ba ne ba tlhophiwa ka ntlha ya go nna bonolo, go itse Baebele, le go nna le bokgoni jwa go bua le jwa go ruta le go bontsha go ikanya thekololo. Gantsi ketelo ya bone e ne e tsaya letsatsi le le lengwe fela kgotsa a le mabedi. Lekgetlho la ntlha fa Baithuti ba Baebele ba bantsi ba ne ba simolola go ya tshimong, e ne e le fa ba ne ba tsamaisa dipampitshana tsa taletso gore batho ba tle go reetsa puo ya phatlalatsa ya moeti wa sedumedi. Fa Hugo Riemer, yo moragonyana e neng ya nna leloko la Setlhopha se se Laolang a sena go neela puo maitseboa kwa sekolong, o ne a araba dipotso tsa Baebele go fitlha morago ga bosigogare. Mokaulengwe Reimer o ne a lapile mme gone a itumetse, mme o ne a itumeletse kafa pokano eo e tsamaileng ka gone.
Makasine wa Zion’s Watch Tower o ne wa bolela gore “tiro e kgolo” ya baeti ba sedumedi e ne e le go nonotsha “ba ntlo ya tumelo” ka go tshwara dipokano mo matlong a badumedi. Baithuti ba Baebele ba ba tswang mo mafelong a a gaufi ba ne ba tla go reetsa dipuo le motlotlo wa dipotso le dikarabo. Morago ga foo e ne e le nako ya dijo. Fa Maude Abbott e ne e sa ntse e le mosetsanyana, o ne a nna gone mo puong ya mo mosong mme morago ga yone botlhe ba ne ba nna mo tafoleng e telele e e neng e beilwe mo jarateng. A re: “Go ne go na le dijo tse dintsi tse di monate—ham, koko e e gadikilweng, marotho a mantsi a a farologaneng, diphae le dikuku! Mongwe le mongwe o ne a ja kafa a ka kgonang ka gone mme mo e ka nnang ka ura ya bobedi, re ne ra kokoana gore re reetse puo e nngwe.” Le fa go ntse jalo, o tlhalosa jaana: “Ka nako eo, mongwe le mongwe o ne a otsela.” Benjamin Barton yo o diretseng lobaka lo loleele e le moeti wa sedumedi o ne a tlhalosa gore, ‘Fa nka bo ke jele dijo tsotlhe tse di mafura tse ke neng ke di newa, nka bo ke sa bolo go swa.’ Kgabagare lekwalo le le tswang kwa ntlokgolo kwa Brooklyn le ne la gakolola bokgaitsadi ba ba nang le maikaelelo a a siameng gore go ka nna molemo gore botlhe ba ba dirang tiro ya go apaya letsatsi le letsatsi, ba apeele baeti ba sedumedi “dijo tse di se nang mafura” mme ba se ka ba “ba kgoreletsa fa ba robetse.”
Baeti ba sedumedi ba ne ba na le bokgoni jwa go ruta le jwa go dirisa ditšhate, dikaelo kgotsa sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone go dira gore se ba buang ka sone se kgatlhe. Dipuo tsa ga R. H. Barber, “ka metlha di ne di le monate.” W. J. Thorn yo o neng a na le dinonofo tsa botsadi o ne a bua “jaaka tlhogo ya lotso ya bogologolo.” Letsatsi lengwe fa Shield Toutjian a ne a palame Model A Ford, o ne a goa jaana ka tshoganyetso, “Ema!” O ne a fologa mo koloing ka bonako, a kgetla dithunya tsa naga a bo a tlotla le batho ba a neng a tsamaya le bone ka popo ya ga Jehofa.
Tiro ya go nna moeti wa sedumedi e ne e na le dikgwetlho tse dintsi, segolobogolo mo go ba ba leng mo dingwageng tsa bogareng kgotsa ba ba setseng ba di fetile. Le fa go ntse jalo, mo go ba bangwe kgwetlho e kgolo go gaisa e ne ya
nna fa ba fetola tsela e ba neng ba dira dikabelo tsa bone ka yone. Jaanong go ne go solofetswe gore ba etelele pele tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. Zion’s Watch Tower ya March 15, 1924, e ne ya re, “nngwe ya ditaelo tse dikgolo” tsa Bakeresete ba boammaaruri “ke go neela bosupi ka bogosi. Baeti ba sedumedi ba romelwa ka ntlha ya maikaelelo ao.”Go bonala baeti ba bangwe ba sedumedi ba ile ba gana phetogo eo, ka gonne ba ne ba tlogela tiro ya go eta, bangwe ba ile ba ngala ba bo ba itshimololela madumedi a bone. Robie D. Adkins o ne a re mongwe wa baeti ba sedumedi yo e neng e le sebui sa setswerere o ne a bua jaana a galefile: “Se ke se itseng fela ke go rera kwa seraleng. Nka se kgone go rera ka ntlo le ntlo!” Mokaulengwe Adkins o gakologelwa jaana: “Lekgetlo le le latelang fa ke mmona, e ne e le kwa kopanong ya 1924 kwa Columbus, Ohio. O ne a lebega a sulafaletswe tota, a eme a le esi mo moriting wa setlhatshana, a sa itumela mo gare ga diketekete tsa bakaulengwe ba ba itumetseng. Ga ke a ka ka tlhola ke mmona gape. Nakwana fela morago ga foo, o ne a tlogela phuthego.” Kafa letlhakoreng le lengwe, “bakaulengwe ba le bantsi ba ba itumetseng, ba ne ba feta ba isa dibuka kwa dikoloing tsa bone,” ga go pelaelo gore ba ne ba tlhagafaletse go rera ka ntlo le ntlo.—Dit. 20:20, 21.
Baeti ba le bantsi ba sedumedi ba ne ba tshogile fa ba rera ka ntlo le ntlo fela jaaka bakaulengwe ba ba neng ba tlile go ba thapisetsa go rera, mme gone ba ne ba rera ka matlhagatlhaga a magolo. Malebana le go rera ka ntlo le ntlo moeti wa sedumedi yo o buang Sejeremane e bong Maxwell G. Friend (Freschel) o ne a kwala jaana: “Karolo eno ya tiro ya moeti wa sedumedi e oketsa ditshegofatso tse re nang le tsone mo loetong lwa rona.” Moeti wa sedumedi e bong John A. Bohnet o ne a bega gore bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba amogela mafoko ao a go re go rerwe ka Bogosi. Go ya ka ene batho ba le bantsi ba ne ba “na le tlhagafalo e kgolo mo go eteleleng pele letsholo leno.”
Go ralala le dingwaga bakaulengwe bano ba ba etang ba ba ikanyegang ba nnile le tlhotlheletso e e molemo mo bakaulengweng ba bone. Norman Larson yo e nnileng Mosupi ka lobaka lo loleele o ne a re: “Tiro ya baeti ba sedumedi e ne e le botlhokwa e bile e solegela molemo, seo ke se ke neng ka se lemoga fa ke ne ke le mosimanyana. Ba nthusitse ka tsela e e molemo thata gore ke nne se ke leng sone.” Go fitlha mo motlheng wa gompieno, balebedi ba ba etang ba ba intshang setlhabelo le ba ba ikanyegang ba ntse ba thusa badumedimmogo le bone gore ba re, “Re ka kgona go rera ka ntlo le ntlo!”
[Mafoko a a mo go tsebe 32]
E ne e le letsatsi le le itumedisang fa moeti wa sedumedi a ne a re etetse!
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Pampiri ya ga Benjamin Barton ya 1905 ya go rulaganya go etela diphuthego, e ne e na le mafelo a le 170 a a neng a tshwanetse go a etela
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Walter J. Thorn e ne e le moeti wa sedumedi, yo o neng a itsege e le Pappy ka gonne a ne a na le dinonofo tsa botsadi, tse di tshwanang le tsa ga Keresete
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
J. A. Browne o ne a romelwa kwa Jamaica e le moeti wa sedumedi mo e ka nnang ka 1902 go ya go nonotsha le go kgothatsa ditlhopha di le 14 tse dinnye
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Tiro ya moeti wa sedumedi e ne e nonotsha tumelo le kutlwano ya Bokeresete e bile e dira gore bakaulengwe ba atamalane le phuthego