Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modisa wa Mmusimogolo o Amogela Bosupi

Modisa wa Mmusimogolo o Amogela Bosupi

Ke ngwaga wa 59 C.E. Magolegwa a le mmalwa a tsena mo Roma ka kgoro ya Porta Capena, a disitswe ke masole a a lapisitsweng ke loeto. Ntlo ya segosi ya ga Mmusimogolo Nero e kwa Palatine Hill, e disitswe ke masole a Mmusimogolo a tlhometse ka ditšhaka tse ba di tsentseng mo diaparong tsa bone tsa ka fa ntle tse di bidiwang di-toga. * Molaodi wa masole e bong Julius o feta fa Kgotleng ya Roma a na le magolegwa ba ya kwa Viminal Hill. Ba feta fa tshingwaneng e e nang le dibeso tse dintsi tsa medingwana ya Baroma le go feta fa masole a thibelelang le go ikatisa gone.

Setshwantsho sa masole a Mmusimogolo se go akanngwang gore se tswa kwa Arch of Claudius, e e agilweng ka 51 C.E.

Moaposetoloi Paulo e ne e le mongwe wa magolegwa ao. Dikgwedi di le mmalwa pelenyana ga foo fa a ne a le mo sekepeng se se neng se heheutlwa ke phefo, moengele wa Modimo o ne a mo raya a re: “O tshwanetse go ema fa pele ga ga Kaesara.” (Dit. 27:24) A Paulo o tla diragalelwa ke sone seo? Fa a retologa mme a leba motsemoshate wa Mmusomogolo wa Roma, ga go pelaelo gore o ne a gakologelwa mafoko a Morena Jesu a neng a mmolelela one kwa Toreng ya Antonia kwa Jerusalema. Jesu o ne a re: “Nna le bopelokgale jo bogolo! Gonne fela jaaka o ntse o neela bosupi ka botlalo ka dilo tse di leng kaga me mo Jerusalema, jalo o tshwanetse go naya bosupi le kwa Roma.”—Dit. 23:10, 11.

Gongwe Paulo o ne a ema go se kae gore a lebe Castra Praetoria—e leng kago e kgolo ya phemelo e e agilweng ka ditena tse dikhibidu e e nang le dithako tse di thekeletsang le ditora. Kago eno ya phemelo e na le Badisa ba Mmusimogolo ba tiro ya bone e leng go sireletsa mmusimogolo, gape e na le mapodise a motse. Go na le ditlhopha di le 12 tsa masole * a e leng Badisa ba Mmusimogolo le  ditlhopha di le mmalwa tsa masole a mo toropong, kago eno e kgona go tshola masole a le dikete di le mmalwa, go akaretsa le masole a a tsamayang ka dipitse. Kago eno ya Castra Praetoria e ne e gopotsa batho kafa mmusimogolo a neng a na le maatla ka gone. E re ka maikarabelo a Modisa wa Mmusimogolo e ne e le go tlhokomela magolegwa mo diporofenseng, Juliase o ne a etelela pele setlhopha sa gagwe go tsena ka nngwe ya dikgoro tse nnè tse dikgolo. Morago ga loeto lwa dikgwedi di le mmalwa lo lo kotsi, kgabagare o ne a goroga le magolegwa a a neng a a tlhokometse kwa Roma.—Dit. 27:1-3, 43, 44.

MOAPOSETOLOI O NE A RERA “A SA KGORELEDIWE”

Fa Paulo a ntse a le mo loetong, o ne a bona diponatshegelo tse di tswang kwa Modimong tse di neng di mo itsise gore batho botlhe ba ba mo mokorong ba tla falola fa o thubega. Ga a ka a swa fa a ne a lomiwa ke noga e e botlhole. O ne a fodisa batho ba ba neng ba lwala kwa setlhaketlhakeng sa Maleta, mme batho ba koo ba ne ba re Paulo ke modimo. Dikgang tsa ditiragalo tseno di ka tswa di ile tsa fitlha kwa Badiseng ba Mmusimogolo ba ba neng ba dumela mo tumelabotlhoding.

Paulo o ne a setse a bone bakaulengwe ba kwa Roma ba ba neng ba tlile go mo “kgatlhantsha kwa Marekisetsong a Apio le Matlomararo a Boitapolosetso.” (Dit. 28:15) Le fa go ntse jalo, e re ka e ne e le legolegwa, o ne a tla kgona jang go diragatsa keletso ya gagwe ya go rera dikgang tse di molemo kwa Roma? (Bar. 1:14, 15) Bangwe ba akanya gore magolegwa ao a ne a tla isiwa kwa motlhokomeding wa badisa. Fa e le gore go ne go le jalo, go ka direga gore Paulo o ne a isiwa kwa go Moeteledipele wa Badisa ba Mmusimogolo e bong Afranius Burrus, yo gongwe a neng a fetiwa fela ke mmusimogolo ka maemo. * Le fa boemo e ka tswa e ne e le bofe, go na le gore Paulo a disiwe ke Moeteledipele wa masole, o ne a disiwa ke lesole fela le le tlwaelegileng. Paulo o ne a letlelelwa go ithulaganyetsa marobalo le gore batho ba mo etele, e bile o ne a ba rerela “a sa kgorelediwe.”—Dit. 28:16, 30, 31.

PAULO O NAYA BOSUPI MO GO BA BANNYE LE BA BAGOLO

Dipota tsa Castra Praetoria jaaka di ntse gompieno

Fa Burrus a ntse a tsweletse ka ditiro tsa gagwe tsa boatlhodi, a ka tswa a ile a botsolotsa moaposetoloi Paulo, gongwe a le kwa ntlong ya segosi kgotsa a le kwa kampeng ya badisa ba Mmusimogolo, pele a isa kgetsi eo kwa go Nero. Paulo o ne a dirisa tshono eno e e kgethegileng ka go “naya bosupi mo go ba bannye le ba bagolo.” (Dit. 26:19-23) Go sa kgathalesege se Burrus a ka tswang a ile a se lemoga, Paulo ga a ka a isiwa kwa kgolegelong kwa kampeng ya badisa ba Mmusimogolo. *

Lefelo le Paulo a neng a nna mo go lone le ne le le legolo mo  a neng a kgona go amogela le go rerela “banna ba bagolo ba Bajuda” mmogo le ‘dipalo tse dingwe tse dikgolwane tsa batho ba ba neng ba tla kwa go ene mo lefelong la gagwe la bonno.’ Gape o ne a reeditswe ke masole a Mmusimogolo a a neng a mo utlwa fa a ne a “naya bosupi ka botlalo” mo Bajudeng malebana le Bogosi le Jesu, “go tloga mo mosong go fitlha maitseboa.”—Dit. 28:17, 23.

Fa Paulo a ne a le mo kgolegelong, masole a ne a mo reeditse fa a bolelela mongwe se a tshwanetseng go se kwala

Letsatsi le letsatsi ditlhopha tsa masole a Mmusimogolo di ne di refosana go disa ntlo ya segosi. Paulo le ene o ne a tlhokomelwa ke masole a a farologaneng. Mo dingwageng di le pedi tse Paulo a neng a le mo kgolegelong ka tsone, masole a ne a mo reeditse fa a bolelela mongwe se a tshwanetseng go se kwalela Bakeresete ba kwa Efeso, Filipi, Kolosa le ba Bahebera, mme gape ba mmona fa a ne a kwalela Mokeresete yo o bidiwang Filemone. Fa Paulo a ntse a le mo kgolegelong, o ne a umaka ka tlhamalalo lekgoba le le neng le tshabetse mong wa lone, le le bidiwang Onesimo, ‘yo Paulo a neng a nna rraagwe fa a ntse a le mo dikgoleng tsa gagwe tsa kgolegelo’ a bo a mmusetsa kwa go mong wa gagwe. (File. 10) Ga go pelaelo gore Paulo o ne a bontsha go kgatlhegela thata batho ba ba neng ba mo tlhokometse. (1 Bakor. 9:22) Re ka akanya fela kafa a neng a botsolotsa lesole ka mosola wa dikarolo tse di farologaneng tsa seaparo sa gagwe sa sesole, mme a bo a dira papiso a dirisa tshedimosetso eo.—Baef. 6:13-17.

 “BUA LEFOKO LA MODIMO KA GO TLHOKA POIFO”

Go tsenngwa mo kgolegelong ga ga Paulo go ne ga dira gore go nne le “botswelelopele jwa mafoko a a molemo bogolo” mo Badiseng ba Mmusimogolo le ba bangwe. (Bafil. 1:12, 13) Batho ba ba neng ba nna mo Castra Praetoria ba ne ba itsege go ralala Mmusomogolo wa Roma, e bile ba itsiwe ke mmusimogolo le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe. Batho ba ba nnang moo ke masika, batlhanka le makgoba, ba bangwe ba bone e neng ya nna Bakeresete. (Bafil. 4:22) Ka ntlha ya go bo Paulo a ile a nna pelokgale go rera, bakaulengwe ba kwa Roma ba ne ba nna pelokgale “go bua lefoko la Modimo ka go tlhoka poifo.”—Bafil. 1:14.

Go sa kgathalesege maemo a re leng mo go one, batho ba ba re tlisetsang ditirelo ba ka re reetsa

Go rera ga ga Paulo kwa Roma go a re kgothatsa fa re ntse re ‘rera lefoko, re dira jalo ka potlako ka paka e e dumelang, le ka paka ya matshwenyego.’ (2 Tim. 4:2) Bangwe ba rona ga ba kgone go tswa mo ntlong, ba nna kwa go tlhokomelwang balwetse gone kgotsa kwa dikokelong, ba bangwe ba tshwerwe ka ntlha ya tumelo ya bone. Go sa kgathalesege maemo a re ka iphitlhelang re le mo go one, go ka nna le batho ba ba re reetsang, gongwe ba ba re etelang kgotsa ba ba re tlisetsang ditirelo. Fa re nna pelokgale go rera mo maemong le fa e ka nna ape fela, re tla bona gore ‘lefoko la Modimo ga le ka ke la golegwa.’—2 Tim. 2:8, 9.

^ ser. 2 Bona lebokose le le reng, “Modisa wa Mmusimogolo mo Motlheng wa ga Nero.”

^ ser. 4 Setlhopha sa masole a Baroma se ne se na le masole a a ka fitlhang go 1 000.

^ ser. 7 Bona lebokose le le reng, “Sextus Afranius Burrus.”

^ ser. 9 Ke teng kwa Herode Ageripa a neng a tsenngwa mo kgolegelong ke Tiberio Kaesara ka 36/37 C.E. ka ntlha ya go bo a ne a eletsa gore Caligula e nne mmusimogolo. Fa Caligula a sena go tlhomiwa mo maemong ao, o ne a duela Herode Ageripa ka go mo dira kgosi.—Dit. 12:1.