Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa—Lefelo la Rona la Bonno

Jehofa—Lefelo la Rona la Bonno

“Wena Jehofa, o itshupile o le bonno jwa rona jwa mmatota mo kokomaneng morago ga kokomana.”—PES. 90:1.

1, 2. Batlhanka ba Modimo ba ile ba ikutlwa jang ka tsamaiso eno ya dilo, mme ba na le legae ka tsela efe?

 A O IKUTLWA o phuthologile mo tsamaisong eno? Fa e le gore ga o ikutlwe jalo, ga se wena fela! Go ralala dingwaga, batho botlhe ba tota ba neng ba rata Jehofa, ba ne ba ikutlwa jaaka baeng kgotsa batswakwa mo tsamaisong eno ya dilo. Ka sekai, fa baobamedi ba ba ikanyegang ba Modimo ba ntse ba thibelela mo mafelong a a farologaneng mo nageng ya Kanana, ba ne “ba bolela phatlalatsa gore e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.”—Baheb. 11:13.

2 Balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng, ba ‘boagi jwa bone bo leng kwa magodimong,’ le bone ba itsaya e le “baeng le baagi ba nakwana” mo tsamaisong eno ya dilo. (Bafil. 3:20; 1 Pet. 2:11) “Dinku tse dingwe” tsa ga Keresete le tsone ‘ga se karolo ya lefatshe, fela jaaka Jesu le ene e ne e se karolo ya lefatshe.’ (Joh. 10:16; 17:16) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore batho ba Modimo ga ba na “legae.” Tota e bile, re na le legae le le sireletsegileng le le le nang le lorato go gaisa otlhe a motho a ka akanyang ka one, le re kgonang go le bona ka leitlho la mogopolo fa re na le tumelo. Moshe o ne a re: “Wena Jehofa, o itshupile o le bonno jwa rona jwa mmatota mo kokomaneng morago ga kokomana.” * (Pes. 90:1) Jehofa o ne a nna jang ‘bonno jwa mmatota’ mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang ba mo motlheng wa bogologolo? Ke jang gompieno e leng ‘bonno jwa mmatota’ mo bathong ba gagwe? Mme ke jang a tla nnang bonno bo le bosi fela jo bo sireletsegileng mo isagweng?

JEHOFA—‘BONNO JWA MMATOTA’ JWA BATLHANKA BA GAGWE BA BOGOLOGOLO

3. Mo go Pesalema 90:1 go na le setlhogo sefe le setshwantsho le sengwe se dilo tseno tse pedi di tshwanang ka sone?

3 Fela jaaka dipapiso tse dintsi tse di mo Baebeleng, Pesalema  90:1 e na le setlhogo, setshwantsho, le sengwe se dilo tseno tse pedi di tshwanang ka sone. Setlhogo ke Jehofa. Setshwantsho ke lefelo la bonno. Go na le dilo di le dintsi tse Jehofa a tshwanang le lefelo leo ka tsone. Ka sekai, Jehofa o sireletsa batho ba gagwe. Seno se tsamaisana le ntlha ya gore Jehofa ke mothofatso wa lorato. (1 Joh. 4:8) Gape ke Modimo wa kagiso yo o dirang gore batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba “nne ka polokesego.” (Pes. 4:8) Ka sekai, akanya ka tsela e a neng a dirisana ka yone le ditlhogo tsa lotso tse di ikanyegang, go simolola ka Aborahame.

4, 5. Modimo o ne a nna ‘bonno jwa mmatota’ jang mo go Aborahame?

4 O ka akanya fela kafa Aborahame, yo ka nako eo a neng a bidiwa Aberame, a neng a ikutlwa ka gone fa Jehofa a ne a mmolelela jaana: “Tswa mo nageng ya gaeno le mo go ba losika lwa gago . . . o ye kwa nageng e ke tla e go bontshang.” Fa e le gore Aborahame o ne a ikutlwa a tlhobaela, ga go pelaelo gore tlhobaelo eo e ne ya fela fa a utlwa mafoko ano a ga Jehofa: “Ke tla dira setšhaba se segolo ka wena e bile ke tla go segofatsa mme ke tla dira gore leina la gago le nne legolo . . . Ke tla segofatsa ba ba go segofatsang, mme yo o go hutsang ke tla mo hutsa.”—Gen. 12:1-3.

5 Jehofa o ne a bua mafoko ano a solofetsa Aborahame le ditlogolwana tsa gagwe gore o tla nna bonno jwa bone jo bo sireletsegileng. (Gen. 26:1-6) Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso eo ya gagwe. Ka sekai, o ne a thibela Faro wa kwa Egepeto le Kgosi Abimeleke wa kwa Gerare gore ba se ka ba bolaya Aborahame mme ba tsaya Sara ba mo dira mosadi wa bone. O ne a sireletsa Isake le Rebeka ka tsela e e tshwanang. (Gen. 12:14-20; 20:1-14; 26:6-11) Re bala jaana: “[Jehofa] ga a ka a letlelela motho ope go ba tsietsa, mme o ne a kgalemela dikgosi ka ntlha ya bone, a re: ‘Lo se ka lwa ama batlodiwa ba me, e bile lo se ka lwa dira baporofeti ba me sepe se se bosula.’”—Pes. 105:14, 15.

“Ga ke tle go go tlogela”

6. Isake o ne a bolelela Jakobe gore a dire eng, mme Jakobe a ka tswa a ne a ikutlwa jang?

6 Baporofeti bano ba ne ba akaretsa setlogolwana sa ga Aborahame e bong Jakobe. Fa nako ya gore Jakobe a batle mosadi e goroga, rraagwe e bong Isake o ne a mo raya a re: “O se ka wa tsaya mosadi mo go bomorwadia Kanana. Nanoga, ya kwa Padana-arama kwa ntlong ya ga Bethuele rraagwe mmago mme o itseele mosadi gone mo go bomorwadia Labane.” (Gen. 28:1, 2) Jakobe o ne a diragatsa taelo ya ga Isake ka yone nako eo. O ne a tlogela tshireletsego ya lelapa la gaabo, le le neng le nna kwa Kanana, a tsaya loeto, gongwe a le esi, a tsamaya dikilometara di le makgolokgolo a ya kwa Harana. (Gen. 28:10) Gongwe o ne a ipotsa jaana: ‘Ke tla tsamaya lobaka lo lo kae? A malome o tla nkamogela ka lorato, mme a nneye mosadi yo o boifang Modimo?’ Fa e le gore Jakobe o ne a na le ditlhobaelo tseno, ga go pelaelo gore di ne tsa fela fa a fitlha kwa Luse, e e neng e le dikilometara di ka nna lekgolo go tswa kwa Beere-sheba. Go ne ga direga eng kwa Luse?

7. Modimo o ne a dirisa jang toro go tlhomamisetsa Jakobe gore o tla nna le ene?

 7 Fa Jakobe a ne a le kwa Luse, Jehofa o ne a bonala mo go ene mo torong mme a mo raya a re: “Ke na le wena mme ke tla go boloka mo tseleng yotlhe e o e tsamayang e bile ke tla go busetsa mo lefatsheng leno, ka gonne ga ke tle go go tlogela go fitlha ke dirile se ke se buileng le wena.” (Gen. 28:15) Ruri mafoko ao a a lorato a tshwanetse a bo a ile a tlhatswa Jakobe pelo tota le go mo kgothatsa! A jaanong o kgona go mmona morago ga foo a gwanta a tlhagafaletse go bona kafa Modimo a tla diragatsang lefoko la Gagwe ka gone? Fa e le gore o fudugile kwa gae, gongwe e le gore o ye go direla kwa nageng e sele, o tshwanetse wa bo o tlhaloganya tsela e Jakobe a neng a ikutlwa ka yone. Ga go pelaelo gore o bone bosupi jwa gore Jehofa o a go tlhokomela.

8, 9. Ke ka ditsela dife Jehofa a neng a nna ‘bonno jwa mmatota’ mo go Jakobe, mme re ka ithuta eng mo go seno?

8 Fa Jakobe a fitlha kwa Harana, malomaagwe e bong Labane o ne a mo amogela mme moragonyana a mo naya Lea le Ragele gore e nne basadi ba gagwe. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, Labane o ne a leka go ja Jakobe ntsoma ka go fetola tuelo ya gagwe makgetlo a le lesome! (Gen. 31:41, 42) Mme gone, Jakobe o ne a itshokela go tlhoka tshiamiso, a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla tswelela a mo tlhokomela—mme tota Jehofa o ne a dira jalo! Ee ruri, fa Modimo a ne a bolelela Jakobe gore a boele kwa Kanana, tlhogo eno ya lotso e ne e na le “matsomane a magolo le malata le batlhanka le dikamela le diesele.” (Gen. 30:43) Jakobe o ne a rapela a bontsha kanaanelo e kgolo, o ne a re: “Ga ke tshwanelwe ke mapelonomi otlhe a lorato le boikanyegi jotlhe jo o bo supileng mo motlhankeng wa gago, gonne ke ne ka kgabaganya Joredane eno ka lore lwa me fela mme jaanong ke fetogile mephato e mebedi.”—Gen. 32:10.

9 Dikao tseno di bontsha gore tota mafoko a ga Moshe a ne a le boammaaruri, o ne a re: “Wena Jehofa, o itshupile o le bonno jwa rona jwa mmatota mo kokomaneng morago ga kokomana.” (Pes. 90:1) Mafoko ao a sa ntse a le boammaaruri le gompieno ka gonne, Jehofa, yo mo go ene ‘go se nang go fetofetoga ga go menoga ga moriti’ o tswelela e le lefelo la bonno le le lorato le le le sireletsegileng la batho ba gagwe ba ba ikanyegang. (Jak. 1:17) A re sekasekeng gore ke bonno jwa batho ba gagwe ka tsela efe.

JEHOFA—“BONNO JWA RONA JWA MMATOTA” GOMPIENO

10. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o tswelela e le bonno jo bo sireletsegileng jwa batlhanka ba gagwe?

10 Akanya ka seno: O naya bosupi kwa kgotlatshekelo, kgatlhanong le mokgatlho wa dikebekwa o o mo lefatsheng lotlhe. Moeteledipele wa one o botlhale thata, o maatla, ke ramaaka yo o setlhogo e bile ke mmolai. O ne o tla ikutlwa jang fa o tswela kwa ntle ga kgotlatshekelo fa letsatsi le wela? A o ne o tla ikutlwa o babalesegile? Legoka! Ee ruri, o tla bo o na le lebaka le le utlwalang la gore o kope tshireletso. Boemo jono bo tshwantshetsa se se diragalelang batlhanka ba ga Jehofa, ba ba nayang bosupi ka bopelokgale ba emela Jehofa, mme ka go tlhoka poifo ba senola mmaba wa gagwe yo mogolo le yo o setlhogo e bong Satane! (Bala Tshenolo 12:17.) Le fa go ntse jalo, a Satane o kgonne go didimatsa batho ba Modimo? Le e seng! Tota e bile re tswelela re gola semoyeng—e leng sengwe se se kgonegang fela ka gonne Jehofa e le botshabelo jwa rona, “bonno jwa rona jwa mmatota,” segolobogolo mo metlheng eno ya bofelo. (Bala Isaia 54:14, 17.) Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka se nne bonno jwa rona jo bo sireletsegileng, fa re letla Satane gore a re ntshe mo bonnong jwa rona.

Baengele ba Modimo ba sireletsa batlhanka ba gagwe le go ba ema nokeng

11. Re ka ithuta eng mo ditlhogong tsa lotso?

11 Le mo nakong eno, a re ithuteng mo ditlhogong tsa lotso. Le fa ba ne ba nna kwa nageng ya Kanana, e ne e se karolo ya batho ba naga eo, ba ne ba tlhoile ditsela tsa Bakanana tse di boikepo le tsa boitsholo jo bo sa siamang. (Gen. 27:46) Ba ne ba sa tlhoke lenaane  le leleele la melao e e ba bolelelang gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Se ba neng ba se itse ka Jehofa le botho jwa gagwe se ne se lekane. Ka gonne e ne e le bonno jwa bone, ba ne ba sa batle go itsalanya le lefatshe. Go na le moo, ba ne ba leka ka natla gore ba se ka ba nna karolo ya lone. Ruri ba re tlhometse sekao se se molemo! A tsela e o tlhophang ditsala ka yone le boitlosobodutu e supa gore o leka ka natla go etsa sekao sa ditlhogo tsa lotso tse di ikanyegang? Ka maswabi, bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba bontsha gore ka tsela nngwe ba itumelela go nna mo lefatsheng leno la ga Satane. Fa e le gore o ikutlwa ka tsela eo, tota le fa go le gonnye, rapelela kgang eo. Se lebale gore lefatshe leno ke la ga Satane. Le na le moya wa gagwe wa go tlhoka lorato le wa go ikgotsofatsa.—2 Bakor. 4:4; Baef. 2:1, 2.

12. (a) Jehofa o tlamela jang ba ntlo ya gagwe ya semoya? (b) Wena o ikutlwa jang ka dilo tse Jehofa a re baakanyeditseng tsone?

12 Gore re kgone go emelana le maano a ga Satane, re tshwanetse go dirisa ka botlalo dilo tsa semoya tse Jehofa a di baakanyeditseng ba ntlo ya gagwe ya tumelo, ba ba dirang gore e nne bonno jwa bone. Dilo tseno di akaretsa dipokano tsa Bokeresete, kobamelo ya lelapa le “dimpho tse e leng banna”—balebedi ba ba tlhomilweng ke Modimo gore ba re gomotse le go re ema nokeng fa re ntse re lepalepana le mathata a botshelo. (Baef. 4:8-12) Mokaulengwe George Gangas yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang ka dingwaga di le dintsi o ne a re: “Fa ke le mo gare ga [batho ba Modimo] ke ikutlwa ke phuthologile, ke na le lelapa la me e bile ke le mo paradaiseng ya semoya.” A le wena o ikutlwa fela jalo?

13. Re ka ithuta thuto efe ya botlhokwa mo go Bahebera 11:13?

13 Nonofo nngwe e ditlhogo tsa lotso di neng di na le yone e re tshwanetseng go e etsa ke go iketleeletsa go nna ba farologane le batho ba ba neng ba tshela le bone. Jaaka go tlhalositswe mo  serapeng sa ntlha, ba ne ba “bolela phatlalatsa gore e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.” (Baheb. 11:13) A le wena o ikemiseditse go farologana le lefatshe? Gone ke boammaaruri gore go dira jalo ga go motlhofo. Le fa go ntse jalo, Modimo a ka go thusa gore o atlege, mme Bakeresetemmogo le wena le bone ba ka go ema nokeng gore o kgone go atlega. Se lebale gore ga o nosi. Botlhe ba ba batlang go direla Jehofa ba mo ntweng! (Baef. 6:12) Le fa go ntse jalo, re ka kgona go fenya ntwa eno fa re ikanya Jehofa e bile re dira gore e nne bonno jwa rona jo bo sireletsegileng.

14. Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba letetse “motse” ofe?

14 Sengwe gape se se botlhokwa ke seno: Etsa Aborahame ka go nna o tlhomile matlho mo mokgeleng. (2 Bakor. 4:18) Moaposetoloi Paulo o ne a re Aborahame o ne a “letetse motse o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo.” (Baheb.  11:10) “Motse” oo e ne e le Bogosi jwa Bomesia. Boammaaruri ke gore Aborahame o ne a tshwanelwa ke go letela “motse” oo. Mme rona ga re tlhoke go o letela. O setse o busa kwa legodimong. Mo godimo ga moo, go na le bosupi jo bontsi jwa gore Bogosi joo bo tla tloga bo busa mo lefatsheng lotlhe. A Bogosi joo ke jwa mmatota mo go wena? A bo tlhotlheletsa tsela e o lebang botshelo ka yone, tsela e o lebang lefatshe leno ka yone le dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago?—Bala 2 Petere 3:11, 12.

“BONNO JWA RONA JWA MMATOTA” FA BOKHUTLO BO NTSE BO ATAMELA

15. Batho ba ba ikanyang lefatshe leno ba letetswe ke isagwe efe?

15 Fa lefatshe leno la ga Satane le ntse le ya bokhutlong, ‘ditlhabi tsa lone tsa tlalelo’ di tla nna maswe le go feta. (Math. 24:7, 8) Ga go pelaelo gore dilo di tla nna maswe le go feta ka nako ya pitlagano e kgolo. Dilo tsa motheo tsa lefatshe leno di tla phutlhama mme batho ba tla welwa ke poifo e kgolo. (Hab. 3:16, 17) Ka ntlha ya gore batho ba tla bo ba tlaletswe, ba tla batla botshabelo “mo dikgageng le mo mafikeng a dithaba.” (Tshen. 6:15-17) Le fa go ntse jalo, dikgaga tsa mmatota kgotsa mekgatlho ya dipolotiki le ya kgwebo e e tshwanang le dithaba ga e kitla e ba sireletsa.

16. Re tshwanetse go leba jang phuthego ya Bokeresete, mme ka ntlha yang?

16 Le fa go ntse jalo, batho ba Modimo ba tla tswelela ba na le tshireletsego ya ‘bonno jwa bone jwa mmatota,’ e leng Jehofa Modimo. Fela jaaka moporofeti Habakuke, ba “tla itumela mo go Jehofa.” Ba “tla ipela mo Modimong wa poloko” ya bone. (Hab. 3:18) Jehofa o tla nna jang ‘bonno jwa mmatota’ mo nakong eo ya tlalelo? Re tla tshwanelwa ke go leta gore re bone. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega ka seno: Fela jaaka Baiseraele ka nako ya Khudugo, “boidiidi jo bogolo” bo tla nna bo rulagane, bo ntse bo letetse kaelo ya Modimo. (Tshen. 7:9; bala Ekesodo 13:18.) Gongwe kaelo eo e tla tla ka thulaganyo ya phuthego ya Modimo. Ee ruri, go bonala diphuthego di le diketekete tse di mo lefatsheng lotlhe di golagane le ‘diphaposi tse di kwa teng’ tsa tshireletso tse go boleletsweng pele ka tsone mo go Isaia 26:20. (E bale.) A o anaanela dipokano tsa phuthego? A o nna bonako go reetsa kaelo e Jehofa a re nayang yone a dirisa thulaganyo ya phuthego?—Baheb. 13:17.

17. Ke ka tsela efe Jehofa e leng ‘bonno jwa mmatota,’ tota le mo batlhankeng ba gagwe ba ba suleng ba ikanyega?

17 Tota le ba ba ka swang ba ikanyega pele ga pitlagano e kgolo e simolola, ba nna ba sireletsegile, Jehofa e le ‘bonno jwa bone jwa mmatota.’ Jang? Dingwaga di le dintsi morago ga ditlhogo tsa lotso di sena go swa, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ke nna Modimo wa ga . . . Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe.” (Ekes. 3:6) Fa Jesu a sena go nopola mafoko ano, o ne a re: “Ke Modimo, e seng wa baswi, mme wa batshedi, gonne botlhe ba a tshela mo go ene.” (Luke 20:38) Mo go Jehofa, batlhanka ba gagwe ba ba suleng ba ikanyega ba ntse jaaka e kete ba a tshela; ruri o tla ba tsosa.—Mor. 7:1.

18. Mo lefatsheng le lesha, Jehofa o tla nna jang ‘bonno jwa mmatota’ jwa batho ba gagwe ka tsela e e kgethegileng?

18 Mo lefatsheng le lesha le le gaufi, Jehofa o tla nna ‘bonno jwa mmatota’ jwa batho ba gagwe ka tsela e nngwe gape. Tshenolo 21:3 ya re: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone.” Kwa tshimologong, Jehofa o tla nna le batho ba gagwe ba mo lefatsheng a dirisa Keresete Jesu e le moemedi wa gagwe. Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le sekete, Jesu o tla busetsa Bogosi kwa go Rraagwe, e re ka a tla bo a diragaditse ka botlalo maikaelelo a Modimo ka lefatshe. (1 Bakor. 15:28) Go tswa foo, batho ba ba itekanetseng ga ba kitla ba tlhola ba tlhoka gore Jesu e nne motsereganyi wa bone; Jehofa o tla bo a na le bone. A bo re letetswe ke tsholofelo e e molemo jang ne! Ka jalo, a gone jaanong re lekeng ka natla go etsa dikokomana tsa bogologolo tse di ikanyegang ka go dira gore Jehofa e nne “bonno jwa rona jwa mmatota.”

^ ser. 2 Baebele ya Contemporary English Version e ranotse Pesalema 90:1 jaana: “Morena wa rona, o ntse o le legae la rona mo dikokomaneng tsotlhe.”