DIPOTSO TSE DI TSWANG KWA BABADING
A Baiseraele ba ne ba bolaya dikebekwa ka go di kaletsa mo koteng?
Ditšhaba di le dintsi tsa bogologolo di ne di bolaya dikebekwa dingwe ka go di bapola mo koteng. Baroma ba ne ba bofelela batho kgotsa ba ba kokotela mo koteng, mme ba ne ba tswelela ba tshela malatsi a le mmalwa pele ga ba bolawa ke go utlwa botlhoko, lenyora, tlala kgotsa maemo a bosa. Baroma ba ne ba tsaya go bolaya motho ka go mmapola e le kotlhao e e tlhabisang ditlhong e e neng e newa dikebekwa tsa maemo a a kwa tlase thata.
Go tweng ka setšhaba sa Iseraele sa bogologolo? A Baiseraele ba ne ba bolaya dikebekwa ka go di bapola mo koteng? Molao wa ga Moshe o ne o laela jaana: “Fa go direga gore go nne le boleo mo mothong jo bo tshwanelang kotlhao ya loso, mme a bolailwe, o mo kaleditse mo koteng, setopo sa gagwe se se ka sa nna bosigo jotlhe mo koteng; o mo fitlhe mo go lone letsatsi leo.” (Dute. 21:22, 23) Ka jalo, go bonala sentle gore ka nako ya go kwalwa ga Dikwalo tsa Sehebera, motho yo o neng a tshwanelwa ke go swa o ne a bolawa pele mme a bo a pegiwa mo koteng kgotsa mo setlhareng.
Go dumalana le seo, Lefitiko 20:2 ya re: “Motho ope wa bomorwa Iseraele, le moagi ope wa moeng yo o agileng mo Iseraele e le moeng, yo o nayang Moleke bana bape ba gagwe, ruri a bolawe. Batho ba lefatshe leo ba mo kgobotletse go fitlha a swa.” Batho bape fela ba ba neng ba na le “moya o o buang le meya mo go [bone] kgotsa moya o o bolelelang pele,” le bone ba ne ba tshwanetse go bolawa. Jang? Ka go ba ‘kgobotletsa ka maje.’—Lefi. 20:27.
Re bala jaana mo go Duteronome 22:23, 24: “Fa go direga gore go bo go na le mosetsana wa kgarebane yo o beeleditsweng ke monna, mme monna mongwe a bo a mo fitlhetse mo motseng a bo a lala le ene, lo ba ntshetse kwa ntle kwa kgorong ya motse oo boobabedi lo ba kgobotletse ka maje, mme ba swe, mosetsana ka lebaka la gore o ne a se ka a goa mo motseng, le monna ka lebaka la gore o tlontlolotse mosadi wa mongwe ka ene. Ka jalo o tlose se se bosula mo gare ga gago.” Ka jalo, mo Baiseraeleng ba bogologolo, mokgwa o gantsi o neng o dirisiwa go bolaya motho yo o dirileng tiro nngwe e e bosula, e ne e le wa go mo kgobotletsa ka maje. *
Go bonala sentle gore ka nako ya go kwalwa ga Dikwalo tsa Sehebera, motho yo o neng a tshwanelwa ke go swa o ne a bolawa pele mme a bo a pegiwa mo koteng kgotsa mo setlhareng
Duteronome 21:23 ya re, “yo o kaleditsweng ke yo o hutsitsweng ke Modimo.” Go pega setopo sa motho yo o dirileng dilo tse di bosula, yo o “hutsitsweng ke Modimo” mo koteng gore se bonwe ke batho, e ne e tla nna tlhagiso mo Baiseraeleng ba bangwe.
^ ser. 6 Bakanoki ba le bantsi ba dumalana gore go ya ka Molao wa ga Moshe, sekebekwa se ne se bolawa pele ga mmele wa sone o ka kalediwa mo koteng. Le fa go ntse jalo, go na le bosupi jwa gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda ba ne ba bapola dikebekwa dingwe di ntse di tshela, mme di bo di swela mo koteng.