Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata kwa Philippines

Ba Ithaopile ka go Rata kwa Philippines

MO E ka nnang dingwaga di le lesome tse di fetileng, Gregorio le Marilou, banyalani ba ba leng mo dingwageng tsa bo30, e ne e le babulatsela kwa Manila, mme e bile gape ba dira tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng. E ne e le kgwetlho mo go bone, le fa go ntse jalo, ba ne ba kgona go lebana le yone. Morago ga foo, Marilou o ne a tlhatlosiwa go nna manejara kwa bankeng e a neng a bereka kwa go yone. A re: “E re ka re ne re duelwa madi a mantsi, re ne re kgona go tshela botshelo jwa manobonobo.” Tota e bile, e re ka ba ne ba amogela madi a mantsi, ba ne ba dira tshwetso ya gore ba age ntlo ya ditoro tsa bone mo lefelong le lentle le le neng le le dikilometara di ka nna 19 kwa botlhaba jwa Manila. Ba ne ba hira konteraka ya go aga ba bo ba dira dithulaganyo tsa gore ba duele ntlo kgwedi le kgwedi mo lobakeng lwa dingwaga di le lesome.

“KE NE KE IKUTLWA E KETE KE TSIETSA JEHOFA”

Marilou a re: “Tiro ya me e ntšha e ne e ntseela nako e ntsi e bile e dira gore ke ikutlwe ke lapile, mo e leng gore tsela e ke neng ke tlhoafaletse dilo tsa semoya ka yone e ne ya fokotsega. Ke ne ke ikutlwa e kete ke tsietsa Jehofa.” O tlhalosa jaana: “Ke ne ke sa tlhole ke kgona go naya Jehofa nako e ke neng ke tshwanetse go e dirisa mo tirelong ya gagwe.” E re ka seno se ne se sa itumedise Gregorio le Marilou, letsatsi lengwe ba ne ba ipha nako ya go tlotla ka tsela e ba neng ba dirisa matshelo a bone ka yone. Gregorio a re: “Re ne re batla go fetola matshelo  a rona mme gone, re ne re sa itse gore ke eng se tota re tshwanetseng go se dira. Re ne ra tlotla kafa re ka dirisang matshelo a rona ka botlalo ka gone mo tirelong ya ga Jehofa, e re ka re ne re se na bana. Re ne ra kopa Jehofa gore a re kaele.”

Ka nako eo, ba ne ba utlwa dipuo di le mmalwa tse di neng di bua ka go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone. Gregorio a re: “Re ne ra lemoga gore Jehofa o dirisa dipuo tseno go araba dithapelo tsa rona.” Banyalani bano ba ne ba rapela Jehofa gore ba nne le tumelo e e nonofileng gore ba nne le bopelokgale jwa go dira ditshwetso tse di siameng. Kgwetlho nngwe e kgolo e ba neng ba lebane le yone e ne e le porojeke ya bone e e neng e tsweletse ya go aga ntlo. Ba ne ba setse ba na le dingwaga di le tharo ba duela ntlo eo. Ba ne ba tla dira eng? Marilou a re: “Go emisa porojeke eo, go ne go raya gore, re tla latlhegelwa ke madi otlhe a re neng re setse re a duetse—madi a mantsi tota. Le fa go ntse jalo, re ne ra leba seno e le tshono ya go dira tshwetso ya gore a re tla baya thato ya ga Jehofa kwa pele, kgotsa re tla dira gore se re se eletsang e nne sone se tlang pele.” Go akanya ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a reng, “ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo,” go ne ga dira gore ba emise porojeke ya go aga, ba tlogele tiro, ba rekise bontsi jwa dithoto tsa bone mme ba fudugele kwa motseng o o kgakala o o mo setlhaketlhakeng sa Palawan, o o ka nnang dikilometara di le 480 kwa borwa jwa Manila.—Bafil. 3:8.

BA NE BA “ITHUTA SEPHIRI”

Pele ga Gregorio le Marilou ba fudugela koo, ba ile ba leka go ithuta go tshela botshelo jo bo sa raraanang, le fa go ntse jalo, ba ne ba sa itse gore botshelo jwa bone e tla nna jwa maemo a a kwa tlase go le kana kang, go fitlha ba goroga kwa lefelong le ba neng ba ya kwa go lone. Marilou a re: “Re ne re gakgametse tota. Go ne go se na motlakase, e bile go ne go se na dilo tse di neng di dira gore botshelo bo nne motlhofo. Go na le gore re dirise ketlele ya motlakase, re ne re tshwanelwa ke go rema dikgong re bo re baya metsi mo molelong. Ke ne ke tlhologelelwa go ya mmolong, go intsha gore re ye go ja, le dilo tse dingwe tse di leng teng mo toropong.” Le fa go ntse jalo, banyalani bano ba ne ba nna ba ikgopotsa lebaka la go bo ba fudugetse koo, mme go ise go ye kae ba ne ba kgona go tlwaela maemo ao. Marilou a re: “Gone jaanong ke itumelela go bona bontle jwa tlhago, go akaretsa le dinaledi tse di phatsimang bosigo. Segolobogolo go a itumedisa go bona difatlhego tse di itumetseng tsa batho ba re ba rerelang. Go direla mono go re thusitse gore re ‘ithute sephiri’ sa go kgotsofalela se re nang le sone.”—Bafil. 4:12.

“Ga go na sepe se se ka bapisiwang le boitumelo jo re nnang le jone fa re bona kafa phuthego eno e golang ka teng. Re lemoga gore botshelo jwa rona bo na le bokao go feta le fa e le leng pele.”—Gregorio le Marilou

Gregorio a re: “Fa re goroga mono, go ne go na le Basupi ba le banè fela. Ba ne ba itumetse tota fa ke ne ke simolola go neela puo ya phatlalatsa beke nngwe le nngwe, mme ke ne ke tshameka katara go tsamaisana le dipina tsa Bogosi fa re ntse re opela.” Mo lobakeng lwa ngwaga fela, banyalani bao ba ne ba bona fa setlhopha seo se sennye se ne se gola go nna phuthego e e nang le baboledi ba le 24. Gregorio a re: “Lorato lo phuthego eno e re bontshang lone, lo re itumedisa tota.” Gompieno fa ba akanya ka dingwaga di le thataro tse ba di feditseng ba le kwa lefelong leo le le kgakala, ba re: “Ga go na sepe se se ka bapisiwang le boitumelo jo re nnang le jone fa re bona kafa phuthego eno e golang ka teng. Re lemoga  gore botshelo jwa rona bo na le bokao go feta le fa e le leng pele.”

“KE NE KA ‘LEKA MME KA BONA GORE JEHOFA O MOLEMO’!”

Kwa Philippines, mo e ka nnang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 3 000, ba fudugetse kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone. Ba le 500 ba bone ke bokgaitsadi ba ba sa nyalwang. Ka sekai, akanya ka Karen.

Karen

Karen yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo20, o goletse mo toropong ya Baggao kwa Cagayan. Fa a sa ntse a le mo dingwageng tsa bolesome, gantsi o ne a akanya kafa a ka oketsang bodiredi jwa gagwe ka gone. A re: “E re ka ke ne ke itse gore nako e e setseng e khutshwafetse, le gore batho ba mefuta yotlhe ba tshwanetse go utlwa molaetsa wa Bogosi, ke ne ke batla go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi gone.” O ne a rapela Jehofa gore a mo kaele le fa bangwe ba losika ba ne ba mo kgothaletsa gore a nne le thuto ya ditheo tse di kwa godimo, go na le gore a fudugele kwa lefelong le le kgakala go ya go rera. Gape o ne a buisana le ba ba neng ba direla kwa mafelong a a kgakala le toropo. Fa a ne a na le dingwaga di le 18, o ne a fudugela kwa kgaolong e e kwa kgakala e e neng e ka nna dikilometara di le 64 go tswa kwa lefelong la bone.

Phuthego e nnye e Karen a neng a le mo go yone, e rera mo karolong e e mo dithabeng go bapa le Lotshitshi lwa Pacific. Karen o gakologelwa jaana: “Gore re kgone go fitlha kwa phuthegong e ntšha go tswa kwa Baggao, re ne re tsamaya malatsi a le mararo re tlhatloga le go fologa dithaba, e bile re kgabaganya dinoka makgetlo a a fetang 30.” Gape a re: “Gore ke fitlhelele batho ba ke neng ke ithuta Baebele le bone, ke ne ke tsamaya diura di le thataro, ke bo ke robala mo ntlong ya motho yo ke ithutang le ene mme mo letsatsing le le latelang ke bo ke tsamaya gape diura di le thataro go boela gae.” A mme gone go tlhokega gore motho a tseye matsapa ao? Karen o bua jaana a nyenya, “Ka dinako dingwe maoto a me a nna botlhoko, le fa go ntse jalo, ke setse ke ithutile Baebele le batho ba ka nna 18. ‘Ke ne ka leka mme ka bona gore Jehofa o molemo’!”—Pes. 34:8.

“KE NE KA ITHUTA GO IKAEGA KA JEHOFA”

Sukhi

Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Sukhi, kgaitsadi yo o sa nyalwang wa kwa United States yo o mo masimologong a dingwaga tsa bo40 gore a fudugele kwa Philippines? Ka 2011, o ne a nna gone mo kopanong ya potologo mo go neng go botsolodiwa banyalani bangwe. Ba ne ba tlhalosa gore ba ile ba rekisa dithoto tsa bone gore ba fudugele kwa Mexico go ya go thusa ka tiro ya go rera gone. Sukhi a re: “Potsolotso eo e ne ya dira gore ke simolole go akanya ka mekgele e ke neng ke ise ke akanye ka yone.” Fa Sukhi, yo e leng Moindia, a utlwa gore go tlhokega thata batho ba ba ka kgonang go rerela Ba-Punjabi ba ba nnang kwa Philippines, o ne a dira tshwetso ya go ya go thusa koo. A o ne a lebana le dikgwetlho?

Sukhi a re: “Go dira tshwetso ya gore ke dilo dife tse ke sa tshwanelang go di rekisa le tse ke tshwanetseng go di rekisa, e ne e le kgwetlho e kgolo go feta kafa ke neng ke lebeletse ka gone. Gape ke ne ka tshwanelwa ke go nna le mongwe wa losika ka nakwana morago ga go nna monate mo foleteng ya me dingwaga di le 13. Go ne go se  motlhofo, mme gone, eno e ne e le tsela e e molemo ya go ipaakanyetsa go tshela botshelo jo bo sa raraanang.” Sukhi o ne a lebana le dikgwetlho dife morago ga go fudugela kwa Philippines? A re: “Dikgwetlho tse dikgolo tse ke neng ke lebane le tsone e ne e le go tshaba ditshenekegi le go tlhologelelwa gae. Ke ne ka ithuta go ikaega ka Jehofa go feta le fa e le leng pele!” A mme seno se ne sa mo solegela molemo? Sukhi o bua jaana a nyenya: “Jehofa o re bolelela jaana, ‘Ntekang gore a ga nkitla ke lo tshololela lesego.’ Gone jaanong ke lemoga kafa mafoko ao a leng boammaaruri ka gone fa mong wa ntlo a mpotsa jaana, ‘O tla boa leng gape? Ke na le dipotso tse dintsi thata.’ Ke itumela tota e bile ke a kgotsofala fa ke kgona go thusa batho ba ba tshwerweng ke tlala ya semoya!” (Mal. 3:10) Gape Sukhi a re: “Selo se se thata le go feta, e ne e le go dira tshwetso ya go fuduga. Morago ga go dira tshwetso eo, go ne go gakgamatsa go bona kafa Jehofa a neng a ntlhokomela ka gone.”

“KE ILE KA FENYA POIFO”

Sime, mokaulengwe yo o nyetseng yo o mo dingwageng tsa bo30, o ne a tswa kwa Philippines go ya go dira tiro e e duelang sentle kwa nageng nngwe e e kwa Botlhabagare. Fa a le koo, kgothatso e a neng a e newa ke molebedi wa potologo le puo e e neng ya neelwa ke leloko la Setlhopha se se Laolang, e ne ya mo tlhotlheletsa gore a dire gore Jehofa a tle pele mo botshelong jwa gagwe. Sime a re: “Le fa go ntse jalo, kgang ya go tlogela tiro e ne e ntshosa tota.” Mme gone, o ne a tlogela tiro mme a boela kwa Philippines. Gompieno Sime le mosadi wa gagwe e bong Haidee ba direla kwa Davao del Sur, e leng karolo e e kwa borwa jwa naga, kwa go nang le tlhokego ya baboledi ba Bogosi gone. Sime a re: “Fa ke akanya ka dilo tse di ntiragaletseng, ke leboga thata go bo ke ile ka fenya poifo ya go latlhegelwa ke tiro, le gore ke ile ka dira gore Jehofa a tle pele mo botshelong jwa me. Ga go sepe se se kgotsofatsang mo botshelong go gaisa go direla Jehofa ka natla go ya kafa o ka kgonang ka gone!”

Sime le Haidee

“SENO SE RE KGOTSOFATSA FELA THATA!”

Fa Ramilo le Juliet ba e leng banyalani ba babulatsela ba ba mo dingwageng tsa bo30, ba ne ba utlwa gore phuthego e e neng e le dikilometara di le 30 fela go tswa kwa ba neng ba nna gone e tlhoka thuso, ba ne ba ithaopela go ya go e thusa. Ka jalo, beke nngwe le nngwe, go sa kgathalesege gore maemo a bosa a ne a ntse jang, ba ne ba tsaya loeto lo loleele ka sethuthuthu gore ba nne gone kwa dipokanong le go nna le seabe mo tirong ya go rera. Le fa gone ba ne ba tsamaya mo tseleng e e sa siamang le go dirisa maborogo a a akgegang, ba itumelela gore ba kgona go atolosa bodiredi jwa bone. Ramilo a re: “Nna le mosadi wa me re tshwara dithuto tsa Baebele di le 11! Go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi gone, go tlhoka gore motho a intshe setlhabelo, le fa go ntse jalo, seno se re kgotsofatsa fela thata!”—1 Bakor. 15:58.

Juliet le Ramilo

A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone, e ka tswa e le mo nageng ya lona kgotsa kwa nageng e sele? Fa go le jalo, bua le molebedi wa lona wa potologo, o bo o bala setlhogo seno se se reng: “A o Ka Kgona ‘go ya Kwa Makedonia’?” se se leng mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 2011.