Letla Jehofa Gore a Nonotshe le go Sireletsa Lenyalo la Gago
“Fa Jehofa a sa dise motse, Modisa o nna a tsogetse lefela.” —PES. 127:1b.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba le 24 000 ba ile ba latlhegelwa ke ditshegofatso tse di molemo? (b) Ke ka ntlha yang fa tiragalo eo e le botlhokwa mo go rona?
PELENYANA fela ga gore setšhaba sa Iseraele se tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, banna ba le dikete di le masomesome ba ne ba nna le “kamano ya boitsholo jo bo maswe le bomorwadia Moabe.” Ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a bolaya batho ba le 24 000. Akanya fela—Baiseraele ba ne ba le gaufi thata le go bona boswa jo ba sa bolong go bo letela mme gone ga ba a ka ba bona masego ao a a itumedisang ka gonne ba ile ba ineela fa ba raelwa.—Dipa. 25:1-5, 9.
2 Sekao seo sa bone se se neng sa felela ka masetlapelo, se ne sa kwalwa “gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.” (1 Bakor. 10:6-11) Jaanong mo ‘metlheng eno ya bofelo’ batlhanka ba Modimo ba gaufi thata le go tsena mo lefatsheng le lesha la tshiamo. (2 Tim. 3:1; 2 Pet. 3:13) Ka maswabi, baobamedi bangwe ba ga Jehofa ga ba a ka ba nna ba ntshitse matlho dinameng. Ba ile ba gogelwa mo boitsholong jo bo sa siamang mme ba roba diphelelo tse di botlhoko ka ntlha ya boitsholo joo. Batho bano ba mo kotsing ya go latlhegelwa ke ditshegofatso tsa botshelo jo bo sa khutleng.
3. Ke ka ntlha yang fa banyalani ba tlhoka kaelo le tshireletsego ya ga Jehofa? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)
Pesalema 127:1.) Re tla sekaseka kafa banyalani ba ka nonotshang lenyalo la bone ka gone ka go sireletsa dipelo tsa bone, ka go atamalana gaufi le Modimo, ka go apara botho jo bosha, ka go nna le puisano e e molemo le ka go abelana ditshwanelo tsa lenyalo.
3 E re ka gompieno boitsholo jo bo sa siamang bo tletse gotlhe fela, banna le basadi ba tlhoka go latela kaelo le tshireletsego ya ga Jehofa gore maiteko a bone a go sireletsa manyalo a bone a se ka a nna a lefela. (BalaSIRELETSA PELO YA GAGO
4. Ke eng se se dirileng gore Bakeresete bangwe ba wele mo boleong?
4 Go tla jang gore Mokeresete a feleletse a wetse mo boitsholong jo bo sa siamang? Gantsi tsela e e isang kwa boitsholong jo bo sa siamang e e felelang ka masetlapelo e simolola ka go leba. Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Math. 5:27, 28; 2 Pet. 2:14) Bakeresete ba le bantsi ba ba ileng ba feleletsa ba wetse mo boitsholong jo bo sa siamang, ba ile ba simolola ka go lebelela tshedimosetso e e tsosang keletso ya thobalano, ka go bala dimakasine tse di buang ka thobalano kgotsa ka go leba tshedimosetso e e buang ka thobalano mo Internet. Bangwe ba ile ba itetlelela go itlosa bodutu ka go lebelela difilimi tsa thobalano, diterama tsa thobalano tse di diragadiwang mo seraleng kgotsa mananeo a thelebishene a a tlhagisang thobalano. Bangwe ba ile ba etela di-nightclub le di-strip kgotsa ba ile ba ya kwa mafelong a go sidilwang mmele kwa go one ka boikaelelo jwa go tsosa keletso ya thobalano.
5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dibela dipelo tsa rona?
5 Bangwe ba wetse mo thaelong ka gonne ba ile ba batla go kgatlhegelwa ke batho ba e seng balekane ba bone ba lenyalo. Mo lefatsheng leno le le se nang boikgapo le mo go lone mofuta ope fela wa boitsholo jo bo sa siamang o amogelesegang, go motlhofo thata gore pelo e e boferefere le e e gagamalelang se e se batlang e simolole go nna le maikutlo a lorato mo mothong yo e seng molekane wa rona wa lenyalo. (Bala Jeremia 17:9, 10.) Jesu o ne a re: “Mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo, dipolao, maakafalo, dikgokafalo.”—Math. 15:19.
6, 7. (a) Pelo e e boferefere e ka dira gore motho a wele mo tseleng efe ya boleo? (b) Motho a ka tila jang go wela mo boitsholong jo bo sa siamang?
6 Fa dikeletso tse di sa siamang di setse di tsene mo dipelong tse di boferefere tsa batho ba babedi ba ba kgatlhegelanang, seno se ka nna sa dira gore ba iphitlhele ba tlotla ka dilo tse ba tshwanetseng go di tlotla fela le balekane ba bone ba lenyalo. Go ise go ye kae, ba nna ba batlana le ditsela tsa go kopana mme go kopana goo go go ka tswang go lebega e se ga sepe, jaanong e nna selo se se diregang kgapetsakgapetsa. Fa maikutlo a lorato a ntse a ya magoletsa, dibetsa tsa bone tsa semoya di a koafala. Fa ba ntse ba tsenelela mo tseleng eno ya boleo, go nna thata gore ba tswe mo go yone, tota le fa ba itse gore se ba se dirang se phoso.—Dia. 7:21, 22.
7 Dibetsa tsa bone tsa semoya di nna di koafala fa dikeletso tse di sa siamang le dilo tse ba di buang di dira gore ba feleletse ba tshwarana ka diatla, ba atlana, ba phoraphorana, ba tshwaratshwarana ka tsela e e tsosang keletso ya thobalano le ka ditsela tse dingwe tse di bontshang lorato, mme dilo tseno tsotlhe di tshwanetse go dirwa fela le molekane wa lenyalo. Kgabagare ba ‘lekwa ka go gogelwa ba bo ba hepisiwa [“ba tshwarwa ka serai,” ntlha e e kwa tlase mo NW] ke keletso ya bone.’ Fa keletso e sena go emera, e “tshola boleo”—mo ntlheng eno ba feleletsa ba wetse mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Jak. 1:14, 15) A masetlapelo ruri! Seno se ka bo se ile sa tilwa fa fela bobedi joo bo ka bo bo ile jwa letla Jehofa gore a nonotshe tsela e ba tlotlang boitshepo jwa lenyalo ka yone. Mme gone, ba ka dira seo jang?
NNA O ATAMALANE GAUFI LE MODIMO
8. Go nna tsala le Jehofa go re sireletsa jang mo boitsholong?
8 Bala Pesalema 97:10. Go nna tsala le Jehofa go botlhokwa thata gore motho a sireletsege mo boitsholong. Fa re ntse re ithuta ka dinonofo tse di rategang tsa Modimo e bile re leka ka natla go ‘nna baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, re bo re tswelela re tsamaya mo loratong,’ re tla kgona go nonofa mme re gane “kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe.” (Baef. 5:1-4) Fa banyalani ba itse gore “Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi,” ba leka ka natla go dira gore lenyalo la bone e nne le le tlotlegang e bile le sa leswafala.—Baheb. 13:4.
9. (a) Josefa o ne a tila jang thaelo ya go dira boitsholo jo bo sa siamang? (b) Re ka ithuta dithuto dife mo sekaong sa ga Josefa?
9 Batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ile ba ikoafatsa mo boitsholong ka go tsalana le badirimmogo le bone ba e seng Basupi morago ga tiro. Tota le ka nako ya tiro, dithaelo di ka nna gone. Lekawana lengwe la maratagolejwa e bong Josefa o ne a lemoga fa a ne a le kwa tirong gore mosadi wa mothapi wa gagwe o mo kgatlhegela fela thata. Mosadi yoo o ne a leka go mo hepisa letsatsi le letsatsi. Kgabagare “a mo phamola ka seaparo sa gagwe, a re: ‘Lala le nna!’” Mme Josefa o ne a kgona go tshaba. Ke eng se se thusitseng Josefa gore dibetsa tsa gagwe tsa semoya di nne di nonofile le fa a ne a le mo maemong ao a a raelang? O ne a ititeile sehuba gore a se ka a senya kamano ya gagwe le Modimo mme a nne a itshekile e bile a ikanyega. Ka ntlha ya maikemisetso ao a gagwe, o ne a latlhegelwa ke tiro e bile a isiwa kgolegelong go sa tshwanela mme Jehofa o ne a mo segofatsa. (Gen. 39:1-12; 41:38-43) Le fa Bakeresete ba ka tswa ba le kwa tirong kgotsa ba le mo lefelong le ba leng bosi fela le mongwe yo e seng molekane wa bone wa lenyalo, ba tshwanetse go tila go ipaya mo maemong ao a a raelang.
APARANG BOTHO JO BOSHA
10. Go apara botho jo bosha go tla re sireletsa jang mo boitsholong?
10 E re ka botho jo bosha bo “bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi,” ke karolo e e botlhokwa thata e e dirang gore banyalani ba nne ba nonofile semoyeng. (Baef. 4:24) Ba ba aparang botho jono jo bosha ba ‘bolaya’ dikeletso tse di jaaka “kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko le keletso ya bopelotshetlha.” (Bala Bakolosa 3:5, 6.) Lefoko le le reng “bolayang” le kaya gore re tshwanetse go leka ka natla gore re lwantshane le dikeletso tsa rona tse di sa siamang. Re tla tila sengwe le sengwe fela se se ka tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le mongwe yo e seng molekane wa rona wa lenyalo. (Jobe 31:1) Fa re ntse re tshela go dumalana le thato ya Modimo, re ithuta go ‘tlhoa se se boikepo’ mme re ‘ngaparele se se molemo.’—Bar. 12:2, 9.
11. Botho jo bosha bo ka nonotsha lenyalo jang?
11 Botho jo bosha bo senola “setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa,” e leng Jehofa. (Bakol. 3:10) Ruri banna le basadi ba tla segofala fa ba nna ba le phepa mo boitsholong ka go apara “bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele”! (Bakol. 3:12) Gape ba itumelela go dirisana sentle mmogo mo lenyalong la bone fa ba letla gore “kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa [bone].” (Bakol. 3:15) A bo banyalani ba tla solegelwa molemo jang ne fa ba bontshana “lorato lwa bopelonomi”! Ba itumelela go ‘etelela pele’ mo go “bontshaneng tlotlo.”—Bar. 12:10.
12. Ke dinonofo dife tse o di tsayang di le botlhokwa mo lenyalong?
12 Fa Sid a bodiwa gore ke dinonofo dife tse di dirang gore lenyalo le itumele, o ne a re: “Lorato
ke nonofo ya konokono e re sa bolong go leka go nna le yone. E bile gape re lemogile gore go nna bonolo go botlhokwa fela thata.” Mogatse e bong Sonja o dumalana le ene mme o oketsa ka go re: “Ruri bopelonomi ke nonofo e e botlhokwa thata. E bile gape re lekile go nna boikokobetso, le fa ka dinako dingwe go se motlhofo go dira jalo.”TSWELELANG LO BUISANA KA TSELA E E MOLEMO
13. Ke eng se se tla nonotshang lenyalo mme ka ntlha yang?
13 Ga go pelaelo gore puo ya bopelontle ke nngwe ya dilo tsa botlhokwa thata tse di dirang gore lenyalo le nonofe. A bo go utlwisa botlhoko jang ne go bona banyalani ba bua sentle le batho ba ba sa ba itseng kgotsa le diphologolo tse ba nnang le tsone mme bone ka bobone ba sa bontshane tlotlo fa ba buisana! Fa banyalani ba phatloga ka “kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba,” ba senya dibetsa tsa semoya tse di ka sireletsang lenyalo la bone. (Baef. 4:31) Go na le gore banyalani ba tsenye lenyalo la bone mo kotsing ka go nna ba kgobana kgotsa ba sotlana mo go botlhoko, ba tshwanetse go nonotsha kamano ya bone ka go bua mafoko a bopelonomi, a a bonolo le a a bontshang kutlwelobotlhoko.—Baef. 4:32.
14. Ke dilo dife tse go tla bong go le botlhale gore re di tile?
14 Baebele ya re go na le “nako ya go didimala.” (Mor. 3:7) Seno ga se reye gore lo tshwanetse go didimala lo sa buisane ka gonne seo se tla dira gore lo se ka lwa buisana fa go tlhokega. Mosadi mongwe wa kwa Jeremane a re: “Fa lo didimetse jalo lo sa buisane seo se ka nna sa utlwisa molekane yo mongwe botlhoko.” Le fa go ntse jalo, o oketsa ka go re: “Tota le fa ka dinako dingwe go se motlhofo go nna o ritibetse mo maikutlong le fa o ngomogile pelo, ga go a siama go phatloga ka bogale. Ka gonne o ka feleletsa o bua kgotsa o dira sengwe se se ka utlwisang molekane wa gago wa lenyalo botlhoko e bile seo se tla gakatsa dilo.” Fa nako e ntse e ya, monna le mosadi ba ka se rarabolole mathata a bone ka go goa kgotsa ka go gana go buisana. Go na le moo, ba nonotsha lenyalo la bone ka go se dire gore dikomano e nne seomodiro kgotsa gore di feleletse di nnile dingangisano tse di sa feleng.
15. Puisano e e molemo e ka nonotsha lenyalo jang?
Bakolosa 4:6.) Monna le mosadi ba ka dira gore lenyalo la bone le nonofe fa ba nna le puisano e e molemo ka go bua ‘lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore ba abelane se se rategang.’—Baef. 4:29.
15 Lenyalo le a nonofa fa banyalani ba ipha nako ya go ntsha maikutlo a bone le go bua se ba se akanyang. Go botlhokwa thata go ela tlhoko gore re bua jang le gore re bua eng. Ka jalo, tota le mo maemong a a thata, lwela go bua ka tsela e e bontshang bopelontle mme seo se tla utlwala mo segalong sa lentswe la gago le mo mafokong a o tlhophang go a dirisa. Fa o dira jalo, go tla nna motlhofo gore molekane wa gago a go reetse. (BalaABELANANG TSHWANELO YA LENYALO
16, 17. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore banyalani ba akanyetsane fa go tliwa mo kgannyeng ya tlhakanelodikobo le kafa yo mongwe a ikutlwang ka gone?
16 Gape banyalani ba ka nonotsha lenyalo la bone fa ba baya dikgatlhego tsa molekane yo mongwe kwa pele ga tsa bone. (Bafil. 2:3, 4) Banna le basadi ba tshwanetse go amega ka maikutlo a balekane ba bone le go abelana tshwanelo ya lenyalo.—Bala 1 Bakorintha 7:3, 4.
17 Ka maswabi, banyalani bangwe ga ba bontshane lorato kgotsa ba timana tlhakanelodikobo, mme banna bangwe ba tsaya go bontsha lorato e le selo se se dirwang fela ke basadi. Baebele ya re: “Lona banna ba ba nyetseng lo tshwanetse go leka go tlhaloganya basadi ba lo nnang le bone.” (1 Pet. 3:7, Phillips) Monna o tshwanetse go tlhaloganya gore tshwanelo ya lenyalo ga e akaretse fela go tlhakanela dikobo. Mosadi a ka itumelela tlhakanelodikobo fa monna wa gagwe a mmontsha gore o a mo rata e bile o amega ka ene e seng fela ka nako ya thobalano mme ka dinako tsotlhe. Fa boobabedi ba akanyetsana e bile ba ratana, ba tla kgotsofatsana mo maikutlong e bile ba tla itumelela tlhakanelodikobo.
18. Banna le basadi ba ka nonotsha jang manyalo a bone?
18 Le fa go se na seipato sa gore motho a dire boaka, fa molekane yo mongwe a sa bontshiwe lorato a ka nna a feleletsa a ile go lo batla kwa mothong mongwe o sele. (Dia. 5:18; Mor. 9:9) Ke gone ka moo Baebele e kgothatsang banyalani jaana: “Lo se ka lwa amogana [tshwanelo ya lenyalo], fa e se ka go dumalana ka nako e e tlhomilweng.” Ka ntlha yang? “Gore Satane a tle a se ka a nna a lo raela ka ntlha ya go sa kgone go laola mebele ya lona.” (1 Bakor. 7:5) A bo go nna le masetlapelo a magolo ja ne fa banyalani ba letlelela Satane gore a dirise “go sa kgone go laola mebele” ga bone mme a raele mongwe wa bone gore a feleletse a wetse mo thaelong le go dira boaka! Boammaaruri ke gore fa molekane mongwe le mongwe a batla “e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe,” e bile ba abelana tshwanelo ya lenyalo e le tsela ya go bontsha lorato mme ba sa dire jalo ka gonne ba patelesega, lenyalo la bone le a nonofa e bile bone ka bobone ba atamalana thata.—1 Bakor. 10:24.
TSWELELANG LO SIRELETSA MANYALO A LONA
19. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng mme ka ntlha yang?
19 Re gaufi le go tsena mo lefatsheng le lesha la tshiamo. Ke ka moo go ineelela dikeletso tsa nama go leng kotsi thata fela jaaka go ne go ntse ka Baiseraele ba le 24 000 ba ba neng ba le kwa Dipoeng tsa Moabe. Fa Lefoko la Modimo le sena go tlhalosa tiragalo eo e e tlhabisang ditlhong le e e utlwisang botlhoko, le re tlhagisa jaana: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.” (1 Bakor. 10:12) Ka jalo, go botlhokwa thata gore re nonotshe manyalo a rona ka go tswelela re ikanyega mo go Rraarona yo o kwa legodimong le mo balekaneng ba rona. (Math. 19:5, 6) Go feta le fa e le leng pele, re tshwanetse go ‘dira bojotlhe jwa rona gore kwa bofelong re fitlhelwe re se na selabe re se na molato e bile re le mo kagisong.’—2 Pet. 3:13, 14.