Ka Bogosi Jwa Modimo
Se re Ithutang Sone mo go Jesu
Ka Bogosi Jwa Modimo
Bogosi jwa Modimo ke eng?
Bogosi jwa Modimo ke puso e e tla busang lefatshe lotlhe. Jesu o ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: . . . ‘A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’”—Mathaio 6:9, 10; Daniele 2:44.
Ke bomang ba ba tla busang mo Bogosing jwa Modimo?
Jesu o ne a tsholetswe go nna Mmusi wa Bogosi jwa Modimo. Moengele o ne a raya mmaagwe Jesu a re: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa . . . e le kgosi.” (Luke 1:30-33) Gape Jesu o ne a tlhopha bangwe ba balatedi ba gagwe gore ba buse le ene. O ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi.” (Luke 22:28, 29; Daniele 7:27) Balatedi ba ga Jesu ba ka nna 144 000 ba tla busa mmogo le ene.—Tshenolo 5:9, 10; 14:1.
Puso eo e tla busa e le kwa kae?
Bogosi jwa Modimo bo tla busa go tswa kwa legodimong. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa ke tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo [kwa legodimong], ke tla gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo nne gone. . . . Ke a tsamaya ke ya kwa go Rara.”—Johane 14:2, 3, 12; Daniele 7:13, 14.
Bogosi jwa Modimo bo tla dira eng ka boikepo?
Jesu o tla tlosa batho botlhe ba ba bosula mo lefatsheng. O ne a re: “Fa Morwa motho [Jesu] a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe Mathaio 25:31-34, 46.
sa bogosi se se galalelang. Mme ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe . . . Mme bano [baikepi] ba tla ya kwa go kgaolweng ga bosakhutleng, mme basiami kwa botshelong jo bo sa khutleng.”—Ke bomang ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba busiwa ke Bogosi jono?
Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5; Pesalema 37:29; 72:8) Lefatshe le tla bo le tletse ka batho ba le gone jaanong ba ntseng ba ithuta go ratana. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:34, 35.
Bogosi jwa Modimo bo tla direla batho ba ba mo lefatsheng eng?
Jesu o tla fodisa batho. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bua le boidiidi “ka ga bogosi jwa Modimo, mme a fodisa ba ba tlhokang kalafi.” (Luke 9:11) Fa moaposetoloi Johane a sena go bona mo ponatshegelong Jesu yo o tsositsweng, o ne a re: “Ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha . . . Ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo.’”—Tshenolo 21:1-4.
Bogosi jwa Modimo bo tla dira lefatshe Paradaise gape. Modirabosula yo o neng a bolawa le Jesu o ne a re: “Jesu, o nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Mme Jesu o ne a mo raya a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:42, 43; Isaia 11:4-9.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? *
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 16 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.