Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Humanega go Kaya Gore Modimo Ga a Go Amogele?

A go Humanega go Kaya Gore Modimo Ga a Go Amogele?

A go Humanega go Kaya Gore Modimo Ga a Go Amogele?

MODIMO o ne a raya Baiseraele ba bogologolo jaana: “Ope a se ka a humanega mo go lona.” Seno ke ka gonne mo Molaong o a neng a ba neile one go ne go na le ditaelo tsa kafa ba neng ba tshwanetse go tshwara bahumanegi ka gone le go ikgolola mo dikolotong. (Duteronome 15:1-4, 7-10) Ka jalo, go ne go sa tshwanela go nna le motho yo o humanegileng mo Baiseraeleng ka gonne Jehofa o ne a solofeditse gore o tla ba segofatsa. Le fa go ntse jalo, gore a ba segofatse ba ne ba tshwanetse go ikobela Molao wa gagwe, o ba neng ba palelwa ke go o ikobela.

Mme gone seno se ne se sa reye gore batho ba ba neng ba na le dilo tse dinnye tse di bonalang ba ne ba sa amogelwe ke Modimo le gore o ne a amogela ba ba neng ba na le dilo tse dintsi. Bontsi jwa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba humanegile. Moporofeti Amose e ne e le motlhokomedi yo o humanegileng wa dinku e bile a bereka mo tshimong ka dipaka tse di rileng. (Amose 1:1; 7:14) Fa go ne go le leuba kwa Iseraele mo malatsing a moporofeti Elija, moporofeti yono o ne a tshwanelwa ke go ikaega ka motlholagadi yo o humanegileng gore a mo tlamele ka dijo, yo bupi jwa gagwe jo bonnye le leokwane di neng tsa okediwa ka tsela ya kgakgamatso ka nako eo. Jehofa ga a ka a humisa Elija le motlholagadi yoo; mme o ne a ba tlamela ka dilo tse ba neng ba di tlhoka.—1 Dikgosi 17:8-16.

Ditiragalo tse di sa bonelwang pele di ka dira gore batho ba humanege ka bonako ba sa lebelela. Dikotsi le malwetse di ka dira gore motho a se ka a bereka ka nakwana kgotsa a se ka a bereka gotlhelele. Mme loso lo ka dira gore batho e nne dikhutsana kgotsa batlholagadi. Tota le maemo ao a a sa itumediseng ga a reye gore Modimo ga a go amogele. Pego ya ga Naomi le Ruthe ke sekai se se kgothatsang sa gore Jehofa o amega ka batho ba ba humanegileng. Le fa Naomi le Ruthe ba ile ba sala ba humanegile fa banna ba bone ba sena go tlhokafala, Jehofa Modimo o ne a ba segofatsa le go ba tlhokomela ka dilo tse ba neng ba di tlhoka.—Ruthe 1:1-6; 2:2-12; 4:13-17.

Go bonala sentle gore fa motho a humanegile seo ga se kaye gore Modimo ga a mo amogele. Ba ba ikanyang Jehofa Modimo ba ka tshepa mafoko a ga Kgosi Dafide a a reng: “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.”—Pesalema 37:25.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Le fa Naomi le Ruthe ba ne ba humanegile, Modimo o ne a ba segofatsa le go ba tlhokomela ka lorato